LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • od kgao. 3 ts. 17-23
  • “Gakologelwang ba ba Etelelang Pele mo Gare ga Lona”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Gakologelwang ba ba Etelelang Pele mo Gare ga Lona”
  • Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO LEMOGA GORE “MOTLHANKA YO O BOIKANYEGO LE YO O BOTLHALE” KE MANG
  • GORENG RE TSHWANETSE GO ‘GAKOLOGELWA BA BA ETELELANG PELE’?
  • KAFA RE BONTSHANG KA TENG GORE RE IKANYA PHUTHEGO YA MODIMO
  • “Tota Motlhanka yo o Boikanyego Le yo O Botlhale ke Mang?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Ba ‘Nna ba Sala Kwana Morago’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Motlhanka” yo o Boikanyego e Bile a le Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Molebedi yo o Boikanyego le Setlhopha sa Gagwe se se Laolang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
od kgao. 3 ts. 17-23

KGAOLO 3

“Gakologelwang ba ba Etelelang Pele mo Gare ga Lona”

MAFOKO ano a ga moaposetoloi Paulo a a mo go Bahebera 13:7, a ka ranolwa gape jaana: “Gakologelwang ba e leng babusi ba lona.” Go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E go ya pele, baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Morena Jesu Keresete ba ne ba diragatsa seabe seno e le setlhopha se se laolang, se se neng se etelela pele mo go kaeleng phuthego ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhomiwa. (Dit. 6:2-4) Mo e ka nnang ka ngwaga wa 49  C.E., setlhopha seo se se laolang se ne se setse se akaretse le batho ba bangwe ba e seng baaposetoloi ba ga Jesu. Fa go ne go dirwa tshwetso ka kgang ya go rupa, setlhopha se se laolang se ne se akaretsa ‘baaposetoloi le bagolwane ba kwa Jerusalema.’ (Dit. 15:1, 2) E ne e le boikarabelo jwa bone go sekaseka dikgang tse di amang Bakeresete botlhe. Ba ne ba romela makwalo le ditaelo kwa diphuthegong, mme dilo tseno tsotlhe di ne di nonotsha diphuthego e bile di dira gore barutwa ba tswelele ba le seoposengwe mo mogopolong le mo tseleng e ba dirang dilo ka yone. Diphuthego di ne di ikobela kaelo ya setlhopha se se laolang mme ka ntlha ya seno, Jehofa o ne a di segofatsa e bile di ne di gola.—Dit. 8:1, 14, 15; 15:22-31; 16:4, 5; Baheb. 13:17.

2 Fa baaposetoloi ba sena go swa, go ne ga simologa botlhanogi jo bogolo. (2 Bathes. 2:3-12) Fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele mo setshwantshong sa korong le mefero, mofero (Bakeresete ba maaka) o ne wa jalwa mo gare ga korong (Bakeresete ba ba tloditsweng). Go ralala makgolokgolo a dingwaga, ditlhopha tseno di ne tsa tlogelwa gore di gole mmogo go fitlha ka nako ya thobo, e leng “bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.” (Math. 13:24-30, 36-43) Mo nakong eno, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tswelela ba itumelela go amogelwa ke Jesu, mme go ne go se na setlhopha se se laolang kgotsa thulaganyo e e tlhomameng mo lefatsheng e Jesu a neng a e dirisa go kaela balatedi ba gagwe. (Math. 28:20) Le fa go ntse jalo, o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna le phetogo ka nako ya thobo.

3 “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang?” Jesu Keresete o ne a dira setshwantsho ka potso eo, e le karolo ya “sesupo” se a neng a se umaka malebana le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Math. 24:3, 42-47) Jesu o ile a bontsha gore motlhanka yono yo o boikanyego o ne a tla bo a tshwaregile thata ka go abela batho ba Modimo dijo “ka nako e e tshwanetseng.” Fela jaaka Jesu a ile a dirisa setlhopha sa banna—e seng motho a le mongwe—go etelela pele mo lekgolong la ntlha la dingwaga, motlhanka yo o boikanyego yo Jesu a mo dirisang mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, ga se motho a le mongwe.

GO LEMOGA GORE “MOTLHANKA YO O BOIKANYEGO LE YO O BOTLHALE” KE MANG

4 Jesu o ne a tlhoma mang gore a fepe balatedi ba gagwe? Go a tshwanela gore o ne a tla dirisa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng. Baebele e ba bitsa “boperesiti jwa segosi” mme ba tlhomilwe gore ba “‘bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe’ tsa yo o neng a [ba] bitsa mo lefifing a [ba] isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.” (1 Pet. 2:9; Mal. 2:7; Tshen. 12:17) A batlodiwa botlhe ba ba mo lefatsheng ke motlhanka yo o boikanyego? Nnyaa. Fa Jesu a ne a fepa ka tsela ya kgakgamatso boidiidi jwa banna ba ka nna 5 000 ka dijo, go sa balwe basadi le bana ba bannye, o ne a di naya barutwa ba gagwe mme bone ba di abela boidiidi. (Math. 14:19) O ne a fepa ba le bantsi a dirisa ba le mmalwa. Le gompieno, o aba dijo tsa tshwantshetso ka tsela e e tshwanang.

5 Ka jalo, “molebedi yo o boikanyego, yo o botlhale,” o dirilwe ka setlhopha se sennye sa bakaulengwe ba ba tloditsweng ba ba nnang le seabe ka tlhamalalo mo go rulaganyeng dijo tsa tshwantshetso tse di nonotshang tumelo ya rona le go di aba mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete. (Luke 12:42) Mo metlheng ya bofelo, bakaulengwe ba ba tloditsweng ba e leng “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” ba ntse ba dira mmogo kwa ntlokgolo. Gompieno, bakaulengwe bano ba ba tloditsweng ba bopa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.

6 Keresete o dirisa setlhopha seno go gatisa tshedimosetso e e buang ka go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele le go re naya kaelo e e tlang ka nako e e tshwanetseng, e e re bontshang gore re ka dirisa jang melaometheo ya Baebele mo matshelong a rona. Dijo tseno di abiwa go dirisiwa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. (Isa. 43:10; Bagal. 6:16) Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, motlhanka kgotsa molebedi yo o neng a ikanngwa, e ne e le ene a tlhokomelang ntlo. Ka tsela e e tshwanang, motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o neilwe boikarabelo jwa go tlhokomela ba ntlo ya tumelo. Ka jalo, gape motlhanka yo o boikanyego o okamela dithoto, tiro ya go rera, dikopano tse dinnye le tse dikgolo, go tlhomiwa ga balebedi gore ba direle mo dikarolong tse di farologaneng mo phuthegong ya Modimo le go gatisiwa ga dikgatiso tsa Baebele, mme seno sotlhe se solegela “ba ntlo” molemo.—Math. 24:45.

7 Mme gone, “ba ntlo” ke bomang? Fa re bua ka tlhamalalo fela, ke ba ba fepiwang. Kwa tshimologong, botlhe ba e leng ba ntlo e ne e le batlodiwa. Moragonyana boidiidi jo bogolo jwa “dinku tse dingwe” bo ne jwa akarediwa mo go ba ntlo. (Joh. 10:16) Ditlhopha tseno tse pedi di fepiwa ka dijo tse ba di abelwang ke motlhanka yo o boikanyego.

8 Ka nako ya pitlagano e kgolo, fa Jesu a tla go bolela katlholo phatlalatsa le go e diragatsa mo tsamaisong eno e e boikepo, o tla tlhoma motlhanka yono yo o boikanyego “gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.” (Math. 24:46, 47) Ba e leng karolo ya motlhanka yo o boikanyego, ba tla amogela tuelo ya bone ya kwa legodimong. Bone mmogo le ba bangwe ba e leng karolo ya 144 000 ba tla busa mmogo le Keresete kwa legodimong. Le fa gone go tla bo go sa tlhole go na le motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale mo lefatsheng, Jehofa le Jesu ba tla nna ba kaela babusiwa ba mo lefatsheng ba Bogosi Jwa ga Mesia ba dirisa ba ba tlhomilweng go direla e le “dikgosana.”—Pes. 45:16.

GORENG RE TSHWANETSE GO ‘GAKOLOGELWA BA BA ETELELANG PELE’?

9 Go na le mabaka a le mantsi a go bo re tshwanetse go ‘gakologelwa ba ba etelelang pele’ le go bontsha gore re a ba ikanya. Ke eng fa go dira seno go re solegela molemo? Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang; gore ba dire jalo ka boipelo mme e seng ka go fegelwa, gonne seno se ne se tla lo gobatsa.” (Baheb. 13:17) Go botlhokwa thata gore re nne kutlo re bo re ikobele kaelo ya ba ba etelelang pele ka gonne ba lebeletse meya ya rona ka boikaelelo jwa gore re nne re sireletsegile le gore re nne re nonofile mo tumelong.

10 Paulo o ile a tlhalosa jaana jaaka go kwadilwe mo go 1 Bakorintha 16:14: “A merero ya lona yotlhe e diragale ka lorato.” Ditshwetso tse di dirwang tse di amang batho ba Modimo di theilwe mo nonofong eno e e botlhokwa, e leng lorato. Fa 1 Bakorintha 13:4-8 e bua ka lorato ya re: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri. Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.” E re ka ditshwetso tsotlhe tse di dirwang gore di solegele batlhanka ba ga Jehofa molemo di theilwe mo loratong, re na le mabaka a a utlwalang a go ikanya kaelo e e ntseng jalo. Mo godimo ga moo, seno se bontsha kafa Jehofa a ratang batho botlhe ba gagwe ka teng.

Go botlhokwa thata gore re ikobele ba ba nnang ba re lebeletse ka boikaelelo jwa gore re nne re nonofile mo tumelong

11 Fela jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, le gompieno Jehofa o dirisa banna ba ba sa itekanelang go kaela batho ba gagwe. Mme le mo motlheng wa bogologolo, o ile a dirisa batho ba ba sa itekanelang gore ba dire thato ya gagwe. Noa o ne a aga araka a bo a rera ka tshenyego e e neng e tla ya mo motlheng wa gagwe. (Gen. 6:13, 14, 22; 2 Pet. 2:5) Moshe o ne a tlhomilwe gore a etelele pele batho ba ga Jehofa go tswa mo lefatsheng la Egepeto. (Ekes. 3:10) Banna ba ba sa itekanelang ba ne ba tlhotlhelediwa go kwala Baebele. (2 Tim. 3:16; 2 Pet. 1:21) Go bo gompieno Jehofa a dirisa banna ba ba sa itekanelang go kaela tiro ya go rera le go dira barutwa, ga go dire gore re se ka ra tlhola re ikanya phuthego ya Modimo. Go na le moo, re a nonofa ka gonne re itse gore fa Jehofa a sa eme phuthego ya gagwe nokeng, ga e ka ke ya kgona go fitlhelela sotlhe se e se dirang. Mathata le maitemogelo a motlhanka yo o boikanyego a nnileng le one, a bontsha gore moya wa Modimo o kaela tsela e a dirang dilo ka yone. Gompieno karolo e e bonalang ya phuthego ya ga Jehofa e ile ya amogela masego a mantsi. Ka jalo, re e ema nokeng e bile re e ikanya ka pelo yotlhe.  

KAFA RE BONTSHANG KA TENG GORE RE IKANYA PHUTHEGO YA MODIMO

12 Ba ba newang maikarabelo mo phuthegong ba bontsha gore ba a e ikanya ka go amogela maikarabelo a bone ka boipelo le go a diragatsa ka boikanyegi. (Dit. 20:28) E re ka re le baboledi ba Bogosi, re nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo, re dira maeto a go boela e bile re tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele. (Math. 24:14; 28:19, 20) E le gore re solegelwe molemo ka botlalo ke letlepu la dijo tse re di abelwang ke motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, re baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete sentle le go nna gone kwa go tsone, go akaretsa dikopano tse dinnye le tse dikgolo. Re solegelwa molemo thata ke go kgothatsana fa re kopane le bakaulengwe ba rona kwa dikokoanong tseno tsa Bokeresete.—Baheb. 10:24, 25.

13 Fa re ema nokeng phuthego ya Modimo ka dilo tse re nang le tsone, re bontsha gore re a e ikanya. (Dia. 3:9, 10) Fa re bona bakaulengwe ba rona ba tlhoka, re tsaya kgato ka bonako go ba thusa. (Bagal. 6:10; 1 Tim. 6:18) Re dira jalo ka gonne re rata bakaulengwe ba rona, ka metlha re nna re ntshitse matlho dinameng gore re bone ditshono tse ka tsone re ka bontshang Jehofa le phuthego ya gagwe gore re anaanela melemo e a re direlang yone.—Joh. 13:35.

14 Gape re bontsha gore re ikanya phuthego ya Modimo ka go ema ditshwetso tsa yone nokeng. Seno se akaretsa go ikobela kaelo ya ba ba neilweng maikarabelo a go okamela, ba ba jaaka balebedi ba potologo le bagolwane ba phuthego. Bakaulengwe bano ba akarediwa mo go “ba ba etelelang pele,” ba re tshwanetseng go nna kutlo mo go bone le go ba ikobela. (Baheb. 13:7, 17) Le fa gone re sa tlhaloganye ka botlalo mabaka a go bo go dirilwe ditshwetso dingwe, re a itse gore go di ikobela go tla re solegela molemo go ya go ile. Ka ntlha ya seno, Jehofa o a re segofatsa ka gonne re ikobela Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe. Ka go dira jalo, re a bo re bontsha gore re ikobela Mong e bong Jesu Keresete.

15 Eleruri, re na le mabaka a a utlwalang a go ikanya motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Satane yo e leng modimo wa tsamaiso eno ya dilo, o leka ka bojotlhe go tlisa kgobo mo leineng la ga Jehofa le phuthego ya Gagwe. (2 Bakor. 4:4) O se ka wa tsiediwa ke maano a a boikepo a ga Satane! (2 Bakor. 2:11) O a itse gore o saletswe fela ke “lobaka lo lokhutshwane lwa nako” pele ga a latlhelwa mo moleteng, mme o ikemiseditse go dira ka mo a ka kgonang ka teng go faposa batho ba ga Jehofa ba le bantsi. (Tshen. 12:12) Le fa go ntse jalo, fa Satane a ntse a tiisa maiteko a gagwe, e kete re ka atamalana thata le Jehofa. E kete re ka ikanya Jehofa le thulaganyo e a e dirisang go kaela batho ba gagwe gompieno. Fa re dira jalo, go nna le bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jo bo seoposengwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela