LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 27 ts. 68-ts. 69 ser. 2
  • Ba ne Ba Gana go Reetsa Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba ne Ba Gana go Reetsa Jehofa
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thobane ya ga Arone e Mela Dithunya
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Ikobele Bolaodi Jwa Modimo ka Boikanyegi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A o Itsiwe ke Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Boikgodiso bo Felela ka Tlontlologo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 27 ts. 68-ts. 69 ser. 2
Kora le balatedi ba gagwe ba eme fa pele ga Moshe le Arone

THUTO 27

Ba ne Ba Gana go Reetsa Jehofa

Nako nngwe fa Baiseraele ba le kwa nageng, Kora, Dathane, Abirame le balatedi ba bone ba le 250 ba ne ba gana go reetsa Moshe. Ba ne ba mo raya ba re: ‘Re lapile ke wena! Goreng Arone e le moperesiti yo mogolo mme wena o le moeteledipele wa rona? Ga se gore ke wena le Arone fela ba Jehofa a ba dirisang.’ Seo ga se a ka sa itumedisa Jehofa. O ne a tsaya gore ba a mo nyatsa!

Moshe o ne a raya Kora le balatedi ba gagwe a re: ‘Kamoso lo tle kwa lefelong la kobamelo mme lo tle lo tshotse dilo tsa go tshola molelo di tsentswe maswalo. Jehofa o tla re bontsha gore o tlhophile mang.’

Mo letsatsing le le latelang, Kora le balatedi ba gagwe ba le 250 ba ne ba ya go kopana le Moshe kwa lefelong la kobamelo. Fa ba le koo, ba ne ba fisa maswalo mme eo e ne e le tiro ya baperesiti fela. Jehofa o ne a raya Moshe le Arone a re: ‘Sutang fa pele ga Kora le balatedi ba gagwe.’

Le fa Kora a ile a ya kwa lefelong la kobamelo, Dathane, Abirame le ba malapa a bone ba ne ba gana go ya. Jehofa o ne a raya Baiseraele a re ba sute fa pele ga tente ya ga Kora, Dathane le ya ga Abirame. Baiseraele ba ne ba suta ka bonako. Dathane, Abirame le ba malapa a bone ba ne ba ema kwa ntle ga ditente tsa bone. Lefatshe le ne la bulega mme la ba kometsa! Mme kwa lefelong la kobamelo, molelo o ne wa tswa kwa legodimong mme wa fisa Kora le balatedi ba gagwe ba le 250.

Lefatshe le phatloga ka bogare mme le kometsa Dathane, Abirame le ba malapa a bone

Jehofa o ne a raya Moshe a re: ‘Tsaya thobane ya moeteledipele wa lotso longwe le longwe mme o kwale leina la gagwe mo go yone. Mme mo thobaneng ya lotso lwa Balefi o kwale leina la ga Arone. Tsenya dithobane tseo mo teng ga motlaagana mme thobane ya monna yo ke tla mo tlhophang e tla tlhoga malomo [kgotsa dithunya].’

Mo letsatsing le le latelang, Moshe o ne a ntsha dithobane tseo tsotlhe mme a di bontsha baeteledipele. Thobane ya ga Arone e ne e na le malomo le maungo a a buduleng. Jehofa o ne a dira seno go bontsha gore o tlhophile Arone go nna moperesiti yo mogolo.

“Utlwang ba ba lo etelelang pele mme lo ba ikobele.”​—Bahebera 13:17

Dipotso: Goreng Kora le balatedi ba gagwe ba sa reetsa Moshe? Re itse jang gore Jehofa o ne a tlhopha Arone go nna moperesiti yo mogolo?

Dipalo 16:1–17:13; 26:9-11; Pesalema 106:16-18

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela