LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 65 ts. 154-ts. 155 ser. 1
  • Esethere o Boloka Baiseraele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Esethere o Boloka Baiseraele
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moredekai le Esethere
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Buka ya Bibela ya bo 17—Esethere
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • O ne A Dira Dilo ka Botlhale, a le Pelokgale e Bile a sa Ikakanyetse a le Esi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • O ne A le Botlhale, a le Pelokgale e Bile a Akanyetsa ba Bangwe
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 65 ts. 154-ts. 155 ser. 1
Kgosigadi Esethere a tsena mo ntlong ya ga Kgosi Ahasueruse e e sireleditsweng ke masole a mantsi

THUTO 65

Esethere o Boloka Baiseraele

Kgosigadi Esethere

Esethere e ne e le mosetsana wa Mojuda yo o neng a nna kwa motseng wa Peresia kwa Shushane. Go ne go fetile dingwaga di le dintsi Nebukadenesare a tshotse ba lelapa la gaabo kwa Jerusalema. O ne a godisitswe ke ntsalae e bong Moredekai, yo e neng e le modiredi wa ga Kgosi Ahasueruse wa Peresia.

Kgosi Ahasueruse o ne a batla kgosigadi e ntšha. Batlhanka ba gagwe ba ne ba mo tlisetsa basadi ba bantle thata mo nageng eo, mme Esethere e ne e le mongwe wa bone. Mo basading bao botlhe, kgosi e ne ya tlhopha Esethere gore e nne kgosigadi. Moredekai o ne raya Esethere a re a se ka a bolelela kgosi gore ke Mojuda.

Monna mongwe yo o mabela yo o bidiwang Hamane e ne e le moeteledipele wa dikgosana. O ne a batla gore mongwe le mongwe a khubame fa a mmona. Moredekai o ne a gana go dira jalo mme Hamane o ne a galefa tota e bile a batla go mmolaya. Fa Hamane a lemoga gore Moredekai ke Mojuda, o ne a loga leano la go bolaya Bajuda botlhe mo nageng eo. O ne a raya kgosi a re: ‘Bajuda ba kotsi; o tshwanetse go ba bolaya.’ Ahasueruse o ne a re: ‘Dira se o bonang se siame,’ a bo a mo naya tetla ya go baya molao. Hamane o ne a dira molao o o neng o re Bajuda botlhe ba tshwanetse go bolawa ka letsatsi la bo13 la kgwedi ya Adare. Jehofa o ne a lebile.

Esethere o ne a sa itse sepe ka molao oo. Ka jalo, Moredekai o ne a mo romelela khopi ya one a bo a mo raya a re: ‘Tsamaya o ye go bua le kgosi.’ Esethere o ne a re: ‘Motho yo o yang kwa kgosing a sa lalediwa o a bolawa. Go fetile malatsi a le 30 kgosi e sa ntaletse! Mme ke tla ya fela. Fa a ntshupa ka thobane ya gagwe ya segosi, ga ba kitla ba mpolaya. Fa a sa dire jalo, ke tla bolawa.’

Esethere o ne a ya kwa lelapeng la kgosi. Fa kgosi e mmona, e ne ya mo supa ka thobane. O ne a ya kwa kgosing e bo e mo raya e re: ‘Nka go thusa ka eng Esethere?’ O ne a re: ‘Ke kopa gore wena le Hamane lo tle moletlong.’ Morago ga moletlo oo wa dijo, Esethere o ne a ba laletsa go tla moletlong o mongwe gape. Fa ba le kwa moletlong oo, kgosi e ne ya botsa Esethere gape e re: ‘Nka go thusa ka eng?’ Esethere o ne a re: ‘Go na le mongwe yo o tlileng go mpolaya le batho ba gaetsho. Ke kopa o re boloke.’ Kgosi e ne ya re: ‘Ke mang yo o batlang go go bolaya?’ Esethere o ne a araba a re: ‘Ke monna yono yo o bosula, Hamane.’ Ahasueruse o ne a galefile tota! O ne a laela gore Hamane a bolawe ka yone nako eo.

Go ne go se na ope yo o ka fetolang molao wa ga Hamane. Kgosi le yone e ne e ka se o fetole. Ka jalo, kgosi e ne ya dira gore Moredekai e nne moeteledipele wa dikgosana a bo a mo naya tetla ya go dira molao o mosha. Moredekai o ne a tlhoma molao o o neng o tla thusa Bajuda go iphemela fa ba tlhaselwa. Ka letsatsi la bo13 la kgwedi ya Adare, Bajuda ba ne ba kgona go fenya baba ba bone. Go tloga ka nako eo, ba ne ba keteka letsatsi leo ngwaga le ngwaga.

“Mme lo tla isiwa kwa balaoding le kwa dikgosing ka gonne lo le balatedi ba me. Mme seo se tla lo naya tshono ya gore lo ba bolelele se lo se dumelang, bone mmogo le batho ba ditšhaba tse dingwe.”​—Mathaio 10:18

Dipotso: Hamane o ne a logela Bajuda leano lefe? Esethere o ne a bontsha jang gore o dumela mo go Jehofa?

Esethere 2:5-20; 3:1–5:8; 7:1–8:14; 9:1-28

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela