LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 47 ts. 114-ts. 115 ser. 3
  • Jehofa O ne A Naya Elija Maatla

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa O ne A Naya Elija Maatla
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A o Tle o Ikutlwe o Jewa ke Bodutu e Bile o Boifa?
    Ruta Bana ba Gago
  • A o Tla Ikanyega Jaaka Elija?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 47 ts. 114-ts. 115 ser. 3
Elija a eme fa pele ga logaga kwa Thabeng ya Horebe a reeditse moengele wa Modimo

THUTO 47

Jehofa O ne A Naya Elija Maatla

Jesebele o ile a utlwa ka se se diragaletseng baporofeti ba ga Baale mme o ne a galefa tota. O ne a romelela Elija molaetsa a re: ‘Kamoso, o tla bo o sule jaaka baporofeti ba ga Baale.’ Elija o ne a tshoga thata mme a siela kwa nageng. O ne a rapela jaana: ‘Jehofa, ga ke tlhole ke kgona jaanong. A bogolo ke swe.’ E re ka Elija a ne a lapile, o ne a robala ka fa tlase ga setlhare.

Moengele o ne a tsosa Elija mme a mo raya a re: ‘Tsoga o je.’ Elija o ne a bona borotho jo bo kgolokwe mo matlapeng a a gotetseng le nkgwana ya metsi. O ne a ja mme a nwa metsi a bo a robala gape. Moengele o ne a mo tsosa gape a re: ‘Ja. O tlhoka maatla gore o tswelele ka loeto lono.’ Ka jalo, Elija o ne a ja gape. Go tswa foo, o ne a tsamaya malatsi a le 40 le masigo a le 40 go fitlha a goroga kwa Thabeng ya Horebe. Fa a le koo, o ne a tsena mo logageng a bo a robala. Jehofa o ne a bua le ene a re: ‘O dira eng fano Elija?’ Elija o ne a re: ‘Baiseraele ga ba a diragatsa se ba neng ba se go solofeditse. Ba sentse dibeso tsa gago e bile ba bolaile baporofeti ba gago. Jaanong le nna ba batla go mpolaya.’

Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Tsamaya o ye go ema kwa godimo ga thaba.’ Go ne ga foka phefo e e maatla fa logageng. Go ne ga nna le thoromo ya lefatshe go tswa foo, ga nna le molelo. Elija o ne a utlwa lentswe le le bonolo le le kwa tlase. O ne a iphitlha ka seaparo sa gagwe mme a ema a tswela kwa ntle ga logaga. Jehofa o ne a mmotsa gore goreng a siile. Elija o ne a re: ‘Go setse nna fela.’ Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Ga o esi. Go na le batho ba le 7 000 mo Iseraele ba ba sa ntseng ba nkobamela. Tsamaya o ye go tlhoma Elisha go nna moporofeti mo boemong jwa gago.’ Elija o ne a tsamaya ka yone nako eo a ya go dira se Jehofa a reng a se dire. A o akanya gore Jehofa o tla go thusa fa o dira dilo tse a batlang o di dira? Ee, o tla go thusa. A re utlwe gore go ne ga direga eng ka nako ya leuba.

“Lo se ka lwa tshwenyega ka sepe, mme rapelang Modimo ka metlha, lo mo kope gore a lo kaele mo go sengwe le sengwe e bile lo mo leboge ka metlha.”​—Bafilipi 4:6

Dipotso: Goreng Elija a ne a sia? Jehofa o ne a raya Elija a reng?

1 Dikgosi 19:1-18; Baroma 11:2-4

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela