LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 33 ts. 82-ts. 83 ser. 2
  • Ruthe le Naomi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruthe le Naomi
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ruthe le Naomi
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • “Kwa o Yang Gone ke Tla ya Gone”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ruthe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • “Kwa o Yang Gone ke Tla ya Gone”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 33 ts. 82-ts. 83 ser. 2
Naomi a raya Ruthe a re a boele gae

THUTO 33

Ruthe le Naomi

Fa go ne go le leuba kwa Iseraele, Moiseraele mongwe yo o bidiwang Naomi o ne a fudugela kwa nageng ya Moabe a na le monna wa gagwe le bana ba bone ba babedi ba basimane. Moragonyana, monna wa ga Naomi o ne a tlhokafala. Bana ba gagwe ba ne ba nyala basadi ba Moabe e bong Ruthe le Orepa. Se se utlwisang botlhoko ke gore bana ba ga Naomi ba ne ba tlhokafala.

Fa Naomi a utlwalela gore leuba le fedile kwa Iseraele, o ne a boela gae. Ruthe le Orepa ba ne ba tsamaya le ene mme fa ba ntse ba le mo tseleng, Naomi o ne a ba raya a re: ‘Lo ne lo tshwere bongwanake sentle e bile lo le dingwetsi tse di siameng. Ke batla gore lo nyalwe gape. Boelang kwa motseng wa lona wa Moabe.’ Basadi bano ba ne ba re: ‘Re a go rata! Ga re batle go go tlogela.’ Naomi o ne a nna a ba raya a re ba tsamaye. Orepa o ne a feleletsa a boetse gae mme Ruthe ene ga a ka a tsamaya. Naomi o ne a raya Ruthe a re: ‘Orepa o boela kwa bathong ba gabone le kwa medimong ya gabone. Tsamaya le ene o boele kwa legaeng la ga mmê wa gago.’ Mme Ruthe o ne a mo raya a re: ‘Ga nkitla ke go tlogela. Batho ba gago e tla nna batho ba me e bile Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.’ O akanya gore Naomi o ne a ikutlwa jang fa Ruthe a bua mafoko ano?

Ruthe le Naomi ba ne ba fitlha kwa Iseraele ka nako ya fa masimo a ne a budule. Letsatsi lengwe, Ruthe o ne a ya go sela dijo tse di neng di setse kwa tshimong ya monna mongwe yo o neng a bidiwa Boase, yo e neng e le morwa Rahabe. Boase o ne a bolelelwa gore Ruthe o tswa kwa Moabe le gore o nna le Naomi. O ne a bolelela badiri ba gagwe gore ba tlogelele Ruthe dijo tse dintsinyana gore a di sele.

Ruthe a sela dijo kwa tshimong ya ga Boase

Maitseboa Naomi o ne a botsa Ruthe a re: ‘O ne o bereka mo tshimong ya ga mang gompieno?’ Ruthe o ne a re: ‘Kwa tshimong ya monna mongwe yo o bidiwang Boase.’ Naomi o ne a mo raya a re: ‘Boase ke mongwe wa losika lwa monna wa me. Tswelela o bereka mo tshimong ya gagwe. Ga go na ope yo o tla go gobatsang fa o le koo.’

Naomi a na le Boase, Ruthe le Obede

Ruthe o ne a tswelela a bereka mo tshimong ya ga Boase go fitlha nako ya go roba masimo e fela. Boase o ne a lemoga gore Ruthe o ne a bereka thata le gore ke mosadi yo o siameng. Mo metlheng eo, fa monna a tlhokafetse a se na bana ba basimane, mongwe wa losika o ne a tshwanetse go nyala mosadi wa monna yoo. Ke ka moo Boase a neng a nyala Ruthe. Ba ne ba nna le ngwana wa mosimane yo ba neng ba mmitsa Obede, yo moragonyana a ileng a nna rremogolo wa ga Kgosi Dafide. Ditsala tsa ga Naomi di ne di itumetse. Ba ne ba mo raya ba re: ‘La ntlha, Jehofa o ne a go naya Ruthe, yo o neng a nna molemo mo go wena, gone jaanong o go neile setlogolo. A Jehofa a bakwe.’

“Go na le tsala e e ikanyegang go gaisa ba lelapa la gaeno.”​—Diane 18:24

Dipotso: Ruthe o ne a bontsha jang gore o rata Naomi? Jehofa o ile a tlhokomela Ruthe le Naomi jang?

Ruthe 1:1–4:22; Mathaio 1:5

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela