PINA 113
Re Tshwanetse go Nna Kagiso
E e Gatisitsweng
1. Bakang Mmopi wa rona,
Yo o kagiso.
O tla khutlisa dintwa,
Go nne kutlwano.
Jesu Kreste ke Kgosi,
E e bonolo.
O tla fenya bosula,
Go nne kagiso.
2. Ga re tlhole re bua,
Puo e’e kgobang.
Re fetotse ditšhaka,
Go nna megoma.
Gore go nne kagiso,
Re’itshwarelaneng.
Re tshedisaneng mmogo,
Jaaka Bakreste.
3. Kagiso ya Modimo
Ke tshegofatso.
Re ikobela Mmopi
Go tswa dipelong.
Re tla ikemisetsa,
Go nna kagiso,
Go fitlha e anama,
Mo ’fatsheng lotlhe.
(Bona le Pes. 46:9; Isa. 2:4; Jak. 3:17, 18.)