LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ypq potso 4 ts. 12-14
  • Nka Baakanya Jang Diphoso Tsa Me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Baakanya Jang Diphoso Tsa Me?
  • Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nka Lebana Jang le Diphoso Tsa Me
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke Eng Fa O Tshwanetse go Dumela Fa O le Phoso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Leba Diphoso ka Tsela e e Siameng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Ithute go Tswa mo Diphosong Tsa Gago
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
ypq potso 4 ts. 12-14
Basimane ba babedi ba lebile fensetere e e thubegileng ya koloi

POTSO 4

Nka Baakanya Jang Diphoso Tsa Me?

BOTLHOKWA JWA SENO

Go amogela diphoso tsa gago go tla dira gore o nne motho yo o nang le maikarabelo le yo o ka ikanngwang.

WENA O NE O TLA DIRA ENG?

Akanya ka boemo jono: Fa Tim a ntse a tshameka bolo le ditsala tsa gagwe, o thuba fensetere ya moagelani wa bone.

Wena o ne o tla dira eng fa o ne o le Tim?

EMA MME O AKANYE!

KGATO E O KA E TSAYANG:

  1. Go sia.

  2. Go tshwaya mongwe phoso.

  3. Go bolelela moagelani se se diragetseng le go tlhalosa gore o tla duela ditshenyegelo.

O ka raelesega go tlhopha Kgato A. Mme gone, ka metlha go na le mabaka a a molemo a gore o amogele diphoso tsa gago—go sa kgathalesege gore o thubile fensetere kgotsa o dirile phoso nngwe.

MABAKA A MARARO A GO AMOGELA DIPHOSO TSA GAGO

  1. Ke selo se se siameng go se dira.

    Baebele ya re: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.

  2. Gantsi batho ba itshwarela batho ba ba amogelang diphoso tsa bone.

    Baebele ya re: “Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega, mme yo o di ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.”—Diane 28:13.

  3. Sa botlhokwa le go feta, seno se itumedisa Modimo.

    Baebele ya re: “Motho yo o tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme O atamalane thata le bathokgami.”—Diane 3:32.

Karina wa dingwaga di le 20, o ne a leka go fitlhela rraagwe thekete ya go kgweetsa ka lobelo lo lo kwa godimo. Mme gone ga a ka a kgona go nna a e fitlhile. Karina a re: “Mo e ka nnang ngwaga moragonyana, papa o ne a bona thekete eo. Ke ne ka tsena mo mathateng a magolo!”

O ne a ithuta eng? Karina a re: “Go fitlha diphoso tsa gago go dira dilo maswe le go feta. O tla lebana le ditlamorago moragonyana!”

GO ITHUTA MO DIPHOSONG TSA GAGO

Baebele ya re: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jakobe 3:2) Mme jaaka re bone, go amogela diphoso tsa gago—ka yone nako eo—ke sesupo sa gore o boikokobetso le gore o godile sentle mo tlhaloganyong.

Kgato e e latelang ke go ithuta mo diphosong tsa gago. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Vera a re: “Ke leka go leba diphoso tsa me e le tsela ya go ithuta le go di letla go nthuta sengwe se se ka nthusang go nna motho yo o botoka le gore ke tokafatse mo nakong e e tlang.” A re bone gore o ka dira seo jang.

O adima baesekele ya ga rrago, e bo e senyega. O tla dira eng?

  • O didimala fela o bo o solofela gore rrago ga a kitla a lemoga.

  • O bolelela rrago se tota se diragetseng.

  • O bolelela rrago se se diragetseng mme gone o tshwaya mongwe phoso.

Ga o falole tlhatlhobo ka gonne o sa bala. O tla dira eng?

  • O bua gore tlhatlhobo eo e ne e le thata.

  • O amogela gore ke phoso ya gago go bo o sa falola.

  • O bolela gore morutabana o kgatlhanong le wena.

Mosetsana o lebile seipone se se bontshang kwa morago fa a ntse a kgweetsa

Go nna o akantse ka diphoso tse o di dirileng, go tshwana le go kgweetsa koloi o lebile seipone se se go bontshang kwa morago

Jaanong akanya ka maemo a re buileng ka one o bo o leka go ipona o le (1) rrago le (2) morutabana wa gago. Ke eng se rrago le morutabana wa gago ba neng ba ka se akanya ka wena fa o ne o ka amogela diphoso tsa gago o sa okaoke? Ba ne ba tla akanya eng ka wena fa o ne o ka fitlha diphoso tsa gago?

Jaanong akanya ka phoso e o e dirileng mo ngwageng o o fetileng o bo o araba dipotso tse di latelang.

O ne o dirile phoso efe? O ile wa dira eng morago ga moo?

  • Ke ne ka e fitlha.

  • Ke ne ka tshwaya mongwe phoso.

  • Ke ne ka e amogela ka yone nako eo.

Fa e le gore ga o a amogela phoso eo, o ne wa ikutlwa jang morago ga moo?

  • Ke itumetse—Ke falotse!

  • Ke le molato—Ke ne ke tshwanetse go bua boammaaruri.

O ka bo o ile wa dira dilo jang ka tsela e e botoka?

O ile wa ithuta eng mo phosong ya gago?

O AKANYANG?

Goreng batho bangwe ba sa batle go amogela diphoso tsa bone?

Ke eng se batho ba tla se akanyang ka wena fa ka metlha o leka go fitlha diphoso tsa gago mme gone ke eng se ba tla se akanyang ka wena fa o di amogela?—Luke 16:10.

MAIKAELELO A ME

  • Mo dikgweding tse 12 tse di tlang, o ka ipeela mokgele ofe wa gore o tla dira eng fa o dirile diphoso?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela