PINA 161
Go Dira Thato ya Gago go a Intumedisa
1. Fa Jesu a kolobediwa,
O ne a’ikemiseditse
Go dira thato ya ’go Mmopi
Ka gonne a go rata.
Mme fa Satane a mo raela,
Ga a ka a ineela.
O ne a ema a nitame.
Ke batla go mo etsa.
(KHORASE)
Go dira thato ya ’go Jah,
Ruri go’a intumedisa.
Go ntlisetsa kgotsofalo.
Ke tla nna ke go baka.
Go dira thato ya ’go Jah,
Go nneile tsholofelo:
Ke’itse gore o a nthata.
Ke tla go ikobela
’Nako tsotlhe.
2. Fa’e sa le ke go’itse Jehofa,
Ke’itumelela botshelo.
Ke tla rerela batho botlhe,
Ke ba ruta ka wena.
Go dira le batho ba gago
Go a itumedisa.
Ruri ke tshiamelo e kgolo
Go bidiwa ka wena.
(KHORASE)
Go dira thato ya ’go Jah,
Ruri go’a intumedisa.
Go ntlisetsa kgotsofalo.
Ke tla nna ke go baka.
Go dira thato ya ’go Jah,
Go nneile tsholofelo:
Ke’itse gore o a nthata.
Ke tla go ikobela.
Ke tla dira
Thato ya gago Jah.
(Bona le Pes. 40:3, 10.)