LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 25 ts. 64-ts. 65 ser. 6
  • Jesu o Tlhomogela Molepero Pelo A bo A mo Fodisa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Tlhomogela Molepero Pelo A bo A mo Fodisa
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Utlwela Molepero Botlhoko
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Go “Itse Lorato Lwa ga Keresete”
    Atamalana le Jehofa
  • A o Gakologelwa go Leboga?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • O ne a Rata Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 25 ts. 64-ts. 65 ser. 6
Jesu o tshwara molepero yo o neng a obama fa pele ga gagwe

KGAOLO 25

Jesu O Tlhomogela Molepero Pelo A Bo A Mo Fodisa

MATHAIO 8:1-4 MAREKO 1:40-45 LUKE 5:12-16

  • JESU O FODISA MOLEPERO

Fa Jesu le barutwa ba gagwe ba rera mo “disinagogeng tsa mo Galalea yotlhe,” batho ba le bantsi ba utlwalela ka dilo tse di kgatlhang tse Jesu a di dirang. (Mareko 1:39) Pego ya dilo tse a di dirang e fitlha kwa motseng o go nang le monna mongwe yo o tshwerweng ke lepero. Fa Luke a tlhalosa monna yono a re ke “yo o tletseng lepero.” (Luke 5:12) Fa o na le lobaka lo loleele o tshwerwe ke bolwetse jono, bo ka dira gore tsela e o lebegang ka yone e fetoge.

Monna yono o lwala fela thata e bile o tshwanetse go nna kgakala le batho. Mo godimo ga moo, o tshwanetse go goa a re “Boitshekologo, boitshekologo!” fa batho ba le gaufi le ene gore ba se ka ba mo atamela le gore a se ke a ba tshwaetsa. (Lefitiko 13:45, 46) Mme gone, molepero yono ene o dira eng? O ya kwa go Jesu a bo a obama fa pele ga gagwe a mo kopa a re: “Morena, fa e le gore o a batla, o ka mphodisa.”—Mathaio 8:2.

Tota monna yono o na le tumelo! Mme tsela e a lebegang ka yone e utlwisa botlhoko. Jesu o tla dira eng? Wena o ne o ka dira eng? Jesu o mo tlhomogela pelo, ka jalo, o otlolola seatla sa gagwe a bo a mo tshwara. O mo raya a re: “Ke a batla! Fola.” (Mathaio 8:3) Le fa go ka tswa go le thata gore bangwe ba dumele seno, lepero la monna yono le a fola.

A o ka rata go busiwa ke kgosi e e nang le maatla le e e pelotlhomogi jaaka Jesu? Tsela e Jesu a tshwarang molepero yono ka yone e re bontsha gore fa a tla bo a busa lefatshe lotlhe, boporofeti jono jwa Baebele bo tla diragala: “O tla utlwela batho ba maemo a a kwa tlase le bahumanegi botlhoko, e bile o tla boloka matshelo a bahumanegi.” (Pesalema 72:13) Eleruri Jesu o tlile go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya go thusa batho botlhe ba ba bogang.

Gopola gore tota le pele ga Jesu a fodisa molepero yono, batho ba ne ba kgatlhiwa ke molaetsa o a neng a o rera. Mme jaanong ba tla utlwa ka tiragalo eno e e kgatlhang e a sa tswang go e dira. Mme gone, Jesu ga a batle gore batho ba dumele mo go ene fela ka ntlha ya se ba se utlwang. O itse boporofeti jo bo reng “ga a kitla a dira gore lentswe la gagwe le utlwiwe mo mmileng” e le fela gore a galalediwe. (Isaia 42:1, 2) Ka jalo, Jesu o raya molepero yono a re: “O se ka wa bolelela ope mme tsamaya o ye go itshupa kwa moperesiting, o bo o isa setlhabelo sa mpho se Moshe a laetseng gore se ntshiwe.”—Mathaio 8:4.

Mme monna yono o itumetse fela thata mo e leng gore ga a kgone go itshwara. O bolelela batho botlhe ka se se mo diragaletseng. Mme fa batho ba utlwa seno, ba batla go itse mo go oketsegileng ka tiragalo eno. Ka ntlha ya seno Jesu ga a kgone go tsena mo motseng ope a gololesegile, ka jalo o nna mo mafelong a go se nang ope mo go one. Le fa go ntse jalo, batho ba nna ba tla kwa go ene gore a ba rute le gore a ba fodise.

  • Lepero le ka dira gore motho a nne jang, mme molepero o ne a tshwanetse go dira eng?

  • Molepero mongwe o kopa Jesu eng, mme re ka swetsa ka goreng ka tsela e Jesu a mo arabang ka yone?

  • Monna yo o fodisitsweng o tsibogela jang se Jesu a se dirileng, mme seno se ama ba bangwe jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela