KGAOLO 31
Ba Kgetla Dijo Tsa Ditlhaka Ka Sabata
MATHAIO 12:1-8 MAREKO 2:23-28 LUKE 6:1-5
BARUTWA BA KGETLA DIJO TSA DITLHAKA KA SABATA
JESU KE “MORENA WA SABATA”
Jaanong Jesu le barutwa ba gagwe ba ya kwa bokone kwa ntlheng ya Galalea. Ke paka ya dikgakologo, mme go na le dijo tsa ditlhaka mo masimong. E re ka barutwa ba tshwerwe ke tlala, ba a di kgetla ba bo ba ja. Le fa go ntse jalo, leno ke letsatsi la Sabata, mme Bafarasai ba lebile barutwa fa ba ntse ba dira seno.
Gopola gore bosheng jaana Bajuda bangwe kwa Jerusalema ba ne ba batla go bolaya Jesu, ba mo latofatsa ba re o tlola molao wa Sabata. Jaanong Bafarasai ba tsosa kgang e nngwe gape e e amanang le se barutwa ba se dirileng. Ba raya Jesu ba re: “Bona, barutwa ba gago ba dira se se sa letlelelwang go dirwa ka Sabata.”—Mathaio 12:2.
Bafarasai ba tsaya gore fa motho a kgetla dijo tsa ditlhaka a bo a di fofora ka diatla gore a di je, go tshwana le fa a roba a bo a photha. (Ekesodo 34:21) Tsela ya bone e e feteletseng ya go tlhalosa gore tiro e akaretsa eng, e dira gore molao wa Sabata o nne boima, mme gone kwa tshimologong letsatsi leno le ne le diretswe gore batho ba itumelele go obamela Modimo le go kgothadiwa. Jesu o ba bontsha gore se ba se buang se phoso ka go dirisa dikai tse di bontshang gore Jehofa Modimo o ne a sa ikaelela gore molao wa Gagwe wa Sabata o dirisiwe ka tsela eo.
Sekai sa ntlha se Jesu a buang ka sone ke sa ga Dafide le banna ba gagwe. Fa ba ne ba tshwerwe ke tlala, ba ne ba tsena kwa motlaaganeng ba bo ba ja dinkgwe tse di neelwang Modimo. Dinkgwe tseo, tse di neng di ntshitswe fa pele ga ga Jehofa fa go ne go bewa tse disha, di ne di tshwanetse go jewa ke baperesiti fela. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya maemo a Dafide le banna ba gagwe ba neng ba le mo go one, ga ba a ka ba bonwa molato fa ba di ja.—Lefitiko 24:5-9; 1 Samuele 21:1-6.
Mo sekaing sa bobedi, Jesu o ba raya a re: “A ga lo ise lo bale mo Molaong gore ka Bosabata baperesiti mo tempeleng ba a bereka mme ba bo ba tswelela ba se na molato?” O leka go tlhalosa gore tota le ka Sabata, baperesiti ba tlhaba diphologolo tse di ntshiwang ditlhabelo e bile ba dira ditiro tse dingwe mo tempeleng. O tswelela ka go ba raya a re: “Mme ke a lo bolelela, selo se se botlhokwa go feta tempele se fano.”—Mathaio 12:5, 6; Dipalo 28:9.
Jesu o dirisa Dikwalo gape go gatelela ntlha ya gagwe, a re: “Le fa go ntse jalo, fa lo ka bo lo tlhalogantse bokao jwa temana e e reng, ‘Ke batla gore lo utlwele batho botlhoko go na le gore lo nketshetse setlhabelo,’ lo ka bo lo sa kgala batho ba ba se nang molato.” O konela ka go re: “Gonne Morwa motho ke Morena wa Sabata.” Jesu o bua ka Puso ya gagwe ya dingwaga tse di sekete e e tlang, e go tla bong go rena kagiso mo go yone.—Mathaio 12:7, 8; Hosea 6:6.
Satane ga a bolo go bogisa batho ka go ba dira makgoba mo lefatsheng leno le le tletseng thubakanyo le ntwa. Ruri dilo di tla bo di farologane tota mo pusong ya ga Keresete ya letsatsi le legolo la Sabata, ka gonne o tla re naya nako ya go ikhutsa e re sa bolong go e tlhoka!