KGAOLO 15
Melemo ya go Ikobela Thulaganyo ya Modimo ya Botlhogo
GO BOTLHOKWA gore re ikobele Modimo, Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, fa e le gore re batla go rulaganyediwa go dira thato ya ga Jehofa. Re amogela gore Morwawe ke tlhogo ya phuthego ya Bokeresete mme gape re ikobela molaomotheo wa botlhogo mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo. Thulaganyo eno e e tlhomilweng ke Modimo e solegela mongwe le mongwe yo o amegang molemo.
2 Kgang ya go ikobela bolaodi jo bo tlhomilweng e ne ya simologa kwa tshimong ya Edene. E akareditswe mo ditaelong tsa Modimo tse di mo go Genesise 1:28 le 2:16, 17. Diphologolo di ne di tshwanetse go ikobela batho, mme Adame le Efa bone ba ne ba tshwanetse go dira thato ya Modimo le go ikobela bolaodi jwa gagwe. Go ikobela bolaodi jono jwa Modimo go ne go tla felela ka kagiso le tolamo. Moragonyana, molaomotheo wa go nna tlhogo o ne wa tlhalosiwa mo go 1 Bakorintha 11:3. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Ke batla gore lo itse gore tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” Seno se bontsha gore mo thulaganyong eno mongwe le mongwe, kwantle ga ga Jehofa, o na le mongwe yo a tshwanetseng go mo ikobela.
3 Batho ba le bantsi gompieno ga ba tseye tsia kgotsa ga ba ikobele molaomotheo ono wa go nna tlhogo. Ka ntlha yang? Bothata bo ne jwa simologa kwa Edene fa batsadi ba rona ba ne ba tlhopha go se ikobele bolaodi jwa Modimo ka boomo. (Gen. 3:4, 5) Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba nna le kgololesego e e oketsegileng. Go na le moo, ba ne ba nna makgoba a sebopiwa se se boikepo sa moya, e leng Satane Diabolo. Botsuolodi joo jwa ntlha bo ne jwa dira gore batho ba tlhobogane le Modimo. (Bakol. 1:21) Ka ntlha ya seo, gompieno bontsi jwa batho ba sa ntse ba laolwa ke yo o boikepo.—1 Joh. 5:19.
4 Ka ntlha ya go ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo le go dira tumalanong le jone, ga re tlhole re le ka fa tlase ga tlhotlheletso ya ga Satane. E re ka re le Basupi ba ba ineetseng le go kolobediwa, re tsaya Jehofa e le ene Molaodimogolo wa rona. Re dumalana le Kgosi Dafide, yo o neng a tsaya Jehofa e le “tlhogo ya botlhe.” (1 Ditir. 29:11) Re bua jaana ka boikokobetso: “Itseng gore Jehofa ke Modimo. Ke ene a re dirileng, e seng rona ka borona. Re batho ba gagwe le dinku tsa mafulo a gagwe.” (Pes. 100:3) Re dumela gore Jehofa o mogolo e bile ke ene yo re tshwanetseng go mo ikobela ka botlalo, ka gonne o bopile dilo tsotlhe. (Tshen. 4:11) E re ka re le badiredi ba Modimo wa boammaaruri, re etsa Jesu Keresete, yo o re tlhometseng sekao se se molemo sa go ikobela Modimo.
5 Jesu o ile a ithuta eng mo dipogong tse a ileng a lebana le tsone fa a le mo lefatsheng? Bahebera 5:8 e araba jaana: “Le mororo e ne e le Morwa, o ne a ithuta kutlo mo dilong tse a neng a di boga.” Eleruri Jesu o ile a ikobela Rraagwe wa kwa legodimong, tota le fa a ne a bogisiwa. Mo godimo ga moo, ga a ka a dira sepe ka boene fela. O ne a sa bue dilo tse di tswang mo go ene; e bile o ne a sa ipatlele kgalalelo. (Joh. 5:19, 30; 6:38; 7:16-18) Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, o ne a itumelela go dira thato ya ga Rraagwe, tota le fa seno se ne se dira gore a ganediwe le go bogisiwa. (Joh. 15:20) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ikobela Modimo. O ne a “ikokobetsa” le e leng go ya ‘losong, mo koteng ya tlhokofatso.’ Go ne ga nna le melemo e le mentsi ka go bo a ile a ikobela Jehofa ka botlalo mme seo se ne sa felela ka gore batho ba bone poloko ya bosakhutleng, sa dira gore a tlotlomadiwe le gore Rraagwe a galalediwe.—Bafil. 2:5-11; Baheb. 5:9.
DIKAROLO TSA BOTLHOGO
6 Fa re ikobela Modimo ka go dira thato ya gagwe, re tila bontsi jwa ditlhobaelo le dilo tse di swabisang tse di tlhagelang batho ba ba ganang go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa. Mmaba wa rona Diabolo, o nna a ntse a batla go re kometsa. Re tla gololwa mo go yo o boikepo fa fela re ema re nitame kgatlhanong le ene le fa re ikokobeletsa Jehofa ka go rata.—Math. 6:10, 13; 1 Pet. 5:6-9.
7 Mo phuthegong ya Bokeresete, re dumela gore Keresete ke tlhogo e bile re amogela gore o neile “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” taolo. Seno se ama kamano ya rona le ba bangwe le tsela e re tshwaranang ka yone. Go ikobela thulaganyo ya Modimo ya botlhogo mo phuthegong go tla re tlhotlheletsa go ikobela Lefoko la gagwe mo dikarolong tsotlhe tsa kobamelo ya rona. Seno se akaretsa bodiredi jwa rona, go nna gone kwa dipokanong le go nna le seabe mo go tsone, kamano ya rona le bagolwane le go ikobela dithulaganyo tsa phuthego ya Modimo.—Math. 24:45-47; 28:19, 20; Baheb. 10:24, 25; 13:7, 17.
8 Fa re ikobela Modimo, phuthego ya Bokeresete e tla nna le kagiso, tshireletsego le thulaganyo. Dinonofo tsa ga Jehofa di bonala mo batlhankeng ba gagwe. (1 Bakor. 14:33, 40) Maitemogelo a re nnileng le one fa re ntse re le mo phuthegong ya ga Jehofa a dirile gore re ikutlwe ka tsela e Kgosi Dafide a neng a ikutlwa ka yone. Fa Dafide a sena go lemoga pharologano gareng ga batlhanka ba ga Jehofa le batho ba ba boikepo, o ne a bua jaana ka boipelo: “Go itumela setshaba se Modimo wa sone e leng Jehofa!”—Pes. 144:15.
9 Mo lenyalong le mo lelapeng, ‘tlhogo ya mosadi ke monna.’ Banna bone ba tshwanetse go ikobela Keresete, mme Keresete ene tlhogo ya gagwe ke Modimo. (1 Bakor. 11:3) Basadi ba ba nyetsweng ba tshwanetse go ikobela banna ba bone mme bana bone ba tshwanetse go ikobela batsadi ba bone. (Baef. 5:22-24; 6:1) Fa mongwe le mongwe a ikobela molaomotheo ono wa botlhogo, go nna le kagiso mo lelapeng.
10 Monna o tshwanetse go etsa Keresete ka go etelela pele ka lorato. (Baef. 5:25-29) Fa a sa gatelele mosadi le bana e bile a sa itlhokomolose boikarabelo jwa gagwe jwa go nna tlhogo, seo se dira gore mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba itumelele go mo ikobela. Seabe sa mosadi ke go nna mothusi kgotsa motlatsi. (Gen. 2:18) Fa a ema monna wa gagwe nokeng ka bopelotelele e bile a mo tlotla, o tla dira gore monna a mo rate le gore Modimo a galalediwe. (1 Pet. 3:1-4) Fa banna le basadi ba latela kgakololo ya Baebele e e malebana le botlhogo, ba tlhomela bana ba bone sekao sa go ikobela Modimo.
Go ikobela thulaganyo ya Modimo ya botlhogo go ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa rona
11 Gape go ikobela Modimo go akaretsa tsela e re lebang “balaodi ba bagolo” ka yone, ba ba ‘tlhomilweng ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng.’ (Bar. 13:1-7) E re ka Bakeresete e le baagi ba ba ikobelang molao, ba duela makgetho, ba duela “Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Math. 22:21) Gape re dirisa tshedimosetso e re e tsayang mo bathong go dumalana le melao ya naga. Fa re ikobela taolo ya balaodi mo go sengwe le sengwe se se sa thulaneng le molao o o siameng wa ga Jehofa, re tla kgona go dirisa maatla a rona le nonofo ya rona mo tirong ya go rera.—Mar. 13:10; Dit. 5:29.
12 Go ikobela thulaganyo ya Modimo ya botlhogo go ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa rona. Ka leitlho la mogopolo, re kgona go bona letsatsi le ka lone batho botlhe ba tla bong ba ikobela Jehofa Modimo. (1 Bakor. 15:27, 28) Ruri Jehofa o tla segofatsa le go amogela batho ba ba ikobelang bolaodi jwa gagwe e bile ba tswelela ba mo ikobela ka bosakhutleng!