LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 34 ts. 84-ts. 85 ser. 2
  • Gidione o Fenya Bamidiana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Gidione o Fenya Bamidiana
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Tšhaka ya ga Jehofa Le ya Ga Gidione!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Gideone le Banna ba Gagwe ba le 300
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Se Bagolwane Ba ka Se Ithutang mo go Gidione
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Jehofa—Tsala ya Rona e Kgolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 34 ts. 84-ts. 85 ser. 2
Gidione le masole a gagwe ba letsa dinaka, ba thuba dinkgo, ba tsholetsa mabone e bile ba goa

THUTO 34

Gidione o Fenya Bamidiana

Fa nako e ntse e ya, Baiseraele ba ne ba tlogela Jehofa mme ba simolola go obamela medimo ya maaka. Bamidiana ba ne ba utswa diphologolo tsa Baiseraele e bile ba senya masimo a bone ka dingwaga di le supa. Baiseraele ba ne ba iphitlha mo magageng le mo dithabeng gore Bamidiana ba se ka ba ba bona. Ba ne ba kopa Jehofa gore a ba thuse. Ka jalo, Jehofa o ne a romela moengele kwa lekawaneng le le bidiwang Gidione. Moengele o ne a raya Gidione a re: ‘Jehofa o go tlhophile gore o nne lesole le le maatla.’ Gidione o ne a re: ‘Nka falotsa Iseraele jang? Ga ke motho wa sepe.’

Gidione o ne a tla itse jang gore Jehofa ke ene a neng a mo tlhophile? O ne a baya boboa mo lebaleng a bo a raya Jehofa a re: ‘Fa go ka direga gore mo mosong, boboa jono bo bo bo le metsi mme mmu one o bo o omeletse, ke tla itse gore o ntlhophile gore ke sireletse Iseraele.’ Mo mosong, boboa bo ne bo le metsi mme mmu o ne o omeletse! Gape Gidione o ne a kopa Jehofa gore mo mosong o o latelang, mmu o nne metsi mme boboa bo nne bo omile. Fa Jehofa a sena go dira jalo, Gidione o ne a dumela ka pelo yotlhe gore Jehofa o mo tlhophile. O ne a kokoanya masole a gagwe gore ba ye go lwa le Bamidiana.

Jehofa o ne a raya Gidione a re: ‘Ke tla dira gore Baiseraele ba fenye. O na le masole a mantsi thata, ka jalo, lo ka nna lwa akanya gore lo fentse ntwa eno ka maatla a lona. Bolelela ope fela yo o tshogileng gore a boele gae.’ Masole a le 22 000 a ne a boela gae mme ga sala a le 10 000. Go tswa foo, Jehofa o ne a re: ‘Masole ano a sa ntse a le mantsi. Ba ise kwa nokeng mme o ba laele gore ba nwe metsi. Tlhopha fela ba ba nwang metsi ba ntse ba lebile gore a Bamidiana ga ba ba tlhasele.’ Go ne ga sala masole a le 300 fela. Jehofa o ne a solofetsa Gidione gore masole ano a ne a tlile go fenya masole a le 135 000 a Bamidiana.

Mo bosigong joo, Jehofa o ne a raya Gidione a re: ‘Jaanong ke nako ya go tlhasela Bamidiana!’ Gidione o ne a naya masole a gagwe dinaka le dinkgo tse dikgolo tse di nang le mabone mo teng. O ne a ba raya a re: ‘Ntebang mme lo dire se ke se dirang.’ Gidione o ne a letsa lonaka, a thubaganya nkgo, a tsholetsa lobone a bo a goa a re: ‘Tšhaka ya ga Jehofa le ya ga Gidione!’ Masole otlhe a gagwe a le 300 a ne a dira se se tshwanang. Bamidiana ba ne ba tshoga mme ba sia. Ba ne ba simolola go bolaana ka ntlha ya letshogo. Le mo lekgetlong leno, Jehofa o ne a thusa Baiseraele gore ba fenye Bamidiana.

Masole a a tshogileng a Bamidiana

“Seno se dira gore go bonale sentle gore maatla a a sa tlwaelegang a re nang le one a tswa kwa Modimong, e seng mo go rona.”​—2 Bakorintha 4:7

Dipotso: Jehofa o ne a bontsha jang gore o ne a tlhophile Gidione? Ke eng fa Gidione a ile a tlhopha masole a le 300 fela?

Baatlhodi 6:1–16; 6:36–7:25; 8:28

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela