LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 24 ts. 62-ts. 63 ser. 7
  • Jesu o Rera mo Kgaolong ya Galalea

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Rera mo Kgaolong ya Galalea
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo Jesu a Neng a se Tletse mo Lefatsheng
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • A7-C Ditiragalo Tsa Botlhokwa Tsa Botshelo Jwa ga Jesu mo Lefatsheng—Bodiredi Jwa ga Jesu Kwa Galalea (Karolo 1)
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Go Tlhoafalela Kobamelo ya ga Jehofa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Mesia O ne A Diragatsa Boporofeti
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 24 ts. 62-ts. 63 ser. 7
Petere, Anderea, Jakobe le Johane ba bone Jesu

KGAOLO 24

Jesu O Rera Mo Kgaolong Ya Galalea

MATHAIO 4:23-25 MAREKO 1:35-39 LUKE 4:42, 43

  • JESU LE BARUTWA BA GAGWE BA BANÊ BA RERA MO GALALEA

  • TIRO YA GAGWE YA GO RERA LE DIKGAKGAMATSO TSA GAGWE DI A ANAMA

Jesu le barutwa ba gagwe ba le banê ba fetsa letsatsi lotlhe mo Kaperenama ba dira ka natla. Fa go nna maitseboa, batho ba Kaperenama ba tlisa balwetse kwa go Jesu gore a ba fodise. Jesu o ne a na le nako e nnye fela ya go nna a le esi.

Mo letsatsing le le latelang, Jesu o tsoga go sa ntse go le lefitshwana a bo a tswela kwa ntle. O bona lefelo le le didimetseng le a ka rapelang Rraagwe mo go lone. Le fa go ntse jalo, o nna koo lobaka lo lokhutshwane fela. Fa “Simone le ba ba neng ba na le ene” ba lemoga gore Jesu ga a yo, ba ya go mmatla. Petere a ka tswa a eteletse pele letsholo leno ka gonne Jesu o ne a le kwa legaeng la gagwe.—Mareko 1:36; Luke 4:38.

Fa ba bona Jesu, Petere o mo raya a re: “Mongwe le mongwe o a go batla.” (Mareko 1:37) Go a utlwala go bo batho ba Kaperenama ba batla gore Jesu a nne le bone lobaka. Ba lebogela se Jesu a ba diretseng sone, ka jalo, “ba leka go mo thibela gore a se ka a ba tlogela.” (Luke 4:42) Mme gone, a Jesu o ne a tletse fela mo lefatsheng go tla go dira dikgakgamatso tseo tsa go fodisa batho? A ditiro tsa gagwe di ne di tshwanetse go felela fela mo motseng ono? Jesu ene a reng ka kgang eno?

Jesu o supa motse o o gaufi fa a bua le Petere, Anderea le Johane

Jesu o raya balatedi ba gagwe a re: “A re yeng kwa lefelong le lengwe kwa metseng e e gaufi, gore ke tle ke rere le gone koo ka gonne leno ke lone lebaka la go bo ke tlile.” Mme o raya batho bano ba ba batlang gore a nne le bone lobaka a re: “Ke tshwanetse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo le kwa metseng e mengwe, ka gonne ke rometswe go dira jalo.”—Mareko 1:38; Luke 4:43.

Lebaka le legolo la go bo Jesu a tlile mo lefatsheng ke go rera ka Bogosi Jwa Modimo. Bogosi joo bo tla itshepisa leina la ga Rraagwe e bile bo tla fedisa mathata otlhe a batho. Jesu o bontsha gore o romilwe ke Modimo ka go dira dikgakgamatso tsa go fodisa batho ba ba lwalang. Ka tsela e e tshwanang, Moshe le ene o ile a dira dikgakgamtso di le dintsi go bontsha batho gore o ne a romilwe ke Modimo.—Ekesodo 4:1-9, 30, 31.

Ka jalo, Jesu o tswa mo Kaperenama a bo a ya go rera kwa metseng e mengwe a na le barutwa ba gagwe. Barutwa bao ke Petere le monnawe e bong Anderea ga mmogo le Johane le mogolowe e bong Jakobe. Beke pele ga moo, Jesu o ne a ile a ba laletsa gore ba dire mmogo le ene.

Loeto lwa ga Jesu lwa go rera a na le barutwa ba gagwe kwa Galalea lo a atlega. Tota e bile batho ba ba nnang kwa mafelong a a kgakala ba simolola go utlwa ka ga Jesu. “Pego ka ga gagwe e ne ya anamela kwa Siria yotlhe,” le kwa kgaolong ya metse e e lesome e e bidiwang Dekapolise le ka kwa ga Noka ya Joredane. (Mathaio 4:24, 25) Batho ba le bantsi ba ba nnang mo kgaolong eo le kwa Judea, ba sala Jesu le barutwa ba gagwe morago. Bontsi jwa bone bo tlisa balwetse kwa go ene. Jesu ga a ba swabise, o fodisa batho ba ba lwalang e bile o leleka madimona mo bathong ba ba tsenweng ke madimona.

  • Fa Jesu a sena go dira ka natla letsatsi lotlhe mo Kaperenama, go direga eng mo mosong o o latelang?

  • Goreng Jesu a ile a tla mo lefatsheng, mme dikgakgamatso tse a neng a di dira di bontsha eng?

  • Jesu o tsamaya le bomang fa a ya go rera kwa Galalea, mme batho ba ikutlwa jang ka dilo tse a di dirang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela