LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 27 ts. 68-ts. 69 ser. 6
  • Mathaio o Nna Molatedi wa ga Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mathaio o Nna Molatedi wa ga Jesu
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bidiwa ga ga Mathaio
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Lekgetho—A ke Madi A re A Duelang go “Tlisa Tlhabologo”?
    Tsogang!—2003
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Etsa Modimo ka go Nna Kutlwelobotlhoko Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 27 ts. 68-ts. 69 ser. 6
Bafarasai ba lebile Jesu a ja le bakgethisi le baleofi kwa legaeng la ga Mathaio

KGAOLO 27

Mathaio O Nna Molatedi Wa Ga Jesu

MATHAIO 9:9-13 MAREKO 2:13-17 LUKE 5:27-32

  • JESU O BITSA MATHAIO WA MOKGETHISI GORE A NNE MOLATEDI WA GAGWE

  • KERESETE O JA LE BALEOFI GORE A BA THUSE

Fa Jesu a sena go fodisa monna yo o neng a sa kgone go tsamaya, o nna nakonyana kwa motseng wa Kaperenama o o gaufi le Lewatle la Galalea. Batho ba le bantsi ba tla kwa go ene a bo a simolola go ba ruta. Fa a ntse a tsamaya, o bona Mathaio, yo gape a bidiwang Lefi, a ntse mo ofising ya lekgetho. Jesu o mo raya a re: “Nna molatedi wa me.”—Mathaio 9:9.

Fela jaaka Petere, Anderea, Jakobe le Johane, Mathaio a ka tswa a itse dilo tse Jesu a neng a di ruta le dikgakgamatso tse a ileng a di dira mo kgaolong ya Kaperenama. Mathaio le ene o dumela go nna molatedi wa ga Jesu. O tlhalosa seno mo Efangeleng e a e kwadileng, a re: “Ka yone nako eo, o ne a [Mathaio] ema a bo a mo sala morago.” (Mathaio 9:9) Ka jalo, o tlogela tiro ya gagwe ya bokgethisi a bo a nna morutwa wa ga Jesu.

Jesu o bona Mathaio kwa ofising ya lekgetho a bo a mo laletsa go nna molatedi wa gagwe

Moragonyana Mathaio o dira moletlo kwa ntlong ya gagwe, gongwe e le go bontsha gore o lebogela go bo Jesu a mo tlhophile gore a nne molatedi wa gagwe. Ke bomang ba ba laleditsweng mo moletlong ono kwantle ga ga Jesu le barutwa ba gagwe? Ke batho ba Mathaio a neng a tlwaelane le bone, e leng bakgethisi ba bangwe. Tiro ya bone ke go phutha lekgetho mo bathong ba bo ba le isa kwa pusong ya Roma, mme gone batho ga ba rate puso eno. Bajuda ba ikutlwa jang ka bakgethisi bano? Ga ba ba rate ka gonne ba ba duedisa madi a a kwa godimo a lekgetho e bile ba dira jalo ka boferefere. Gape go na le ‘baleofi’ mo moletlong ono, ba ba neng ba itsege ka go dira dilo tse di maswe.—Luke 7:37-39.

Fa Bafarasai ba ba ipolelang gore bone ba siame ba bona Jesu a le kwa moletlong le batho ba ba ntseng jalo, ba botsa barutwa ba ga Jesu ba re: “Ke ka ntlha yang fa moruti wa lona a ja le bakgethisi le baleofi?” (Mathaio 9:11) Jesu o a ba utlwa a bo a ba raya a re: “Batho ba ba sa lwaleng ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba lwalang ba a e tlhoka. Ka jalo, tsamayang, mme lo ithute gore seno se kaya eng: ‘Ke batla gore lo utlwele batho botlhoko, go na le gore lo nkentshetse setlhabelo.’ Gonne ke tletse go bitsa baleofi, e seng batho ba ba siameng.” (Mathaio 9:12, 13; Hosea 6:6) Bafarasai bano ga ba bue go tswa pelong fa ba bitsa Jesu ba re ke “moruti,” mme gone ba ka ithuta sengwe mo go ene malebana le gore ke eng se se siameng.

Go bonala Mathaio a ile a laletsa bakgethisi le baleofi kwa legaeng la gagwe gore ba tle go reetsa Jesu, “ka gonne bontsi jwa bone ba ne ba mo sala morago.” (Mareko 2:15) O batla gore ba nne ditsala tsa Modimo. Go farologana le Bafarasai ba ba ipolelang gore bone ba siame, Jesu ene ga a a tlhoa batho bano. O ba tlhomogela pelo e bile a ka ba thusa gore ba nne ditsala tsa Modimo.

Jesu o utlwela bakgethisi le baleofi botlhoko, mme gone ga se gore o dumalana le maleo a bone, go na le moo, o ba bontsha bopelonomi jo a neng a bo bontsha batho ba ba neng ba lwala. Ka sekai, o ile a utlwela molepero mongwe botlhoko a bo a mo tshwara a mo raya a re: “Ke a batla! Fola.” (Mathaio 8:3) A le rona ga re a tshwanela go utlwela batho ba bangwe botlhoko le go ba thusa jaaka ene, segolobogolo ka go ba thusa go nna ditsala tsa Modimo?

  • Ke tiro efe e Mathaio a e dirang fa Jesu a mmona?

  • Goreng Bajuda ba bangwe ba tlhoile bakgethisi?

  • Goreng Jesu a ja le baleofi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela