LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 49 ts. 118-ts. 119 ser. 2
  • Kgosigadi E e Sa Siamang e a Otlhaiwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgosigadi E e Sa Siamang e a Otlhaiwa
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesebele—Kgosigadi e e Bosula
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jehu o Emela Kobamelo e E Itshekileng ka Tlhagafalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Gone Jaanong ke Nako ya go Tsaya Kgato ka Bonako
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • O ne A Itshoka Fa a Ne a Direlwa Tshiamololo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 49 ts. 118-ts. 119 ser. 2
Batlhanka ba ga Jesebele ba mo latlhela kwa ntle ka fensetere

THUTO 49

Kgosigadi E e Sa Siamang e a Otlhaiwa

Fa Kgosi Ahabe a ne a ema fa fensetereng ya ntlo ya gagwe ya segosi kwa Jesereele, o ne a kgona go bona masimo a monna mongwe yo o bidiwang Nabothe. Ahabe o ne a batla go reka masimo a ga Nabothe. Nabothe o ne a gana go mo a rekisetsa ka gonne Molao wa ga Jehofa o ne o sa letle motho go rekisa lefelo le a le filweng e le boswa. A Ahabe o ile a tlotla Nabothe ka gonne a dirile selo se se siameng? Nnyaa. Ahabe o ne a galefa thata. O ne a galefile thata e bile a sa batle go tswa mo bolaong le go ja.

Mosadi yo o sa siamang wa ga Ahabe e bong Kgosigadi Jesebele o ne a mo raya a re: ‘Ke wena kgosi ya Iseraele. O ka nna le sengwe le sengwe se o se batlang. Ke tla dira gore masimo a le e nne a gago.’ O ne a kwalela banna ba bagolo ba motse lekwalo a ba laela gore ba latofatse Nabothe ka go re o tlhapaditse Modimo le gore Nabothe a bolawe ka maje. Banna bao ba ne ba dira jalo mme Jesebele o ne a raya Ahabe a re: ‘Nabothe o sule. Masimo ke a gago.’

Nabothe ga se ene fela motho yo o se nang molato yo o neng a bolawa ke Jesebele. Jesebele o bolaile batho ba le bantsi ba ba neng ba rata Jehofa. O ne a obamela medingwana gape a dira dilo tse dingwe tse di sa siamang. Jehofa o ne a bona dilo tsotlhe tse di maswe tse Jesebele a neng a di dira. O ne a tla dira eng ka ene?

Fa Ahabe a sena go swa, ngwana wa gagwe e bong Jehorame o ne a nna kgosi. Jehofa o ne a romela monna yo o bidiwang Jehu go ya go otlhaya Jesebele le lelapa la gagwe.

Jehu o ne a palama kara ya gagwe ya ntwa go ya Jesereele kwa Jesebele a neng a nna gone. Jehorame o ne a ya go kgatlhantsha Jehu ka kara ya gagwe a bo a mmotsa jaana: ‘A dilo tsotlhe di siame fa gare ga rona?’ Jehu o ne a re: ‘Dilo ga di na go siama fa fela mmago Jesebele a sa ntse a dira dilo tse di maswe.’ Jehorame o ne a leka go tshaba ka kara ya gagwe mme Jehu o ne a mo konopa ka lerumo a bo a swa.

Jehu o laela batho go latlhela Jesebele kwa tlase

Go tswa foo, Jehu o ne a ya kwa ntlong ya segosi ya ga Jesebele. Fa Jesebele a utlwa gore o mo tseleng, o ne a ipaakanya a itira montle a bo a ema mo fensetereng ya phaposi e e kwa godimo. Fa Jehu a goroga, Jesebele o ne a mo dumedisa ka lenyatso. Jehu o ne a raya batlhanka ba ga Jesebele ba ba neng ba eme gaufi le ene a re: ‘Mo digeleng kwa tlase!’ Ba ne ba kgarameletsa Jesebele kwa ntle ga fensetere, mme a wela fa fatshe a bo a swa.

Morago ga moo, Jehu o ne a bolaya bana ba basimane ba ga Ahabe ba le 70, a bo a senya lefelo le go neng go obamelwa Baale kwa go lone. A o a bona gore Jehofa o itse sengwe le sengwe le gore o emela nako e e siameng go atlhola batho ba ba dirang dilo tse di sa siamang?

“Boswa jo bo bonwang ka bopelotshetlha kwa tshimologong ga bo kitla bo nna tshegofatso kwa bofelong.”​—Diane 20:21

Dipotso: Jesebele o ne a dira eng gore a tseye masimo a ga Nabothe? Goreng Jehofa a ile a otlhaya Jesebele?

1 Dikgosi 21:1-29; 2 Dikgosi 9:1–10:30

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela