LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ypq potso 7 ts. 21-23
  • Ke Dire Eng fa ke Patelediwa Thobalano?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Dire Eng fa ke Patelediwa Thobalano?
  • Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Tlhakanelodikobo e Tla Tokafatsa Kamano ya Rona?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • A Tlhakanelodikobo e Tla Tokafatsa Kamano ya Rona?
    Tsogang!—2010
  • Nka Tlhalosa Jang Se ke Se Dumelang ka Tlhakanelodikobo?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke Eng se se Phoso ka go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
ypq potso 7 ts. 21-23
Mosetsana o gana a tiisitse fa lekawana le leka go mo hepisa

POTSO 7

Ke Dire Eng fa ke Patelediwa Thobalano?

BOTLHOKWA JWA SENO

Ditshwetso tsa gago malebana le thobalano di tla ama isagwe ya gago fela thata.

WENA O NE O TLA DIRA ENG?

Akanya ka boemo jono: Heather o na le dikgwedi di le pedi fela a intsha le Mike, mme o ikutlwa e kete ke kgale ba itsane. Ba kwalelana melaetsa ka metlha, ba buisana ka founo lobaka lo loleele e bile ba setse ba kgona go lemoga gore yo mongwe o ne a batla go reng! Mme jaanong, Mike o batla se se fetang seo.

o dikgweding tse pedi tse di fetileng, Mike le Heather ba ntse ba tshwarana ka matsogo le go atlana ka bokhutshwane fela. Heather ga a batle go dira se se fetang seo. Mme gape, ga a batle gore thatano ya bone e fele. Mike ke ene fela a dirang gore a ikutlwe a le montle thata e bile a kgethegile. O ipolelela jaana: ‘Gone mme, nna le Mike re a ratana . . . ’

Fa e le gore o setse o godile mo o ka intshang le mongwe mme o mo boemong jo bo tshwanang le jwa ga Heather, wena o ne o tla dira eng?

EMA MME O AKANYE!

Seaparo se dirisiwa go phepafatsa

Thobalano ke mpho e Modimo a e fileng banyalani fela. Go robalana pele ga lenyalo ke go sa dirise mpho eo sentle. Go tshwana le go tsaya seaparo se sentle se mongwe a go fileng sone o bo o se dirisa go phepafatsa

Fa o tlola molao mongwe wa tlholego, jaaka molao wa maatlakgogedi, o tla lebana le ditlamorago tse di botlhoko. Go tla direga se se tshwanang fa o ka tlola molao wa boitsholo, jaaka o o reng: “Ithibe mo kgokafalong.”—1 Bathesalonika 4:3.

Ditlamorago tsa go tlola molao oo ke dife? Baebele ya re: “Yo o dirang kgokafalo o leofela mmele wa gagwe.” (1 Bakorintha 6:18) Seo se boammaaruri go le kana kang?

Babatlisisi ba fitlhetse gore basha ba le bantsi ba ba ileng ba dira seo ba lebana le nngwe kgotsa dingwe tsa ditlamorago tseno.

  • GO NGOMOGA PELO. Bontsi jwa basha ba ba ileng ba robalana pele ga lenyalo, ba re ba ne ba ikwatlhaela seo.

  • GO SE TLHOLE BA IKANYANA. Fa ba sena go robalana, mongwe le mongwe wa bone o ipotsa jaana, ‘O kile a robalana le mang gape?’

  • GO SWABISIWA. Boammaaruri ke gore, basetsana ba le bantsi ba ka itumelela gore ba ratane le mongwe yo o tla ba sireletsang, e seng yo o ba dirisang fela. Mme basimane ba le bantsi ga ba kgatlhegele mosetsana yo o kileng a dumela go robalana le bone.

  • Ntlha ya botlhokwa: Fa o dumela go robalana le mongwe pele ga lo nyalana, o a itlontlolola ka go itetla go latlhegelwa ke sengwe se se tlhwatlhwakgolo. (Baroma 1:24) Mmele wa gago o tlhwatlhwakgolo thata gore o ka abelana ka one motlhofo fela!

Bontsha gore o nonofile go ka ‘ithiba mo kgokafalong.’ (1 Bathesalonika 4:3) Ka jalo, letsatsi lengwe fa o tsena mo lenyalong, o ka kgona go robalana le molekane wa gago. Mme o tla kgona go itumelela seno ka botlalo, o se na matshwenyego, boikwatlhao le go ikutlwa o sa sireletsega, tse gantsi e leng karolo ya ditlamorago tsa go robalana pele ga lenyalo.—Diane 7:22, 23; 1 Bakorintha 7:3.

O AKANYANG?

  • A motho yo tota a go ratang a ka go utlwisa botlhoko mo mmeleng le mo maikutlong?

  • A mongwe yo tota a amegang ka wena a ka go raela gore o senye kamano ya gago le Modimo?—Bahebera 13:4.

BASETSANA

Mosetsana o ntse fa fatshe mme o a akanya

Basimane ba le bantsi ba ile ba re ga ba kitla ba nyala mosetsana yo ba ileng ba robalana le ene. Ka ntlha yang? Ka gonne ba batla mongwe yo o itshekileng!

A seo se a go gakgamatsa—gongwe le e leng go go galefisa? Fa go le jalo, gopola seno: Di-movie le mananeo a thelebishene di dira gore thobalano ya basha e nne selo se se kgatlhang le gore e lebege e kete ke motshameko o o seng kotsi kgotsa ke lorato lwa mmatota.

Mme gone, o se ka wa tsietsega! Batho ba ba lekang go go raela gore o robalane le bone pele ga lenyalo, ba a bo ipatlela melemo ya bone fela.—1 Bakorintha 13:4, 5.

BASIMANE

Mosimane o ntse fa fatshe mme o a akanya

Fa e le gore o ratana le mosetsana mongwe, ipotse jaana: ‘A tota ke amega ka kgarebe ya me?’ Fa e le gore karabo ya gago ke ee, o ka bontsha seno jang ka tsela e e molemo? Ka go nna le nonofo ya go ngaparela melao ya Modimo, botlhale jwa go tila maemo a a ka lo raelang le lorato lwa go baya dilo tse a di kgatlhegelang kwa pele ga tsa gago.

Fa o na le dinonofo tseno, go ka direga gore tsela e kgarebe ya gago e ikutlwang ka yone ka wena e tshwane le ya mosetsana wa Moshulame, yo a neng a na le boitsholo jo bo siameng, yo a neng a re: “Moratiwa wa me ke wa me mme nna ke wa gagwe.” (Sefela sa Difela 2:16) Ka bokhutshwane fela, o tla go rata le go feta!

KAKANTSHO

Fa mongwe a leka go go raela gore o robalane le ene, a go raya a re: “Fa e le gore o a nthata, o tla dira seno.” Mo arabe o tiisitse o re: “Fa e le gore wena o a nthata, o ka se nkope go dira seno!”

Fa o dirisana le batho ba bong bo sele, go tla bo go le molemo go gopola ntlha eno: Fa e le gore ke sengwe se o ka se batleng gore batsadi ba gago ba go bone o se dira, ga o a tshwanela go ka bo o se dira.

MAIKAELELO A ME

  • O tla dira eng fa mongwe a go kopa gore o robalane le ene?

  • Ke maemo afe a a ka dirang gore go nne thata tota gore o gane?

  • O tla tila jang maemo ao?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela