LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lmd thuto 12
  • Nna Sebete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Sebete
  • Rata Batho—Dira Barutwa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Jesu a Ileng a se Dira
  • Re Ithuta Eng mo go Jesu?
  • Etsa Jesu
  • Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone Gore ba Kolobediwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Bobedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • ‘Jalo Tsamayang Mme lo Dire Barutwa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Rata Batho—Dira Barutwa
lmd thuto 12

FA O DIRA BARUTWA

Jesu o bua le monna yo o khubameng fa pele ga gagwe le barutwa.

Mar. 10:17-22

THUTO 12

Nna Sebete

Molaomotheo: “Leokwane le maswalo di itumedisa pelo; go ntse jalo le ka botsala jo bo molemo jo bo nnang gone ka ntlha ya kgakololo e e tswang pelong.”​—Diane 27:9.

Se Jesu a Ileng a se Dira

Jesu o bua le monna yo o khubameng fa pele ga gagwe le barutwa.

BIDIO: Jesu o Gakolola Lekawana le le Humileng

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Mareko 10:17-22. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1. Ke dilo dife tse dintle tse Jesu a ka tswang a di bone mo lekawaneng leno?

  2. Goreng Jesu a ne a tlhoka go rata lekawana leno le go nna sebete gore a kgone go le gakolola?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. Le fa re rata batho ba re ithutang le bone, re tshwanetse go ba bolelela se ba tlhokang go se dira gore ba kgone go tswelela ba atamalana le Jehofa.

Etsa Jesu

3. Thusa motho yo o ithutang le ene gore a ipeele mekgele le gore a e fitlhelele.

  1. Dirisa karolo ya “Leka go Dira Seno” e e mo thutong nngwe le nngwe mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri!

  2. Thusa motho yo o ithutang le ene gore a itse gore o tshwanetse go dira eng gore a fitlhelele mekgele e a ipeetseng yone.

  3. Mo akgole fa a ntse a dira diphetogo.

4. Leka go bona gore ke eng se se dirang gore motho yo o ithutang le ene a se ka a dira diphetogo, mme o mo thuse.

  1. Ipotse go re:

    • ‘Ke eng se se dirang gore motho yo ke ithutang le ene a se ka a kolobediwa?’

    • ‘Nka mo thusa jang?’

  2. Kopa Jehofa gore a go thuse gore o nne le sebete sa go tlhalosetsa motho yo o ithutang le ene gore o tshwanetse go dira eng.

5. O se ka wa tswelela o ithuta le motho fa a sa dire diphetogo.

  1. Leka go bona gore a motho yo o ithutang le ene o dira diphetogo. Ipotse go re:

    • ‘A o dirisa se a se ithutang?’

    • ‘A o tla dipokanong e bile o bolelela ba bangwe se a se ithutang?’

    • ‘Fa e le gore o na le nako e telele a ithuta, a o batla go nna Mosupi wa ga Jehofa?’

  2. Fa e le gore motho yo o ithutang le ene ga a dire diphetogo:

    • Mmotse gore ke eng se se ka tswang se dira gore a se ka a dira diphetogo.

    • Mo tlhalosetse gore ke eng fa o emisa thuto.

    • Mmolelele gore o tshwanetse go dira eng fa e le gore o batla go boa a ithuta gape mo nakong e e tlang.

BONA LE

Pes. 141:5; Diane 25:12; 27:6; 1 Bakor. 9:26; Bakol. 4:5, 6

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela