LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lmd thuto 6
  • Nna Pelokgale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Pelokgale
  • Rata Batho—Dira Barutwa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Jesu a Ileng a se Dira
  • Re Ithuta Eng mo go Jesu?
  • Etsa Jesu
  • Etsa Jesu—Rera ka Bopelokgale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A o Rera ka Bopelokgale?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • “Bua Lefoko La Modimo Ka Bopelokgale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Nna o Bue Lefoko la Modimo ka Bopelokgale
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Rata Batho—Dira Barutwa
lmd thuto 6

FA O SIMOLOLA MOTLOTLO

Batho ba gakgametse fa Jesu a kopa Sakaio gore a fologe setlhare.

Luke 19:1-7

THUTO 6

Nna Pelokgale

Molaomotheo: “Modimo o ne a re thusa gore re nne pelokgale go lo rerela dikgang tse di molemo.”​—1 Bathes. 2:2.

Se Jesu a Ileng a se Dira

Batho ba gakgametse fa Jesu a kopa Sakaio gore a fologe setlhare.

BIDIO: Jesu o Rerela Sakaio

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Luke 19:1-7. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1. Goreng batho bangwe ba ka tswa ba ne ba sa rate go bua le Sakaio?

  2. Mme ke eng se se dirileng gore Jesu a mo rerele?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. Re tshwanetse go nna pelokgale gore re kgone go rerela mongwe le mongwe molaetsa wa Bogosi.

Etsa Jesu

3. Ikaege ka Jehofa. Moya wa Modimo o ile wa thusa Jesu gore a kgone go rera, mme le wena o ka go thusa. (Math. 10:19, 20; Luke 4:18) Kopa Jehofa gore a go neye bopelokgale jwa go rerela batho ba o ka tswang o tshaba go bua le bone.​—Dit. 4:29.

4. O se ka wa akanya gore batho ba ka se amogele molaetsa. Re ka nna ra okaoka go rerela batho ka ntlha ya tsela e ba lebegang ka yone, e ba tshelang ka yone, maemo a bone le dilo tse ba di dumelang. Nna o gopotse gore:

  1. Jehofa le Jesu ba kgona go bona se se mo pelong, mme rona ga re kgone.

  2. Jehofa a ka kgona go thusa mongwe le mongwe gore a fetoge.

5. Nna pelokgale, mme gape nna maitseo o bo o nne kelotlhoko. (Math. 10:16) O se ka wa ngangisana le batho. Emisa motlotlo fa motho a sa batle go reetsa kgotsa fa o ikutlwa o sa sireletsega.​—Diane 17:14.

BONA LE

Dit. 4:31; Baef. 6:19, 20; 2 Tim. 1:7

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela