LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 16 ts. 44-ts. 45 ser. 4
  • Jobe E ne E le Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jobe E ne E le Mang?
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jobe O ne A Baka Leina la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Solofela mo go Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Buka ya Bibela ya bo 18—Yobe
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Jobe O Ne A Itshoka—Le Rona Re Ka Kgona!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 16 ts. 44-ts. 45 ser. 4
Jobe a na le dintho mo mmeleng mme banna ba bararo ba tla go mo tlhola

THUTO 16

Jobe E ne E le Mang?

Kwa nageng ya Use, go ne go na le monna mongwe yo o neng a obamela Jehofa. Leina la gagwe e ne e le Jobe. O ne a humile thata e bile a na le lelapa le legolo. O ne a rata batho, a thusa batho ba ba humanegileng, basadi ba ba swetsweng ke banna le bana ba ba se nang batsadi. A mme Jobe o ne a se kitla a nna le mathata fela ka gonne e le motho yo o siameng?

Satane Diabolo

Jobe o ne a sa itse gore Satane Diabolo o ne a mo lebile. Jehofa o ne a raya Satane a re: ‘A o lebile motlhanka wa me Jobe? Ga go ope yo o tshwanang le ene mo lefatsheng. O a ntheetsa e bile o dira dilo tse di siameng.’ Satane o ne a araba a re: ‘O bua nnete gore Jobe o a go reetsa. O a mo sireletsa e bile o a mo segofatsa. O mo neile lefatshe le leruo le lentsi. Di tseye tsotlhe mme o tla tlogela go go direla.’ Jehofa o ne a re: ‘O ka nna wa leka Jobe. Mme o se ka wa mmolaya.’ Goreng Jehofa a ile a letla Satane gore a leke Jobe? O ne a itse gore Jobe ga a kitla a tlogela go mo direla.

Satane o ne a simolola go leka Jobe ka dilo tse dintsi tse di botlhoko. Sa ntlha, o ne a romela batho ba ba bidiwang Baseba gore ba ye go utswa dikgomo le ditonki tsa ga Jobe. Go tswa foo, molelo o ne wa bolaya dinku tsotlhe tsa gagwe. Batho ba ba bidiwang Bakaladia, ba ne ba utswa dikamela tsa gagwe. Badisa ba diphologolo tseno le bone ba ne ba bolawa. Go tswa foo, go ne ga direga sengwe se se botlhoko thata. Bana botlhe ba ga Jobe ba ne ba tlhokafala fa ntlo e ba neng ba dirile moletlo mo go yone e ne e ba wela. Jobe o ne a utlwile botlhoko thata mme ga a ka a tlogela go direla Jehofa.

Satane o ne a batla gore Jobe a utlwe botlhoko le go feta, ka jalo, o ne a dira gore a tswe dintho tse di botlhoko mo mmeleng. Jobe o ne a le mo ditlhabing tse di botlhoko. O ne a sa itse gore ke eng a diragalelwa ke dilo tseno. Mme gone, o ne a sa ntse a direla Jehofa. Modimo o ne a bona dilo tseno tsotlhe mme o ne a itumelela tsela e Jobe a neng a itshwere ka yone.

Go tswa foo, Satane o ne a romela banna ba bararo gore ba ye go leka Jobe. Ba ne ba mo raya ba re: ‘O tshwanetse wa bo o dirile sengwe se se sa siamang jaanong o leka go se fitlha. Modimo o a go otlhaya.’ Jobe o ne a re: ‘Ga ke a dira sepe se se sa siamang.’ Jobe o ne a simolola go akanya gore Jehofa ke ene a mo tlisetsang mathata ano mme o ne a re ga a tlhaloganye gore ke eng fa Modimo a mo dira jaana.

Lekawana lengwe le le bidiwang Elihu le ne le ntse le reeditse. Go tswa foo, o ne a re: ‘Dilo tsotlhe tse lo di buileng ga di boammaaruri. Jehofa o mogolo fela thata. Ga a kitla a dira dilo tse di sa siamang. O bona sengwe le sengwe e bile o thusa batho fa ba le mo mathateng.’

Jobe a tshwere ngwana a na le mosadi wa gagwe

Go tswa foo, Jehofa o ne a bua le Jobe. O ne a mo raya a re: O ne o le kae fa ke ne ke bopa legodimo le lefatshe? Ke eng o re ga ke a siama? Ga o itse lebaka la go bo o diragalelwa ke dilo tseno.’ Jobe o ne a dumela gore o phoso a bo a re: ‘Ga ke a bua sentle. Ke ne ke nagana gore ke a go itse jaanong ke gone ke go itseng sentle. Ga go na sepe se se go palelang. Intshwarele ka se ke se buileng.’

Morago ga dilo tseno tsotlhe, Jehofa o ne a fodisa Jobe mme a mo naya dilo tse di fetang tse a neng a na le tsone. Jobe o ne a tshela lobaka lo loleele a itumetse. Jehofa o ne a segofatsa Jobe ka gonne a ile a mo reetsa le fa go ne go le thata. A o tla tshwana le Jobe mme o reetse Jehofa le fa go ka nna thata jang?

“Lo utlwile kafa Jobe a ileng a itshoka ka gone e bile lo bone se Jehofa a mo diretseng sone kwa bofelong.”​—Jakobe 5:11

Dipotso: Satane o ne a leka Jobe jang? Jehofa o ne a segofatsa Jobe jang?

Jobe 1:1–3:26; 4:7; 32:1-5; 34:5, 21; 35:2; 36:15, 26; 38:1-7; 40:8; 42:1-17

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela