Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang
Go Baboledimmogo le Rona ba Dikgang Tse di Molemo ba ba Rategang:
Ruri re na le tshiamelo e e kgethegileng ya go nna seoposengwe mo go obameleng Modimo yo o esi wa boammaaruri e bong Jehofa! Re “badirimmogo” le ene, ba ba neilweng tiro e e boitshepo le e e bolokang matshelo ya go rerela batho le go ba ruta dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe jo bo tlhomilweng. (1 Bakor. 3:9; Math. 28:19, 20) Gore re kgone go wetsa tiro eno e e tshwanetseng go dirwa mo lefatsheng lotlhe ka kagiso le ka kutlwano, re tshwanetse ra bo re rulagantswe sentle.—1 Bakor. 14:40.
Buka eno e tla go thusa go tlhaloganya kafa phuthego ya Bokeresete e rulagantsweng ka teng gompieno. E bua ka ditshiamelo le maikarabelo a o nang le one e re ka o le Mosupi wa ga Jehofa. Fa o anaanela ditshiamelo tse o nang le tsone e bile o diragatsa maikarabelo a o nang le one, o tla “nitamisiwa mo tumelong.”—Dit. 16:4, 5; Bagal. 6:5.
Ka jalo, re go kgothaletsa gore o ithute buka eno ka kelotlhoko. Batla ditsela tse ka tsone o ka dirisang tshedimosetso eno mo botshelong jwa gago. Ka sekai, fa e le gore o sa tswa go nna mmoledi yo o sa kolobediwang, ke dikgato dife tse o tshwanetseng go di tsaya gore o kolobediwe mme o nne Mosupi wa ga Jehofa? Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa o kolobeditswe, ke eng se o ka se dirang gore o gatele pele le go oketsa tirelo e o e direlang Jehofa? (1 Tim. 4:15) Ke eng se o ka se dirang gore go nne le kagiso mo phuthegong? (2 Bakor. 13:11) Batla dikarabo tsa dipotso tseno mo bukeng eno.
Fa o le mokaulengwe, ke eng se o ka se dirang gore o tshwanelegele go direla o le motlhanka wa bodiredi mme moragonyana o direle o le mogolwane? E re ka diketekete tsa batho di ntse di ologela mo phuthegong ya Modimo, go tlhokega thata bakaulengwe ba ba tshwanelegang ba ba ka etelelang pele mo phuthegong. Buka eno e tla go thusa go itse gore go tlhokega eng gore o ‘kgaratlhele’ go nna le maikarabelo ano mo phuthegong.—1 Tim. 3:1.
Re rapela ka tlhoafalo gore buka eno e go thuse gore o ikutlwe o le karolo ya thulaganyo ya phuthego ya ga Jehofa le gore o e anaanele. Re lo rata fela thata e bile re rapelela gore lo nne gareng ga batho ba ba tla itumelelang go obamela Rraarona wa kwa legodimong e bong Jehofa ka bosakhutleng.—Pes. 37:10, 11; Isa. 65:21-25.
Bakaulengwe ba lona,
Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa