LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 43 ts. 104
  • Kgosi Dafide o a Leofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgosi Dafide o a Leofa
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mathata mo Ntlong ya ga Dafide
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Ikaege ka Moya wa Modimo fa o Lebana le Maemo a a Fetofetogang a Botshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Boipobolo jo bo Isang Phodisong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Fa Motho yo o “Pelo e e Phatlogileng Le e E Gateletsweng” a Kopa go Itshwarelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 43 ts. 104
Moporofeti Nathane a bua le Kgosi Dafide

THUTO 43

Kgosi Dafide o a Leofa

Fa Saulo a sena go swa, Dafide o ne a nna kgosi. O ne a na le dingwaga di le 30. Morago ga dingwaga di le mmalwa e le kgosi, o ne a ema mo marulelong a ntlo ya gagwe ya segosi mme a bona mosadi yo montle. Dafide o ne a bolelelwa gore leina la mosadi yoo ke Bathesheba le gore o nyetswe ke lesole le le bidiwang Uria. Dafide o ne a laletsa Bathesheba mo ntlong ya gagwe. Ba ne ba tlhakanela dikobo mme Bathesheba a ima. Dafide o ne a leka go fitlha se a se dirileng. O ne a laela molaodi wa masole gore a beye Uria kwa pele mo ntweng mme go se ka ga nna le ope yo o mo thusang. Fa Uria a sena go bolawa kwa ntweng, Dafide o ne a nyala Bathesheba.

Kgosi Dafide a kopa Jehofa gore a mo itshwarele

Mme Jehofa o ne a bone se Dafide a se dirileng. O ne a dira eng? Jehofa o ne a romela moporofeti Nathane gore a ye kwa go Dafide. Nathane o ne a raya Dafide a re: ‘Monna mongwe wa mohumi o ne a na le dinku tse dintsi mme monna wa mohumanegi o ne a na le kwanyana e a neng a e rata thata. Monna wa mohumi o ne a tsaya kwanyana eo.’ Dafide o ne a galefa mme a re: ‘Monna yoo o tshwanetse go swa!’ Nathane o ne a raya Dafide a re: ‘Ke wena monna yoo!’ Dafide o ne a utlwile botlhoko thata mme a raya Nathane a re: ‘Ke leofetse Jehofa.’ Boleo joo bo ne jwa tsenya Dafide le lelapa la gagwe mo mathateng a mantsi. Jehofa o ne a otlhaya Dafide mme ga a ka a mmolaya ka gonne Dafide o ne a ikanyega e bile a sa itseele kwa godimo.

Dafide o ne a batla go agela Jehofa tempele mme Jehofa o ne a tlhopha ngwana wa gagwe e bong Solomone gore e nne ene a e agang. Dafide o ne a rulaganya dilo tsa go aga mme a re: ‘Tempele ya ga Jehofa e tshwanetse go nna lefelo le lentle thata. Solomone o sa ntse a le monnye mme ke tla mo thusa go baakanya dilo tse a tla di tlhokang.’ Dafide o ne a ntsha madi a mantsi gore go agiwe tempele. O ne a batla gore tempele e agiwe ke badiri ba ba nang le bokgoni. O ne a kokoanya gouta le selefera mme a reka logong lwa maemo a a kwa godimo go tswa kwa Ture le Sidona. Pele Dafide a swa, o ne a naya Solomone dipolane tsa tempele eo. A bo a re: ‘Jehofa o ne a ntaela gore ke go di kwalele. Jehofa o tla go thusa. O se ka wa tshoga. Nna pelokgale mme o simolole go aga.’

Dafide o tlhalosetsa Solomone dipolane tsa go aga tempele

“Motho yo o fitlhang maleo a gagwe ga a kitla a atlega, mme yo o ipolelang maleo a gagwe a bo a a tlogela o tla utlwelwa botlhoko.”​—Diane 28:13

Dipotso: Dafide o ne a dira boleo bofe? Dafide o ne a thusa Solomone jang?

2 Samuele 5:3, 4, 10; 7:1-16; 8:1-14; 11:1–12:14; 1 Ditiragalo 22:1-19; 28:11-21; Pesalema 51:1-19

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela