LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 35 ts. 86-ts. 87 ser. 1
  • Hana o Rapelela go Nna le Ngwana wa Mosimane

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Hana o Rapelela go Nna le Ngwana wa Mosimane
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne A Rapela Modimo go Tswa Pelong
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Rapela Modimo go Tswa Pelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Kafa Hana a Neng a Bona Kagiso ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Letla Jehofa a go Thuse Gore O se Ka wa Tlhobaela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 35 ts. 86-ts. 87 ser. 1
Hana a isa Samuele kwa go Eli

THUTO 35

Hana o Rapelela go Nna le Ngwana wa Mosimane

Monna mongwe wa Moiseraele yo o bidiwang Elekana, o ne a na le basadi ba babedi, yo mongwe e ne e le Hana, yo mongwe e le Penina mme o ne a rata Hana thata. Penina o ne a tlhola a sotla Hana ka gonne Hana o ne a se na bana mme ene a na le bana ba bantsi. Ngwaga le ngwaga Elekana o ne a tsamaya le ba lelapa la gagwe go ya go obamela Modimo kwa Shilo. Nako nngwe fa ba le koo, o ne a lemoga gore mosadi wa gagwe yo a mo ratang thata e bong Hana, o ne a utlwile botlhoko. O ne a re: ‘O se ka wa lela tlhe Hana. Ke fano. Ke a go rata.’

Moragonyana Hana o ne a tswa a ya go rapela a le esi. O ne a lela a sa kgaotse a kopa Jehofa gore a mo thuse. O ne a raya Jehofa a re: ‘Jehofa, fa o ka nnaya ngwana wa mosimane, ke tla go mo naya mme o tla go direla botshelo jwa gagwe jotlhe.’

Moperesiti yo Mogolo e bong Eli a bona Hana a lela fa a ntse a rapela

Moperesiti yo Mogolo e bong Eli o ne a bona Hana a lela mme a akanya gore o nole bojalwa thata. Hana o ne a mo raya a re: ‘Morena wa me ga ke a nwa bojalwa. Ke na le bothata jo bogolo mme ke bua le Jehofa ka jone.’ Eli o ne a lemoga gore ga a bua sentle, ka jalo, o ne a raya Hana a re: ‘E kete Jehofa a ka go naya se o se batlang.’ Hana o ne a ikutlwa botoka mme a tswa a tsamaya. O ne a tshola ngwana wa mosimane mme a mmitsa Samuele. Hana o tshwanetse a bo a ne a itumetse thata!

Hana ga a ka a lebala se a neng a se solofeditse Jehofa. Fa a sena go kgwisa Samuele, o ne a mo isa kwa Shilo. O ne a raya Eli a re: ‘Yono ke mosimane yo ke neng ka mo kopa mo go Jehofa. Ke tlile go mo naya Jehofa botshelo jwa gagwe jotlhe.’ Elekana le Hana ba ne ba etela Samuele ngwaga le ngwaga mme ba ne ba mo isetsa diaparo tse disha. Jehofa o ne a araba thapelo ya ga Hana ka go mo naya bana ba bangwe ba basimane ba le bararo le ba basetsana ba le babedi.

“Nnang lo kope mme lo tla newa; nnang lo batle mme lo tla bona.”​—Mathaio 7:7

Dipotso: Ke eng fa Hana a ne a utlwile botlhoko? Jehofa o ne a segofatsa Hana jang?

1 Samuele 1:1–2:11, 18-21

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela