LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 48 ts. 116-ts. 117 ser. 2
  • Morwa wa Motlholagadi o a Tshela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Morwa wa Motlholagadi o a Tshela
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motlholagadi wa Kwa Sarepate O ne A Duelwa ka Ntlha ya Tumelo ya Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • A O Na le tumelo E E Tshwanang le ya ga Elija?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 48 ts. 116-ts. 117 ser. 2
Elija a bitsa motlholagadi yo o rwalelang dikgong

THUTO 48

Morwa wa Motlholagadi o a Tshela

Nkgo ya folouro le ya mafura

Ka nako ya leuba, Jehofa o ne a raya Elija a re: ‘Tsamaya o ye kwa Sarepate. Motlholagadi mongwe o tla go naya dijo koo.’ Fa Elija a le kwa dikgorong tsa motse, o ne a bona mosadi wa motlholagadi yo o humanegileng a rwalela dikgong. O ne a mo kopa metsi. Fa mosadi yono a ya go tsaya metsi, Elija o ne a mo raya a re: ‘Ke kopa o ntlele le borotho.’ Mosadi wa motlholagadi o ne a re: ‘Ga ke na borotho. Ke na le folouru le mafura a a lekaneng gore ke itirele dijo tse dinnye le morwaake.’ Elija o ne a mo raya a re: ‘Jehofa o go solofetsa gore fa o ka ntirela borotho, folouru le mafura a gago ga di na go fela go fitlha pula e na gape.’

Ka jalo, mosadi yono wa motlholagadi o ne a ya lapeng mme a direla moporofeti wa ga Jehofa borotho. Ka nako ya leuba, mosadi wa motlholagadi le morwawe ga ba ka ba felelwa ke dijo fela jaaka Jehofa a ba solofeditse. Dijana tsa gagwe tsa folouru le mafura di ne di nna di tletse.

Go tswa foo, go ne ga direga sengwe se se utlwisang botlhoko. Morwa wa motlholagadi yono o ne a lwala thata a bo a tlhokafala. Mosadi yono o ne a kopa Elija gore a mo thuse. Elija o ne a tsaya mosimane yoo mo go mmaagwe a bo a mo isa kwa kamoreng e e kwa godimo. O ne a mmaya mo bolaong a bo a rapela a re: ‘Jehofa, tsweetswee dira gore mosimane yono a tshele gape.’ A o itse gore ke eng fa Jehofa a ne a ka itumelela go dira seo? Ka gonne go ne go se na ope yo o kileng a tsosiwa mo baswing ka nako eo e bile mosadi yono wa motlholagadi le morwawe e ne e se Baiseraele.

Mosimane yoo o ne a tsoga mme a simolola go hema! Elija o ne a raya motlholagadi a re: ‘Bona! Morwa wa gago o a tshela.’ O ne a itumetse tota mme a raya Elija a re: ‘Ruri o monna yo o direlang Modimo. Ke itse seno ka gonne o bua fela se Jehofa a reng o se bue.’

Elija a naya motlholagadi morwawe yo o neng a tlhokafetse

“Elang tlhoko magakabe: Ga a jale e bile ga a robe; ga a na mabolokelo; le fa go ntse jalo, Modimo o a a fepa. A ga lo botlhokwa thata go feta dinonyane?”​—Luke 12:24

Dipotso: Motlholagadi wa kwa Sarepate o ne a bontsha jang gore o tshepa Jehofa? Re itse jang gore Elija e ne e le moporofeti wa Modimo?

1 Dikgosi 17:8-24; Luke 4:25, 26

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela