LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • od ts. 165-ts. 184
  • Dintlha Tse di Oketsegileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dintlha Tse di Oketsegileng
  • Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kolobetso le Kamano ya Gago le Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Dilo Tse Ditlotliwang Kwa Bofelong le ba ba Yang Kolobetsong
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Kolobetso e Botlhokwa Thata
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • A Basha ba Tshwanetse go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
od ts. 165-ts. 184

Dintlha Tse di Oketsegileng

Molaetsa go Batsadi ba Bakeresete:

E re ka o le motsadi, keletso ya gago ke go thusa bana ba gago gore ba rate Jehofa le go ineela mo go ene. Ke eng se o ka se dirang go ba thusa go ipaakanyetsa go kolobediwa? Ke leng ba tla bong ba siametse go tsaya kgato eno e e botlhokwa?

Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse.” (Math. 28:19) Go ya ka taelo eno, selo sa konokono se se tlhokegang gore motho a kolobediwe ke gore e nne morutwa, ga a tshwanela go bo a tlhaloganya le go dumela dithuto tsa ga Keresete fela mme gape o tshwanetse go di latela gaufiufi. Seno ke se tota le bana ba bannye ba ka kgonang go se dira.

Tlhomela bana ba gago sekao se se molemo, mme o jalele dithuto tsa ga Jehofa mo go bone. (Dute. 6:6-9) Seno se akaretsa go dirisa tshedimosetso e e mo bukeng ya Baebele e re Ruta Eng? le ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo” go ba ruta dithuto tsa motheo tsa Baebele le go ba thusa go nna le bokgoni jwa go tlhalosa le go tshela ka melaometheo ya Baebele. Thusa bana ba gago gore ba kgone go tlhalosa se ba se dumelang ka mafoko a bone. (1 Pet. 3:15) Kitso le kgothatso e ba tla e amogelang mo go wena, ka nako ya fa ba ithuta ba le nosi, ka nako ya kobamelo ya lelapa, kwa dipokanong le mo ditsaleng tse di molemo, e tla ba thusa go gatela pele gore ba tshwanelegele go kolobediwa e bile e tla ba thusa le fa ba sena go kolobediwa. Ba kgothaletse go ipeela mekgele e e tla dirang gore ba kgone go direla Jehofa ka botlalo.

Diane 20:11 ya re: “Mosimane [kgotsa ngwana] o dira gore a lemogiwe ka ditiro tsa gagwe gore a tiro ya gagwe e itshekile e bile e thokgame.” Ke ditiro dife tse di ka bontshang gore ngwana, e ka ne e le mosimane kgotsa mosetsana, e setse e le morutwa wa ga Jesu Keresete le gore o setse a siametse go kolobediwa?

Ngwana yo o tshwanelegang go kolobediwa o tshwanetse a bo a utlwa batsadi ba gagwe. (Dit. 5:29; Bakol. 3:20) Fa Baebele e bua ka Jesu fa a ne a le dingwaga di le 12, ya re: “A tswelela a le mo taolong ya [batsadi ba gagwe].” (Luke 2:51) Gone ke boammaaruri gore ngwana wa gago o tla dira diphoso. Mme gone, ngwana yo o eletsang go kolobediwa o tla leka ka natla go latela sekao sa ga Jesu e bile o tla itsege e le motho yo o ikobelang batsadi ba gagwe.

Gape o tla bontsha gore o kgatlhegela go ithuta boammaaruri jwa Baebele. (Luke 2:46) A ngwana wa gago o rata go nna gone kwa dipokanong le go nna le seabe mo go tsone? (Pes. 122:1) A o rata go bala Baebele le go ithuta a le nosi ka metlha?—Math. 4:4.

Ngwana yo o batlang go kolobediwa o leka go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. (Math. 6:33) O itse boikarabelo jwa gagwe jwa go rera dikgang tse di molemo. O nna le seabe mo dikarolong tse di farologaneng tsa bodiredi e bile ga a tlhabisiwe ditlhong ke gore barutabana ba gagwe le ba a tsenang sekolo le bone ba itse gore ke Mosupi wa ga Jehofa. O tsaya masisi dikabelo tse a di newang mo Pokanong ya Botshelo le Bodiredi.

Gape o tla leka ka natla gore a nne a le phepa mo boitsholong ka go tila go itsalanya le batho ba ba bosula. (Dia. 13:20; 1 Bakor. 15:33) Seno se tla bonala ka mmino o a o ratang, di-movie, dithulaganyo tsa thelebishene, metshameko ya ileketeroniki le tsela e a dirisang Internet ka yone.

Ba le bantsi ba ba bontsha gore ba lebogela maiteko a batsadi ba bone ba a dirileng, ka go rata boammaaruri mme ba bo ba tshwanelegela go kolobediwa ba sa ntse ba le basha. E kete Jehofa a ka go segofatsa fa o ntse o thusa bana ba gago go fitlhelela mokgele ono wa botlhokwatlhokwa o o ba thusang gore ba tswelele ba na le kamano e e molemo le Jehofa.

Molaetsa go Mmoledi Yo o Sa Kolobediwang:

Ke tshiamelo e e molemo tota go direla o le mmoledi yo o sa kolobediwang mo phuthegong. O tshwanelwa ke go akgolelwa tsela e o ileng wa gatela pele ka yone fa o ntse o direla Modimo. O kgonne go itse Modimo ka go ithuta Lefoko la gagwe e bile o bontshitse gore o dumela ditsholofetso tsa gagwe.—Joh. 17:3; Baheb. 11:6.

Pele ga o simolola go ithuta le Basupi ba ga Jehofa, gongwe o ne o le leloko la mokgatlho mongwe wa bodumedi kgotsa o ka tswa o ne o se leloko la bodumedi bope. Gongwe o ka tswa o ne o dira dilo dingwe tse di sa dumalaneng le melaometheo ya Baebele. Mme jaanong o bontshitse tumelo ka go ikwatlhaya, e leng se se rayang gore o ile wa swabela diphoso tse o di dirileng mo nakong e e fetileng. Gape o bontshitse tumelo ka go sokologa, e leng se se rayang gore o fetotse tsela e o neng o tshela ka yone pele mme jaanong o ikemiseditse go dira se se siameng mo matlhong a Modimo.—Dit. 3:19.

Gongwe o itsile mekwalo e e boitshepo “go tswa boseeng,” ka jalo, o ne wa tila go dira ditiro tse di sa tshwaneleng Bakeresete e bile o ne wa tila go dira diphoso tse di masisi. (2 Tim. 3:15) O ithutile go gana tlhotlheletso ya balekane le dilo tse dingwe tse di ka go tlhotlheletsang go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. O bontshitse tumelo ka go nna o nitame mo kobamelong ya boammaaruri le ka go bolelela ba bangwe se o se dumelang. O ne wa thapisediwa bodiredi jwa Bokeresete. Mme jaanong o dirile tshwetso ya go direla Jehofa o le mmoledi yo o sa kolobediwang.

Le fa o ka tswa o ithutile ka Jehofa o setse o godile kgotsa o ithutile ka ene go tswa boseeng, gone jaanong o ka tswa o akanyetsa go tsaya dikgato tse dingwe tse di botlhokwa, tse di bontshang gore o batla go direla Modimo, e leng go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa. O ineela mo go Jehofa ka go bua le ene ka thapelo o mmolelela gore o dirile tshwetso ya gore o batla go mo direla ka bosakhutleng. (Math. 16:24) Mme go tswa foo, o bontsha boineelo joo ka go kolobediwa mo metsing. (Math. 28:19, 20) Fa o sena go ineela le go kolobediwa, o nna modiredi wa ga Jehofa Modimo yo o tlhomilweng semolao. A tshiamelo e e molemo ruri!

Le fa go ntse jalo, jaaka o ithutile mo Baebeleng, fa o se na go tsaya kgato eno o ka lebana le dikgwetlho tse di farologaneng. Se lebale gore ka bonako fela fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne “a gogelwa ke moya kwa nageng go ya go raelwa ke Diabolo.” (Math. 4:1) Fa o sena go kolobediwa go nna morutwa wa ga Keresete, o tla lebana le diteko tse dingwe. (Joh. 15:20) Di tla tla ka ditsela tse di farologaneng. O ka nna wa ganediwa ke ba lelapa la gago. (Math. 10:36) O ka nna wa sotlwa ke ba o tsenang sekolo le bone, badiri ka wena le batho ba e kileng ya bo e le ditsala tsa gago. Le fa go ntse jalo, ka metlha nna o gopotse mafoko ano a ga Jesu a a mo go Mareko 10:29, 30: “Ammaaruri ke a lo raya, ga go ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa bomorwarraagwe kgotsa bomorwadiarraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa rraagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo yo o se kitlang a bona go menagane ga lekgolo jaanong mo lobakeng lono lwa nako, matlo le bomorwarraagwe le bomorwadiarraagwe le bommaagwe le bana le masimo, di na le dipogiso, mme mo tsamaisong e e tlang ya dilo, botshelo jo bo sa khutleng.” Ka jalo, tswelela o dira ka natla gore o nne o atamalane le Jehofa le go tshela go ya ka melao ya gagwe e e siameng.

Fa o batla go kolobediwa, itsise morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane. Dipotso tse di latelang morago ga molaetsa ono ke tsone tse bagolwane ba tla tlotlang le wena ka tsone gore ba bone gore a o tshwanelega go kolobediwa. O ka nna wa simolola go di sekaseka o le nosi e le karolo ya thulaganyo ya thuto ya gago ya ka metlha.

Fa o baakanyetsa metlotlo eno, iphe nako ya go bala le go akanya ka Ditemana tse di nopotsweng. O ka nna wa rata go ikwalela dintlha mo bukeng eno kgotsa golo gongwe. O ka nna wa di dirisa fa o tlotla le bagolwane e bile o gololesegile go bula buka eno ya gago fa lo ntse lo tlotla. Fa o sa tlhaloganye potso nngwe, ikutlwe o gololesegile go kopa thuso mo mothong yo o go rutang Baebele kgotsa mo bagolwaneng.

Fa o ntse o tlotla le bagolwane, o se ka wa akanya gore dikarabo tsa gago di tshwanetse go nna ditelele kgotsa di tshwanetse go raraana. O tlhoka fela go araba karabo e e sa raraanang, le e e opang kgomo lonaka. Mo dipotsong tse dintsi tse o tla di bodiwang, go ka nna molemo gore o umake temana e le nngwe kgotsa di le pedi tsa Baebele tse di bontshang gore karabo ya gago e theilwe mo Dikwalong.

Fa e le gore ga o ise o nne le kitso e e lekaneng ya dithuto tsa motheo tsa Baebele, bagolwane ba tla dira dithulaganyo tsa gore o thusiwe e le gore o kgone go tlhalosa ka mafoko a gago tsela e e tshwanetseng ya go tlhaloganya Dikwalo gore o tle o tshwanelegele go kolobediwa mo nakong e e tlang.

[Bagolwane ba phuthego elang tlhoko: Ditaelo tsa kafa go ka tlotliwang ka gone le batho ba ba batlang go kolobediwa, di mo tsebe 208-212.]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela