KGAOLO 122
Thapelo Ya Bofelo Kwa Phaposing E E Kwa Godimo
DIPHELELO TSA GO ITSE JEHOFA LE MORWAWE
JEHOFA, JESU, LE BARUTWA BA SEOPOSENGWE
E re ka Jesu a rata baaposetoloi ba gagwe thata, o ntse a ba baakanyetsa go tsamaya ga gagwe mo go ntseng go atamela ka bonako. Jaanong o leba kwa legodimong a bo a rapela Rraagwe a re: “Galaletsa morwao gore morwao a tle a go galaletse, fela jaaka o mo neile taolo mo bathong botlhe, gore a tle a neye batho botlhe ba o ba mo neileng botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 17:1, 2.
Go bonala sentle gore Jesu o tsaya go galaletsa Modimo go le botlhokwa thata. Mme gone, tsholofetso e Jesu a buang ka yone ya botshelo jo bo sa khutleng, ruri e a gomotsa! E re ka Jesu a neilwe “taolo mo bathong botlhe,” a ka kgona go naya batho botlhe botshelo jo bo sa khutleng. Mme gone ga se botlhe ba ba tla bonang botshelo joo. Goreng? Ka gonne Jesu o tla segofatsa fela batho ba ba dirang se a se buang fano: “E le gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng ba tshwanetse go go itse, wena Modimo yo o esi wa boammaaruri, e bile ba tshwanetse go itse yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.
Motho o tshwanetse go itse Rara le Morwa ka botlalo le go atamalana thata le bone. O tshwanetse go leba dilo ka tsela e ba di lebang ka yone. Mo godimo ga moo, o tshwanetse go lwela go bontsha dinonofo tsa bone tse di kgatlhang fa a dirisana le ba bangwe. Gape o tshwanetse go lemoga gore lefa go bona botshelo jo bo sa khutleng go le botlhokwa, selo sa botlhokwa thata ke go galalediwa ga leina la Modimo. Jaanong Jesu o boela mo kganyeng eno:
“Ke go galaleditse mo lefatsheng, ka gonne ke weditse tiro e o neng o e nneile gore ke e dire. Jaanong Rara, nkgalaletse fa thoko ga gago ka kgalalelo e ke neng ke na le yone fa ke ne ke sa ntse ke na le wena pele ga lefatshe le nna gone.” (Johane 17:4, 5) Jesu o kopa gore Modimo a mo tsose mo baswing mme a mmusetse kwa kgalalelong e a neng a na le yone kwa legodimong.
Lefa go ntse jalo, Jesu ga a lebale se a se fitlheletseng fa a ntse a dira bodiredi. O rapela jaana: “Ke senoletse batho ba o ba nneileng ba ba tswang mo lefatsheng leina la gago. E ne e le ba gago, mme wa ba nnaya, mme ba ikobetse lefoko la gago.” (Johane 17:6) Jesu o ne a sa bolelele batho fela gore leina la Modimo ke Jehofa. O ne a thusa baaposetoloi ba gagwe go itse se leina leo le se kayang—a ba tlhalosetsa dinonofo tsa Modimo le tsela e a dirisanang le batho ka yone.
Baaposetoloi bano ba itse Jehofa, ba itse seabe sa ga Morwawe le dilo tse Jesu a neng a di ruta. Jesu o bua jaana ka boikokobetso: “Fa ke ne ke ba bolelela mafoko a o a mpoleletseng, ba ne ba a amogela mme jaanong ba a itse gore ke tlile ke le moemedi wa gago, e bile ba dumetse gore o nthomile.”—Johane 17:8.
Go tswa foo Jesu o bua jaana go bontsha gore balatedi ba gagwe ba farologane le batho ba bangwe ka kakaretso: “Ke a ba kopela; ga ke kopele lefatshe, mme ke kopela batho ba o ba nneileng, ka gonne ke ba gago . . . Rara yo o Boitshepo, ba tlhokomele ka ntlha ya leina la gago le o le nneileng, gore ba tle ba nne seoposengwe jaaka re le seoposengwe. . . . Mme ke ba sireleditse, e bile ga go na ope mo go bone yo o sentsweng fa e se morwa tshenyego,” e leng Judase Isekariota, yo o mo letsholong la go rekisa Jesu.—Johane 17:9-12.
Jesu o tswelela a rapela a re: “Lefatshe le ba tlhoile. Ga ke kope gore o ba ntshe mo lefatsheng, mme ke kopa gore o ba sireletse ka ntlha ya ga Satane. Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:14-16) Baaposetoloi le barutwa ba bangwe ba mo lefatsheng, ba mo gare ga batho ba ba busiwang ke Satane, mme gone ba tshwanetse go nna ba ikgaogantse le lefatshe leo le le bosula le ditiro tse di dirwang mo go lone. Ba tshwanetse go dira seo jang?
Ba tshwanetse go ipoloka ba le boitshepo, ba itlhaotse gore ba direle Modimo, mme ba dira seo ka go tshela go dumalana le dithuto tsa boammaaruri tse di mo Dikwalong Tsa Sehebera le tse Jesu a ntseng a di ruta. Jesu o rapela a re: “Ba dire boitshepo ka mafoko a gago; ka gonne mafoko a gago a boammaaruri.” (Johane 17:17) Fa nako e ntse e ya, bangwe ba baaposetoloi bano ba tlile go tlhotlhelediwa go kwala dibuka tse e tla nnang karolo ya “boammaaruri” jo bo tla thusang motho gore a nne boitshepo.
Mme gone fa nako e ntse e ya go tla nna le batho ba bangwe ba ba tla amogelang “boammaaruri.” Ka jalo Jesu “ga a kopele bano fela [ba ba nang le ene foo], mme o kopela le ba ba tla dumelang mo go ene fa ba sena go utlwa molaetsa wa bone.” Ke eng se Jesu a se kopelang batho bano botlhe? A re: “Gore botlhe ba tle ba nne seoposengwe, fela jaaka wena Rara o le seoposengwe le nna, le nna ke le seoposengwe le wena, gore le bone ba tle ba nne seoposengwe le rona.” (Johane 17:20, 21) Jesu le Rraagwe ba seoposengwe ka gonne ba a dumalana mo dilong tsotlhe. Jesu o rapelela gore barutwa ba gagwe le bone ba nne seoposengwe ka tsela eo.
Nakonyana pele ga moo, Jesu o ne a boleletse Petere le ba bangwe gore o a tsamaya go ya go ba baakanyetsa lefelo, a raya gore o ya go ba baakanyetsa lefelo kwa legodimong. (Johane 14:2, 3) Jaanong Jesu o boela mo kgannyeng eo fa a ntse a rapela. A re: “Rara, ke batla gore batho ba o ba nneileng ba nne le nna kwa ke leng teng, gore ba tle ba bone kgalalelo ya me e o e nneileng, ka gonne o nthatile pele ga batho ba bopiwa.” (Johane 17:24) Ka jalo, o tlhomamisa gore bogologolo—pele ga Adame le Efa ba tshola bana—Modimo o ne a ntse a rata Morwawe yo o tshotsweng a le esi, yo o ileng a nna Jesu Keresete.
Jesu o konela thapelo ya gagwe ka go gatelela gape leina la ga Rraagwe le lorato lo Modimo a ratang baaposetoloi ka lone le batho ba bangwe ba ba tla amogelang “boammaaruri,” a re: “Ke ba rutile ka ga leina la gago e bile ke tla tswelela ke dira jalo, gore ba rate batho ba bangwe fela jaaka o nthata le gore ke nne ke le seoposengwe le bone.”—Johane 17:26.