LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 18 ts. 48-ts. 49 ser. 4
  • Setlhare se se Tukang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Setlhare se se Tukang
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Setlhatshana se se Shang
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Moshe—Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo go Amang ka Teng
    Tsogang!—2004
  • Lebaka La go Bo Moshe a Ile a Tshaba
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 18 ts. 48-ts. 49 ser. 4
Moshe a lebile setlhare se se tukang

THUTO 18

Setlhare se se Tukang

Moshe o ne a nna kwa Midiana dingwaga di le 40. O ne a nyala a bo a nna le bana. Letsatsi lengwe fa a ntse a disitse dinku gaufi le Thaba ya Sinai, o ne a bona sengwe se se gakgamatsang. Setlhare sa mitlwa se ne se tuka mme se sa she! Fa Moshe a re o a atamela, o utlwa lentswe le tswa mo setlhatshaneng seo le re: ‘Moshe! O se ka wa atamela. Rola ditlhako tsa gago ka gonne lefelo le o emeng mo go lone le boitshepo.’ E ne e le Jehofa a buang a dirisa moengele.

Moshe o ne a tshogile, ka jalo, o ne a ikhurumetsa sefatlhego. Lentswe le ne la re: ‘Ke bone tsela e Baiseraele ba bogang ka yone. Ke tla ba ntsha kwa Egepeto mme ke ba tlise mo lefatsheng le le monate. Ke wena o tla ba etelelang pele go tswa kwa Egepeto.’ Moshe o tshwanetse a bo a ne a gakgametse tota.

Moshe o ne a botsa a re: ‘Ke tla reng fa batho ba mpotsa gore ke romilwe ke mang?’ Modimo o ne a re: ‘Ba reye o re Jehofa, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe ke ene a nthomileng.’ Go tswa foo, Moshe o ne a re: ‘Ke direng fa batho ba sa batle go ntheetsa?’ Jehofa o ne a naya Moshe sesupo sa gore o tla mo thusa. O ne a raya Moshe a re a latlhele thobane ya gagwe fa fatshe. Thobane e ne ya fetoga noga. Fa Moshe a tshwara noga eo ka mogatla, e ne ya fetoga thobane gape. Jehofa o ne a re: ‘Fa o ka dira seno, batho ba tla dumela gore ke nna ke go romileng.’

Moshe o ne a re: ‘Ga ke itse go bua sentle.’ Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Ke tla go bolelela se o tla se buang e bile ke tla romela morwarrago Arone gore a go thuse.’ Moshe o ne a itse gore Jehofa o tla mo thusa, ka jalo, o ne a tsaya mosadi le bana ba gagwe mme a boela kwa Egepeto.

“Lo se ka lwa tlhobaela ka se lo tla se buang kgotsa gore lo tla se bua jang, ka gonne lo tla itse se lo tla se buang ka yone nako eo.”​—Mathaio 10:19

Dipotso: Moshe o ne a bona eng fa a ntse a disitse dinku tsa gagwe? Jehofa o ne a batla gore Moshe a dire eng?

Ekesodo 3:1–4:20; Ditiro 7:30-36

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela