PINA 118
“Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”
E e Gatisitsweng
1. Re batho ba ba sa itekanelang,
Metlha yotlhe re dira diphoso.
Go na le boleo jo bo tsietsang—
Go tlhoka tumelo mo Modimong.
(KHORASE)
Re a kopa, tlhe Jah re fe tumelo.
Re neye maatla a re a tlhokang.
Re a kopa, re utlwele botlhoko,
Gore re nne re go galaletsa.
2. O kgatlhwa ke ba ba nang le tumelo;
Ba ba’e bontshang ka ’tiro tsa bone.
Tumelo ya rona e’a sireletsa.
Re leba isagwe re sa boife.
(KHORASE)
Re a kopa, tlhe Jah re fe tumelo.
Re neye maatla a re a tlhokang.
Re a kopa, re utlwele botlhoko,
Gore re nne re go galaletsa.
(Bona le Gen. 8:21; Baheb. 11:6; 12:1.)