LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • CO-pgm17 ts. 7-8
  • Tshedimosetso ya Batlakopanong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tshedimosetso ya Batlakopanong
  • Thulaganyo ya Kopano ya Tikologo ya 2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DIPOKANO TSE DI KGETHEGILENG
  • TSHEDIMOSETSO YA BATLAKOPANONG
  • Tshedimosetso ya Batlakopanong
    Thulaganyo ya Kopano ya Tikologo ya 2018
  • Tshedimosetso Ya ba Ba Tlileng mo Kopanong
    Thulaganyo ya Kopano ya Tikologo ya 2019
  • Tshedimosetso Ya ba Ba Tlileng mo Kopanong
    Thulaganyo ya Kopano ya Tikologo ya 2020
  • Tshedimosetso Ya ba Ba Tlileng mo Kopanong
    Thulaganyo ya Kopano ya Tikologo ya 2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Thulaganyo ya Kopano ya Tikologo ya 2017
CO-pgm17 ts. 7-8

Tshedimosetso ya Batlakopanong

DIPOKANO TSE DI KGETHEGILENG

TIRELO YA BETHELE Baboledi ba ba kolobeditsweng ba ba dingwaga di le 35 kgotsa kwa tlase ba ba eletsang go direla kwa Bethele, ba tshwanetse go rulaganyetsa go nna teng kwa pokanong e e tla tshwarwang ka Labotlhano thapama. Go tla itsisiwe nako le lefelo le pokano eno e tla tshwarelwang kwa go lone.

SEKOLO SA BABOLEDI BA BOGOSI Babulatsela ba dingwaga tse di magareng ga 23 le 65 ba ba kgatlhegelang go oketsa bodiredi jwa bone, ba lalediwa go nna teng mo pokanong ya ba ba batlang go ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi, e e tla tshwarwang ka Sontaga thapama. Go tla itsisiwe nako le lefelo le pokano eno e tla tshwarelwang kwa go lone.

TSHEDIMOSETSO YA BATLAKOPANONG

BATLHOKOMEDI Batlhokomedi ba neilwe maikarabelo a gore ba go thuse. Tsweetswee dirisana le bone fa ba go kaela gore o phake kae, o tsene le go tswa kae le gore o tshwanetse go dirang fa go tla mo kgannyeng ya go beela batho manno le dilo tse dingwe.

KOLOBETSO Batho ba ba yang go kolobediwa ba tla bo ba beetswe manno fa pele ga serala ntle le fa go tlhalositswe ka tsela nngwe. Ba tshwanetse ba bo ba le mo lefelong le ba le rulaganyeditsweng pele ga puo ya kolobetso e simologa ka Matlhatso mo mosong. Mongwe le mongwe o tshwanetse go itlela ka toulo le diaparo tse di lebegang sentle tsa go thuma.

MENEELO Go dirisitswe madi a mantsi go rulaganyetsa gore go nne le manno a a lekaneng, gore go nne le dibuelagodimo, dibidio le ditirelo tse dingwe tse dintsi tse di tla thusang gore kopano eno e itumedise e bo e re thuse go atamalana le Jehofa. Meneelo e lo e ntshang e thusa go duelela ditshenyegelo tseno le go ema nokeng tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Gore lo kgone go ntsha meneelo, go beilwe mabokose a a tshwailweng mo lefelong leno. Meneelo yotlhe e anaanelwa fela thata. Setlhopha se se Laolang se leboga meneelo e lo e ntshang go tshegetsa tiro ya Bogosi.

THUSO YA POTLAKO Tsweetswee gakologelwang gore lephata leno ke la MAEMO A TSHOGANYETSO FELA.

LEFAPHA LA DILO TSE DI LATLHEGILENG Fa o latlhegetswe ke sengwe, o ka ya go se senka kwa lefapheng leno. Bana ba ba timetseng ba tshwanetse go isiwa kwa lefapheng leno. Le fa go ntse jalo, lefapha leno ga le a tshwanela go tsewa e le la go tlhokomela bana. Tsweetswee tlhokomelang bana ba lona.

MANNO Tsweetswee akanyetsa batho ba bangwe. Gakologelwa gore manno a tshwanetse go beelwa fela ba losika, batho ba o tsamayang le bone ka koloi kgotsa ba o ithutang Baebele le bone. Tsweetswee o se ka wa baya sepe mo ditulong tse di se nang ope.

TIRELO YA BOITHAOPO Fa o rata go ithaopela go thusa ka tiro nngwe mo kopanong, tsweetswee ya go ikwadisa kwa Lephateng la Tshedimosetso le la Tirelo ya Boithaopo.

E rulagantswe ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela