KGAOLO 4
Ditshedi Tse di Nang le “Difatlhego Tse Nnê” di Emela Eng?
SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Se re se ithutang mo ditsheding di le nnê
1, 2. Ke eng fa ka dinako dingwe Jehofa a ne a dirisa diponatshegelo le ditoro go ruta batho ba gagwe dilo dingwe tsa botlhokwa?
AKANYA ka lelapa le ithuta Baebele mmogo. Rre wa lelapa leo o bontsha bana ba gagwe ditshwantsho dingwe go ba thusa gore ba tlhaloganye se ba se ithutang mo Baebeleng. Bana bao ba simolola go tshegatshega go bontsha gore ba tlhaloganya se ba se ithutang. Ditshwantsho tseo di thusitse rre yoo gore a kgone go tlhalosetsa bana ba gagwe dilo dingwe ka Jehofa tse ba neng ba ka se kgone go di tlhaloganya.
2 Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ile a dirisa diponatshegelo le ditoro go thusa batho ba gagwe go tlhaloganya dilo tse di diragalang kwa legodimong tse go neng go ka nna thata gore ba di tlhaloganye. Ka sekai, Jehofa o ile a bontsha Esekiele ponatshegelo nngwe e e kgatlhang go tlhalosa dilo dingwe ka ga gagwe. Mo kgaolong e e fetileng, re ile ra tlotla ka ponatshegelo nngwe e Esekiele a ileng a e bona. Mma re tlotle ka karolo nngwe ya ponatshegelo eo mme re bone gore e kaya eng le gore e ka re thusa jang go atamalana le Jehofa.
“Ke ne Ka Bona . . . Dilo Tse di Tshwanang le Ditshedi Tse Nnê”
3. (a) Go ya ka Esekiele 1:4, 5, Esekiele o ile a bona eng mo ponatshegelong? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.) (b) Esekiele o ne a tlhalosa jang se a neng a se bona mo ponatshegelong?
3 Bala Esekiele 1:4, 5. Esekiele o ile a tlhalosa gore o ne a bona ditshedi tse nnê tse di tshwanang le baengele ba ba nang le setshwano sa motho le sa diphologolo. Ela tlhoko gore a re se a se boneng se ne se ‘tshwana le’ ditshedi. Mo ponatshegelong ya ga Esekiele e e mo kgaolo 1, fa a tlhalosa se a neng a se bona mo ponatshegelong eo, o ne a dirisa thata mafoko a a jaaka, “lebega jaaka,” “utlwala jaaka,” “utlwala e kete” le “tshwana le.” (Esek. 1:13, 24, 26) Esekiele o ne a itse gore dilo tse a neng a di bona di ne di tshwantshetsa dilo tse di diregang kwa legodimong.
4. (a) Esekiele o ne a ikutlwa jang ka dilo tse a neng a di bona mo ponatshegelong? (b) Esekiele a ka tswa a ne a itse eng ka ditšheruba?
4 Esekiele o tshwanetse a bo a ne a kgatlhilwe ke se a neng a se bona le se a neng a se utlwa mo ponatshegelong eo. Ditshedi tse nnê tse a ileng a di bona, di ne di lebega jaaka “magala a a tukang a molelo.” Di ne di tsamaya ka lobelo lo lo kwa godimo jaaka “go benya ga legadima.” Modumo wa diphuka tsa tsone o ne o utlwala “jaaka modumo wa metsi a a elelang” mme fa di ne di tsamaya go ne go utlwala “e kete ke modumo wa masole.” (Esek. 1:13, 14, 24-28; bona lebokoso le le reng, ‘Ke ne Ke Lebile Ditshedi.’) Mo ponatshegelong e Esekiele a neng a e bona moragonyana, o ne a re ditshedi tseo ke “ditšheruba” kgotsa baengele ba ba maatla. (Esek. 10:2) E re ka Esekiele a ne a goletse mo lelapeng la baperesiti, a ka tswa a ne a itse gore ditšheruba di direla Modimo e bile di nna di le gaufi le ene.—1 Ditir. 28:18; Pes. 18:10.
Setshedi “Sengwe le Sengwe Se ne Se na Le Difatlhego di le Nnê”
5. (a) Goreng re ka re difatlhego tse nnê tsa ditšheruba di bontsha gore Jehofa o a galalela e bile o na le maatla a magolo? (b) Goreng tsela e Esekiele a tlhalosang ditshedi tseno ka yone e re gopotsa bokao jwa leina la Modimo? (Bona ntlha e e kwa tlase.)
5 Bala Esekiele 1:6, 10. Esekiele o ne a lemoga gore tšheruba nngwe le nngwe e ne e na le difatlhego di le nnê. E ne e na le sefatlhego sa motho, sa tau, sa poo le sa ntsu. Esekiele o tshwanetse a bo a ile a ithuta go le gontsi ka maatla a ga Jehofa le kgalalelo ya gagwe fa a ne a bona difatlhego tseno. Goreng re rialo? Ka gonne sefatlhego sengwe le sengwe e ne e le sa setshedi se se itsegeng ka seriti, maatla le bogolo. Re a itse gore tau ke phologolo e e nang le seriti se se boitshegang, poo ke phologolo e e mashetla mme ntsu yone ke nonyane e ntle le e e maatla. Motho ene ke setshedi se se kgethegileng go gaisa ditshedi tsotlhe tse Modimo a di bopileng mo lefatsheng e bile o neilwe taolo ya gore a laole sengwe le sengwe se Modimo a se bopileng mo lefatsheng. (Pes. 8:4-6) Mme gone mo ponatshegelong eno, ditshedi tseno tse di nang le difatlhego tse nnê, di ne di eme mo tlase ga setulo sa bogosi sa ga Jehofa yo e leng ene Molaodimogolo wa sengwe le sengwe. Ponatshegelo eno, e re thusa go bona gore Jehofa o kgona go dirisa dilo tse a di bopileng go diragatsa boikaelelo jwa gagwe.a Ke gone ka moo mopesalema o neng a re, “bogosi jwa gagwe bo busa sengwe le sengwe.”—Pes. 103:19; 148:13.
Ditshedi tse nnê le difatlhego tsa tsone tse nnê, di re ruta eng ka bogolo, kgalalelo le dinonofo tsa ga Jehofa? (Bona serapa 5 le 13)
6. Ke eng gape se se ka tswang se thusitse Esekiele go tlhaloganya gore difatlhego tse nnê di emela eng?
6 Fa Esekiele a sena go akanya ka se a ileng a se bona mo ponatshegelong, a ka tswa a ile a gopola gore batlhanka bangwe ba Modimo ba ile ba dira dikai ka diphologolo fa ba ne ba tlhalosa sengwe. Ka sekai, Jakobe o ile a re Juda o tshwana le tau a bo a re Benjamine o tshwana le phiri. (Gen. 49:9, 27) Ke eng fa a ne a re jalo? Ka gonne tau le phiri di na le mekgwa kgotsa dinonofo dingwe tse banna bano ba neng ba tla itsege ka tsone. Ka jalo, dikai tse di ntseng jalo tsa mo dikwalong, di ka tswa di ile tsa dira gore Esekiele a lemoge gore difatlhego tsa ditšheruba le tsone di tshwantshetsa dinonofo dingwe. Mme gone di ne di tshwantshetsa dinonofo dife?
Dinonofo Tsa ga Jehofa le Baengele
7, 8. Difatlhego tse nnê tsa ditšheruba di emela dinonofo dife?
7 Bakwadi ba Baebele ba ba neng ba tshela pele ga Esekiele, ba ne ba re tau, ntsu le poo di itsege ka eng? Ela tlhoko se ba ileng ba se bua: “Monna yo o pelokgale yo pelo ya gagwe e tshwanang le ya tau.” (2 Sam. 17:10; Diane 28:1) “Ntsu e fofela kwa godimo” e bile “matlho a yone a kgona go bonela kgakala.” (Jobe 39:27, 29) “Maatla a poo a dira gore go nne le thobo e kgolo.” (Diane 14:4) Go ya ka ditemana tseno, sefatlhego sa tau e e pelokgale se emela tshiamiso, sefatlhego sa ntsu e e bonelang kgakala se emela botlhale mme sefatlhego sa poo se emela maatla a a boitshegang.
8 “Sefatlhego sa motho” sone se emela eng? (Esek. 10:14) E re ka batho ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo, sefatlhego sa motho se tshwanetse sa bo se emela nonofo e e ka bontshiwang fela ke batho e seng diphologolo. (Gen. 1:27) Nonofo eo e e tlhomologileng, re e bona mo taelong eno e e reng: “O tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe ya gago” le e e reng, “o tshwanetse go rata motho yo mongwe jaaka o ithata.” (Dute. 6:5; Lefi. 19:18) Fa re ikobela ditaelo tseno, re a bo re bontsha gore Jehofa o lorato. Seno se tsamaisana le se moaposetoloi Johane a neng a se bua. O ne a re: “Re rata ba bangwe ka gonne [Modimo] a re ratile pele.” (1 Joh. 4:8, 19) Ka jalo, “sefatlhego sa motho” se emela lorato.
9. Ke bomang ba ba nang le dinonofo tse di emelwang ke difatlhego tsa ditšheruba?
9 Ke bomang ba ba nang le dinonofo tseno? E re ka re setse re tlhalositse gore difatlhego tseno ke tsa ditšheruba le gore ditšheruba tseno di emela baengele botlhe ba ga Jehofa, seno se raya gore baengele ba ga Jehofa ke bone ba ba nang le dinonofo tseno. (Tshen. 5:11) Gape, e re ka Jehofa e le ene a neileng ditšheruba botshelo, go raya gore dinonofo tseno di tswa mo go ene. (Pes. 36:9) Ka jalo, difatlhego tsa ditšheruba di emela dinonofo tsa ga Jehofa. (Jobe 37:23; Pes. 99:4; Diane 2:6; Mika 7:18) Jehofa o bontsha dinonofo tseno ka ditsela dife?
10, 11. Dinonofo tse nnê tsa konokono tsa ga Jehofa di re tswela mosola ka ditsela dife?
10 Tshiamiso. Jehofa ke Modimo yo o ‘ratang tshiamiso’ ka jalo, ga a ‘tlhaole ope.’ (Pes. 37:28; Dute. 10:17) Seno se raya gore, le fa re ka tswa re humile, re humanegile kgotsa re godisitswe ka ditsela tse di sa tshwaneng, rotlhe re na le tshono ya go nna batlhanka ba gagwe le go tshelela ruri re itumetse. Botlhale. Jehofa ke Modimo yo “o botlhale” ka jalo, o re neile buka e e nang le “botlhale jo bo mosola.” (Jobe 9:4; Diane 2:7) Fa re dirisa kgakololo e e mo Baebeleng, re tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng le go itumelela botshelo. Maatla. Jehofa Modimo o na le “maatla a magolo” ka jalo, o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go re naya “maatla a a sa tlwaelegang.” Maatla ano a tla re thusa gore re itshoke le fa re ka iphitlhela re le mo gare ga dinaka tsa kukama.—Nah. 1:3; 2 Bakor. 4:7; Pes. 46:1.
11 Lorato. Jehofa Modimo “o na le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng” ka jalo, ga a ke a latlha batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Pes. 103:8; 2 Sam. 22:26) Seno se raya gore le fa re ka tswa re sa tlhole re kgona go direla Jehofa jaaka pele ka gonne re lwala kgotsa botsofe bo iphile maatla, re gomodiwa ke gore ga a kitla a lebala tiro e re neng re mo e direla re sa ntse re na le mashetla. (Baheb. 6:10) Re kgona go bona gore tshiamiso, botlhale, maatla le lorato lwa ga Jehofa, di re tswela mosola e bile di tla re tswela mosola le mo nakong e e tlang.
12. A re kgona go tlhaloganya dinonofo tsa ga Jehofa ka botlalo? Tlhalosa.
12 Re tshwanetse go gopola gore ga re itse sengwe le sengwe ka dinonofo tsa ga Jehofa. Se re se itseng ke “maoko fela a ditiro tsa gagwe.” (Jobe 26:14) “Ga re ka ke ra kgona go tlhaloganya Mothatayotlhe” ka gonne “bogolo jwa gagwe ga bo ka ke jwa tlhaloganngwa.” (Jobe 37:23; Pes. 145:3) Ka jalo, dinonofo tsa ga Jehofa ga di balege e bile ga o ka ke wa di kgaoganya. (Bala Baroma 11:33, 34.) Se Esekiele a neng a se bona mo ponatshegelong, se gatelela ntlha eno jang?
Difatlhego di le Nnê, Diphuka di le Nnê le Matlhakore a le Manê
13, 14. Difatlhego tse nnê tsa ditšheruba di emela eng, mme ke eng fa re re jalo?
13 Mo ponatshegelong e Esekiele a neng a e bona, tšheruba nngwe le nngwe e ne e na le difatlhego tse nnê. Seno se kaya eng? Go le gantsi mo Baebeleng, palo eno e dirisiwa go tlhalosa sengwe se se feletseng. (Isa. 11:12; Math. 24:31; Tshen. 7:1) Mo ponatshegelong eno, Esekiele o ile a umaka palo eno makgetlo a le mantsinyana. (Esek. 1:5-18) Ka jalo, fela jaaka ditšheruba tse nnê di emela baengele botlhe ba ga Jehofa ba ba ikanyegang, difatlhego tse nnê tsa ditšheruba le tsone fa di kopane di emela dinonofo tsotlhe tsa ga Jehofa.b
14 Gore re kgone go tlhaloganya gore ke eng fa re re difatlhego tse nnê tsa ditšheruba ga di emele dinonofo di le nnê fela tsa ga Jehofa, mma re tlotle ka maotwana a le manê a Esekiele a ileng a a bona mo ponatshegelong eno. Leotwana lengwe le lengwe la kara le lentle mme fa maotwana ano a le otlhe, a mantle le go feta ka gonne ke karolo e e botlhokwa thata mo kareng yotlhe. Ka tsela e e tshwanang, difatlhego di le nnê fa di le tsotlhe ga di emele fela dinonofo di le nnê tsa ga Jehofa mme di emela dinonofo tsotlhe tsa gagwe kgotsa botho jwa gagwe.
Jehofa ga a Latlhe Batlhanka ba Gagwe ba ba Ikanyegang
15. Esekiele o ile a ithuta eng mo ponatshegelong ya ntlha e a ileng a e bona?
15 Mo ponatshegelong ya ntlha, Esekiele o ile a ithuta sengwe sa botlhokwa le se se itumedisang ka botsala jwa gagwe le Jehofa. O ile a ithuta eng? O tla gopola gore kwa tshimologong, o ile a tlhalosa gore o ne a le “kwa lefatsheng la Bakaladia.” Go tswa foo, o ne a re: “Fa ke le koo, ke ne ka utlwa maatla a ga Jehofa a le mo go nna.” (Esek. 1:3) Ela tlhoko gore Esekiele ga a re o ne a le kwa Jerusalema mme a re o ne a le kwa Babelona.c Ka jalo, o ile a lemoga gore le fa a ne a le kwa botshwarwa e bile a sa kgone go ya kwa tempeleng, Jehofa o ne a sa mo latlha e bile o ne a sa ntse a ka kgona go mo obamela. Fa Esekiele a ne a bona ponatshegelo eo a le kwa Babelona, o ile a lemoga gore a ka kgona go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang gongwe le gongwe kwa a leng teng go sa kgathalesege maemo a gagwe a itsholelo. Gape o ile a lemoga gore sa botlhokwa ke maitlhomo a gagwe le gore o ikutlwa jang ka go direla Jehofa.
16. (a) Ponatshegelo ya ga Esekiele e re gomotsa jang? (b) Ke eng se se dirang gore o direle Jehofa ka bojotlhe?
16 Se Esekiele a ileng a se ithuta se a re gomotsa. Goreng re rialo? Se re thusa go lemoga gore le fa re ka tswa re le kae, re kgobegile marapo kgotsa re le mo maemong afe, Jehofa ga a kitla a re latlha fa fela re mo direla ka pelo yotlhe. (Pes. 25:14; Dit. 17:27) E re ka Jehofa a re rata, ga a re felele pelo ka bonako. (Ekes. 34:6) Ka jalo, ga go na sepe se se ka dirang gore Jehofa a se ka a tlhola a re rata. (Pes. 100:5; Bar. 8:35-39) Mo godimo ga moo, ponatshegelo eno e re ruta gore Jehofa o boitshepo e bile o na le maatla a magolo mme seno se re gopotsa gore ke ene fela yo re tshwanetseng go mo obamela. (Tshen. 4:9-11) Re a leboga go bo Jehofa a ile a dirisa diponatshegelo tse di tshwanang le tseno go re thusa go tlhaloganya dintlha tsa botlhokwa ka ga gagwe le ka botho jwa gagwe. Fa re tlhaloganya botho jwa ga Jehofa ka botlalo, re tla atamalana thata le ene e bile re tla mo direla ka bojotlhe.—Luke 10:27.
Ga go na sepe se se ka dirang gore Jehofa a se ka a tlhola a re rata (Bona serapa 16)
17. Re tla tlotla ka dipotso dife mo dikgaolong tse di latelang?
17 Se se utlwisang botlhoko ke gore ka nako ya ga Esekiele, batho ba ne ba sa tlhole ba obamela Modimo ka tsela e e mo itumedisang. Go tlile jang gore seo se direge? Jehofa o ile a dira eng? Mme dilo tse di neng di direga ka nako eo, rona di re ama jang? Re tla tlotla ka dipotso tseno mo dikgaolong tse di latelang.
a Tsela e Esekiele a tlhalosang ditshedi tseno ka yone, e re gopotsa leina la Modimo le le kayang, “O Dira Gore go Diragale.” Seno se raya gore Jehofa a ka kgona go dirisa dilo tse a di bopileng go diragatsa boikaelelo jwa gagwe.—Bona Dintlha Tse di Oketsegileng A4 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha.
b Dikgatiso tsa rona di ile tsa sekaseka dinonofo tsa ga Jehofa di ka nna 50.—Bona Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa o bo o ya kwa setlhogong se se reng, “Jehofa Modimo,” o bo o ya kwa setlhogwaneng se se reng, “Dinonofo Tsa ga Jehofa.”
c Moithuti mongwe wa Baebele o ne a re mafoko a a reng, “‘fa ke le koo,’ a bontsha gore Esekiele o ne a gakgametse thata. . . . Modimo o ne a le koo kwa Babelona! Seno se ile sa mo gomotsa tota!”