LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 14 ts. 40-ts. 41 ser. 2
  • Lekgoba le le Neng la Ikobela Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lekgoba le le Neng la Ikobela Modimo
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ke ka Dira Jang Bosula jo Bogolo Jono?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Bomogolowe Josefa ba mo Tlhoile
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jehofa o go Thusa Gore o Atlege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Josefa o Tsenngwa mo Kgolegelong
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 14 ts. 40-ts. 41 ser. 2
Josefa a sia fa mosadi wa ga Potifaro a leka go mo tshwara

THUTO 14

Lekgoba le le Neng la Ikobela Modimo

Josefa e ne e le mongwe wa bana ba ga Jakobe. Bomogoloe ba ne ba lemoga gore rraabone o ne a mo rata thata. O akanya gore seo se ne sa dira gore ba ikutlwe jang? Ba ne ba fufegela Josefa le go mo tlhoa. Fa Josefa a ne a lora dilo tse di sa tlwaelegang, o ne a di bolelela bomogoloe. Ba ne ba akanya gore ditoro tseo di kaya gore letsatsi lengwe ba tlile go mo obamela. Seo se ne sa dira gore ba mo tlhoe le go feta.

Bomogoloe Josefa ba latlhela Josefa mo khuting

Letsatsi lengwe bomogoloe Josefa ba ne ba disitse dinku gaufi le motse wa Shekema. Jakobe o ne a romela Josefa gore a ye go ba tlhola. Ba ne ba mmona a tla a le kgakala mme ba raana ba re: ‘Raditoro ke yoo o etla. A re mmolayeng!’ Ba ne ba mo tshwara ba bo ba mo latlhela mo khuting e e boteng. Mme mongwe wa bone e bong Juda o ne a re: ‘Lo se ka lwa mmolaya! Bogolo a re mo rekiseng gore e nne lekgoba.’ Ka jalo, ba ne ba mo rekisa ka madi a tshipi a diselefera di le 20 ba mo rekisetsa bagwebi ba Bamidiana ba ba neng ba ya Egepeto.

Go tswa foo, bomogoloe Josefa ba ne ba ina seaparo sa gagwe mo mading a podi, ba bo ba se isa kwa go rraabone ba re: ‘A seno ga se seaparo sa ngwana wa gago?’ Jakobe o ne a akanya gore Josefa o bolailwe ke phologolo ya naga. Jakobe o ne a utlwile botlhoko thata. Go ne go se na ope yo o neng a ka mo gomotsa.

Josefa a le mo kgolegelong

Fa Josefa a le kwa Egepeto, o ne a rekisediwa Kgosi Potifaro gore e nne lekgoba la gagwe. Mme Jehofa ga a ka a tlogela go thusa Josefa. Potifaro o ne a lemoga gore Josefa ke motho yo o ratang go bereka e bile o a ikanyega. Fa nako e ntse e ya, Potifaro o ne a dira gore e nne ene a tlhokomelang dilo tsotlhe tsa gagwe.

Mosadi wa ga Potifaro o ne a lemoga gore Josefa o ne a le montle e bile a le maatla. Letsatsi le letsatsi o ne a kopa Josefa gore a tlhakanele dikobo le ene. Josefa o ne a tla dira eng? O ne a gana mme a re: ‘Nnyaa! Nka se kgone. Potifaro o a ntshepa, mme wena o mosadi wa gagwe. Fa nka tlhakanela dikobo le wena, ke tla bo ke leofela Modimo!’

Letsatsi lengwe mosadi wa ga Potifaro o ne a leka go pateletsa Josefa gore a tlhakanele dikobo le ene. O ne a mo phamola ka diaparo mme Josefa a tshaba. Fa Potifaro a boela gae, mosadi wa gagwe o ne a mmolelela gore Josefa o ne a mo tlhasetse. Mme o ne a bua maaka. Potifaro o ne a galefile thata mme a tsenya Josefa mo kgolegelong. Mme Jehofa ga a ka a lebala Josefa.

“Ikokobeletseng Modimo yo o maatla, gore a tle a lo godise mo nakong e e tshwanetseng.”​—1 Petere 5:6

Dipotso: Bomogoloe Josefa ba ne ba mo dira eng? Goreng Josefa a ne a tsentswe mo kgolegelong?

Genesise 37:1-36; 39:1-23; Ditiro 7:9

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela