LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 101 ts. 234-ts. 235 ser. 4
  • Paulo o Romelwa Kwa Roma

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Paulo o Romelwa Kwa Roma
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna Pelokgale Gonne Jehofa o Tla go Thusa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • “Ga go na ope mo go lona yo o tla swang”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Rera Bogosi Jwa ga Jehofa ka Bopelokgale!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 101 ts. 234-ts. 235 ser. 4
Paulo le batho ba bangwe ba thuma fa sekepe se sena go thubega kwa lotshitshing lwa Maleta

THUTO 101

Paulo o Romelwa Kwa Roma

Loeto lwa boraro lwa ga Paulo lwa go rera lo ne lwa felela kwa Jerusalema. Fa a le koo, o ne a tshwarwa. O ne a lora Jesu a mo raya a re: ‘O tshwanetse go ya go rera kwa Roma.’ Paulo o ne a isiwa kwa Kaesarea mme o ne a fetsa dingwaga di le pedi mo kgolegelong ya koo. Fa Paulo a sekisiwa ke Mmusi Feseto, o ne a re: ‘Ke batla go sekisiwa ke Kaesara kwa Roma.’ Feseto o ne a mo raya a re: “O ikuetse kwa go Kaesara; o tla ya kwa go Kaesara.” Paulo o ne a tsenngwa mo sekepeng se se yang kwa Roma mme Luke le Arisetareko ba ne ba tsamaya le ene.

Go ne ga nna le phefo e e bogale mo lewatleng. Batho ba ba neng ba le mo sekepeng ba ne ba akanya gore ba tlile go swa. Mme Paulo o ne a ba raya a re: ‘Borra, moengele o ne a bua le nna mo torong a re: “Se boife Paulo. Wena le batho botlhe ba ba mo sekepeng seno lo tla goroga kwa Roma.” Ka jalo, se boifeng! Ga re kitla re swa.’

Phefo eo e ne e ya tswelela ka malatsi a le 14. Fa nako e ntse e ya, ba ne ba goroga kwa setlhaketlhakeng sa Maleta. Sekepe se ne sa itaagana mo majeng le go thubega mme batho botlhe ba le 276 ba ba neng ba le mo go sone ba ne ba falola. Bangwe ba ne ba thuma mme ba bangwe ba ne ba palama mo godimo ga diphatsa tsa sekepe seo ba thuma ka tsone. Batho ba kwa Maleta ba ne ba ba thusa le go gotsa molelo gore banna bano ba kgone go ikomosa.

Morago ga dikgwedi di le tharo, masole a ne a isa Paulo kwa Roma ka sekepe se sengwe. Fa Paulo a goroga, o ne a bona bakaulengwe ba gagwe mme a itumela a bo a leboga Jehofa. Paulo ga a ka a tsenngwa mo kgolegelong, o ne a tsenngwa mo ntlong mme a tlhokometswe ke lesole. O ne a nna koo dingwaga di le pedi. O ne a rerela batho ba ba neng ba tla go mo tlhola e bile a ba ruta ka Jesu. Gape o ne a kwalela diphuthego tsa kwa Asia Minor le Judea makwalo. Jehofa o ile a dirisa Paulo go isa dikgang tse di molemo kwa bathong ba ditšhaba tse dingwe.

“Ka dinako tsotlhe re bontsha gore re direla Modimo: re ne ra itshokela diteko di le dintsi, dipitlagano, dinako tse di boima le mathata.”​—2 Bakorintha 6:4

Dipotso: Goreng Feseto a ne a romela Paulo kwa Roma? Go ile ga diregang ka Paulo fa a le mo tseleng a ya kwa Roma?

Ditiro 21:30; 23:11; 25:8-12; 27:1–28:31; Baroma 15:25, 26

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela