LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 54 ts. 130-ts. 131 ser. 1
  • Jehofa Ga a Ka a Tlhoboga Jona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa Ga a Ka a Tlhoboga Jona
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne A Ithuta go Nna Kutlwelobotlhoko
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Ithuta Thuto ya go Nna Pelotlhomogi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Buka ya Bibela ya bo 32—Yona
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Jona o Ithuta ka Boutlwelobotlhoko Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 54 ts. 130-ts. 131 ser. 1
Jona a nwela mo lewatleng fa tlhapi e kgolo e ntse e mo atamela

THUTO 54

Jehofa Ga a Ka a Tlhoboga Jona

Batho ba motse wa Asiria o o bidiwang Ninife ba ne ba sa siama. Jehofa o ne a raya moporofeti wa gagwe e bong Jona a re a ye go ba kgalema gore ba tlogele dilo tse di sa siamang. Mme Jona o ne a tshabela go sele. O ne a palama sekepe se se neng se ya Tareshishe.

Fa sekepe se ntse se tsamaya, go ne ga tsoga phefo e kgolo mme batsamaisasekepe ba ne ba tshogile. Ba ne ba rapela medimo ya bone ba ntse ba re: ‘Goreng seno se direga?’ La bofelo Jona a ba raya a re: ‘Ke nna ke direleng gore go nne le mathata. Ke tshabetse fano gore ke se ka ka dira se Jehofa a rileng ke se dire. Ntatlheleng mo lewatleng mme phefo e tla didimala.’ Batsamaisasekepe ba ne ba gana go latlhela Jona mo lewatleng, mme Jona o ne a ba pateletsa. Fa ba sena go mo latlhela mo lewatleng, lewatle le ne la didimala.

Jona o ne a akanya gore o tlile go swa. Fa a ntse a nwela mo metsing, o ne a rapela Jehofa. Jehofa o ne a romela tlhapi e kgolo gore e metse Jona mme ga a ka a swa. Jona o ne a rapela jaana a le mo teng ga tlhapi: ‘Ke go tshepisa gore ke tla nna ke go reetsa.’ Jehofa o ne a boloka Jona a sireletsegile mo teng ga tlhapi ka malatsi a le mararo. Go tswa foo o ne a dira gore tlhapi e mo kgwele kwa lefelong le le omileng.

Jehofa o ne a sireleditse Jona. A jaanong go ne go raya gore ga a tlhole a tlhoka go ya kwa Ninife? Nnyaa. Jehofa o ne a bolelela Jona gape gore a ye Ninife. Mo lekgetlhong leno, o ne a reetsa Jehofa. O ne a ya koo a bo a raya batho bao ba ba sa siamang a re: ‘Go setse malatsi a le 40 fela gore Ninife e senngwe.’ Go tswa foo, go ne ga direga sengwe se se makatsang—Baninife ba ne ba reetsa mme ba tlogela go dira dilo tse di maswe. Kgosi ya Ninife e ne ya raya batho e re: ‘Rapelang Modimo mme lo ikwatlhaye. Gongwe a ka re utlwela botlhoko.’ Fa Jehofa a lemoga gore batho ikwatlhaile, ga a ka a senya Ninife.

Jona a atamela Ninife

Jona o ne a galefela gore Jehofa ga a ka a senya batho bao. Akanya ka seno: Jehofa ga a ka a felela Jona pelo e bile o ne a mo utlwela botlhoko, mme Jona ene o ne a palelwa ke go utlwela batho ba Ninife botlhoko. Go na le moo, o ne a ya go nna kwa ntle ga motse mo moriting wa setlhatsana sa segwana a bo a tsupula molomo. Setlhatsana seo se ne sa swa mme Jona o ne a galefa. Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Ga o rate Baninife jaaka o rata setlhatsana seno. Ke ba utlwetse botlhoko mme ga ke a ba bolaya.’ Jehofa o ne a bontsha Jona gore batho ba Ninife ba botlhokwa go gaisa dimela.

“Jehofa . . . o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore motho ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba ikwatlhaye.”​—2 Petere 3:9

Dipotso: Jehofa o ne a ruta Jona eng? Re ithuta eng mo go se se diragaletseng Jona?

Jona 1:1–4:11

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela