LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rr ts. 14
  • Se se Mo Bukeng ya Esekiele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se se Mo Bukeng ya Esekiele
  • Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buka ya Bibela ya bo 26—Esekiele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Jaanong Bokhutlo bo Gorogile mo go Wena”
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—II
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—I
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
rr ts. 14

LEBOKOSE LA GO RUTA 1B

Se se Mo Bukeng ya Esekiele

Buka ya Esekiele e kgaogantswe jaana:

Mabokose a a mebala a a bontshang gore buka ya Esekiele e kgaogantswe jang.

KGAOLO 1 GO YA GO 3

Ka 613 B.C.E., fa Esekiele a ne a na le Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa kwa Babelona, o ne a bona diponatshegelo tse di tswang kwa go Jehofa. Gape Jehofa o ne a mo laela gore a bolelele Bajuda ba ba neng ba nna gaufi le noka ya Kebare se se neng se tla direga.

KGAOLO 4 GO YA GO 24

Go tloga ka 613 B.C.E. go fitlha ka 609 B.C.E., Esekiele o ne a bolelela Bajuda ka se se neng se tla direga. O ne a bua segolobogolo ka katlholo e e neng e tla tlela Jerusalema le batho ba Jerusalema ba ba neng ba obamela medingwana.

KGAOLO 25 GO YA GO 32

Go simologa ka 609 B.C.E., ngwaga o Bababelona ba neng ba tloga ba tlhasela Jerusalema ka one, Esekiele o ne a simolola go bua ka katlholo e e neng e tla tlela ditšhaba tse di neng di le gaufi le Jerusalema. Ditšhaba tseo e ne e le Amona, Edoma, Egepeto, Moabe, Filisitia, Sidona le Ture.

KGAOLO 33 GO YA GO 48

Mo masimologong a 606 B.C.E., fa Jerusalema le tempele di lalaane e bile e le marope fela, Esekiele o ne a simolola go bua ka molaetsa wa tsholofelo. O ne a bua ka nako ya fa batho botlhe ba tla bong ba obamela Jehofa Modimo ka tsela e e mo itumedisang.

Ditiragalo tse di mo bukeng ya Esekiele di kwadilwe ka go latelana. Buka eno e simolola pele ka boporofeti jo bo buang ka go senngwa ga Jerusalema le tempele. Go tswa foo, e bo e bua ka nako ya fa batho botlhe ba tla bong ba obamela Jehofa Modimo ka tsela e e mo itumedisang. Seno se a utlwala ka gonne go ka se ka ga simololwa ka boporofeti jo bo buang ka nako ya fa batho botlhe ba tla bong ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang mme go sa ntse go na le batho ba ba mo obamelang ka tsela e e mo itumedisang kwa tempeleng.

Gape, fa Esekiele a sena go bua ka katlholo e e neng e tla tlela Jerusalema, o ne a bua ka katlholo e e neng e tla tlela ditšhaba tse di neng di le gaufi le Jerusalema (kgaolo 25 go ya go 32). Go tswa foo, e bo e nna gone a buang ka nako ya fa batho botlhe ba tla bong ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Moithuti mongwe wa Baebele a re: “Fa Modimo a sena go bua ka katlholo e e neng e tla tlela Jerusalema, go a utlwala gore morago ga moo a bue ka katlholo e e neng e tla tlela ditšhaba tse di neng di le gaufi le Jerusalema. Seno ke ka gonne fa Modimo a ne a otlhaya ditšhaba tseo, o ne a bontsha batho ba gagwe kutlwelobotlhoko.”

Boela kwa kgaolo 1, serapa 18

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela