LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 55 ts. 132
  • Moengele wa ga Jehofa O ne A Sireletsa Hesekia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moengele wa ga Jehofa O ne A Sireletsa Hesekia
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo ya Kgosi e a Duelwa
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Modimo o Thusa Kgosi Hesekia
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Badisa ba le Supa, Dikgosana di le Robedi—Se di Se Kayang mo go Rona Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Lefatshe Leno Ga le Na Thuso Epe
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 55 ts. 132
Moengele a tlhasela Baasiria kwa ba neng ba tlhomile ditente gone

THUTO 55

Moengele wa ga Jehofa O ne A Sireletsa Hesekia

Mmusomogolo wa Asiria o ne o gapile puso ya Iseraele ya ditso di le lesome. Jaanong kgosi ya Asiria e bong Senakaribe o ne a batla go gapa le puso ya ditso di le pedi ya Juda. O ne a simolola go gapa metse ya Juda ka bongwe ka bongwe. Mme motse o a neng a o batla thata ke Jerusalema. Senakaribe o ne a sa itse gore Jehofa o sireleditse Jerusalema.

Kgosi ya Juda e bong Hesekia o ne a duela Senakaribe madi a mantsi gore a se ka a tlhasela Jerusalema. Le fa Senakaribe a ne a tshotse madi ao, o ne a romela masole a gagwe a a maatla gore a ye go tlhasela Jerusalema. Fa masole a Asiria a ntse atamela Jerusalema, batho ba ne ba tshoga. Hesekia o ne a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa tshoga. Baasiria ba maatla mme Jehofa o tla dira gore re nne maatla go ba feta.’

Senakaribe o ne a romela morongwa wa gagwe e bong Rabeshake go ya go dira metlae ka batho ba Jerusalema. Rabeshake o ne a ema kwantle ga motse a bo a goa a re: ‘Jehofa a ka se lo thuse. Lo se ka lwa letla Hesekia a lo tsietsa. Ga gona modimo ope yo o ka lo sireletsang gore re se ka ra lo tlhasela.’

Hesekia o ne a botsa Jehofa gore a dire eng. Jehofa o ne a araba jaana: ‘O se ka wa tshosiwa ke se Rabeshake a se buang. Senakaribe a ka se tseye Jerusalema.’ Morago ga moo, Hesekia o ne a amogela makwalo a a tswang kwa go Senakaribe. Makwalo ao a ne a na le mafoko a a reng: ‘Ineele! Jehofa a ka se lo sireletse.’ Hesekia o ne a rapela jaana: ‘Tsweetswee, Jehofa, re boloke, gore batho botlhe ba itse gore ke wena fela Modimo wa boammaaruri.’ Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Kgosi ya Asiria ga e na go tla mo Jerusalema. Ke tla sireletsa motse wa me.’

Senakaribe o ne a ithaya a re o tlile go gapa Jerusalema. Mme bosigo bongwe, Jehofa o ne a romela moengele wa gagwe go ya kwa masole a Asiria a neng a tlhomile ditente tsa bone gone. Moengele o ne a bolaya masole a le 185 000! Masole a a maatla a ga kgosi Senakaribe a ne a swa. O ne a tshwanelwa ke go boela gae a fentswe. Jehofa o ne a sireletsa Hesekia le Jerusalema jaaka a ne a solofeditse. Fa o ne o le kwa Jerusalema ka nako eo, a o ne o tla tshepa Jehofa?

“Moengele wa ga Jehofa o sireletsa ba ba boifang Modimo, e bile o a ba golola.”​—Pesalema 34:7

Dipotso: Jehofa o ne a sireletsa Jerusalema jang? A o akanya gore Jehofa o tla go sireletsa?

2 Dikgosi 17:1-6; 18:13-37; 19:1-37; 2 Ditiragalo 32:1-23

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela