PINA 102
‘Thusang ba ba Bokoa’
E e Gatisitsweng
1. Rotlhe re a leofa,
Metlha le metlha.
Mme seo ga se thibele
Jah go re rata.
O pelotlhomogi;
Gape o lorato.
Le rona re mo etseng,
Mme re ratane.
2. Ka dinako tse dingwe
Bangwe ba rona
Ba koafala tumelo,
Ba tlhoka thuso.
Mme Jah o’a ba rata,
O ba naya maatla.
A re ba kgatlhegeleng,
Mme re ba thuse.
3. A re se ka ra nyatsa
Ba ba bokoa.
Fa re le pelonomi,
Ba tla nna maatla.
A rotlhe re’itekeng,
Mme re ba kgothatseng.
Fa re ba ema nokeng,
Ba’a gomotsega.
(Bona le Isa. 35:3, 4; 2 Bakor. 11:29; Bagal. 6:2.)