LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 2/1 ts. 30
  • “Tshimo e e Kgethegileng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tshimo e e Kgethegileng”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sana ba Sekolo ba Basupi ba Akgotswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • O ne A Rata Se a Se Ithutileng
    Tsogang!—2006
  • Ba Baka Jehofa Kwa Sekolong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Basha—Jehofa Ga a Na go Lebala Tiro ya Lona!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 2/1 ts. 30

“Tshimo e e Kgethegileng”

BASHA ba bantsi ba Bakeresete ba ile ba nna le pono ya gore sekolo ke “tshimo e e kgethegileng” ya bone, mme jalo ba ntsheditse dibaka tsa go neela barutabana mmogo le bao ba tsenang sekolo le bone bosupi matlho dinameng. Tlhokomela diphelelo tse di molemo tseo Susan a ileng a nna le tsone, mosetsana wa dingwaga di le 13 wa kwa Canada.

“Ka December morutabana wa me o ne a kopa tlelase gore e kwale ‘tlhamo’ ka kgang nngwe ya Keresemose. Ke ne ka tlhopha ‘Pego Malebana le ka Moo Keresemose e Simologileng ka Gone’ jaaka setlhogo sa me. Ke ne ka kgona go kwala ka go dirisa di-encyclopedia tsa sekolo le ditlhogo tsa Awake! go dira ditshupiso. Ke ne ka kgona go kwala pego e sedimosetsang.” Morutabana o ne a akanya jang ka yone?

“Fa pego ya me e ne e fela morutabana o ne a dira dikakgelo tseno: ‘O kwadile sentle tota, Susan! Ke kgatlhiwa ke boikanyego jwa gago ebile ke tlotla ditumelo tsa gago. O tla tlotliwa ka metlha, ka ntlha ya go ja tlhogo ga gago le kutlwisiso. Ke solofela gore mo isagweng o tla nna o nna le dinonofo tse di kgatlhisang tseo o nang le tsone jaanong. Kwa bokhutlong, ruri go a lapolosa ebile go botlhokwa go bala kana go bua le mongwe yo o lekanang le wena ka dingwaga yoo o godisitseng bopelokgale jwa ditumelo tsa gagwe ebile a bo boloka.’

“Morago ga a sena go bala pego eo ka boene, o ne a dira gore barutabana botlhe bao ba leng mo phaposing ya barutabana ba e bale. Jalo botlhe ba ne ba amogela bosupi! Go ne ga nnaya bopelokgale le boikemisetso jwa go bua ka dinnete tsa Bibela le ba bangwe mo sekolong.

“Tota gone, botlhe bao ba tsenang sekolo le nna ba itse gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme, fa ba ne ba lemoga seo ke neng ke kwadile ka sone, le bone ba ne ba batla go bala pego ya me. Ba ne ba lebega ba kgatlhega thata mo e leng gore ke ne ka umaka gore ke tla tlisisetsa mongwe le mongwe wa bone tokololo ya Awake!, eo e neng e na le setlhogo seo se leng malebana le Keresemose. E ne e le tokololo ya December 22, 1979, gape e ne e na le setlhogo se sengwe malebana le ‘disco.’

“Fa ke ne ke tlisa dikaelo tsa tokololo eo ya Awake! kwa sekolong, ba bangwe ba le mmalwa mo tlelaseng eo ba ne ba di bona mme le bone ba batla dikaelo. Ba ne ba bontsha kgatlhego e kgolo mo setlhogong se se malebana le ‘disco’ mo eleng gore ke ne ka dira tshwetso ya gore ke tlisetse mongwe le mongwe wa bone sekaelo sa Awake! ya March 22, 1979, seo se neng se na le metseletsele ya ditlhogo tse di malebana le setlhogo seo. Ka gone, ke ne ka tsamaisa dimakasine di le 26 mo baithuting ka nna.

“Ka lekgetlo le lengwe moragonyana ga moo, ka nako eo mooki wa sekolo sa rona a neng a bontsha fileme e e malebana le go gola ga motho ka namana, ke ne ka tlisetsa mongwe le mongwe wa baithuti ka nna ba le mmalwa sekaelo sa buka ya Bosha Jwa Gago​—Go Iponela Molemo mo go Jone. Ke ne ka ba bolelela gore buka eno eleruri e nthusitse gore ke tlhaloganye diphetogo le mathata ao a amanang le go gola.

“Gapegape, ba bangwe mo setlhopheng sa me ba ne ba bona basetsana bano ba bala le go tlotla ka buka eno, ba ne ba mpotsa gore a le bone ba ka nna le sekaelo sa yone​—le e leng jaaka go ne ga dira basimane bangwe. Jalo, ke ne ka tsamaisa dibuka tsa Bosha di le 17 tsotlhe mo lekgetlong leo. . . .

“Mo lekgetlong le lengwe mosetsana mongwe kwa sekolong o ne a mpolelela gore o ne a tsena sekolo sa Sontaga ebile a bala Bibela, mme o ne a sa e tlhaloganye. Ke ne ka mmolelela gore ke na le Bibela eo e neng e le motlhofo go e bala ebile ke ka itumelela go mo e tlisetsa. Ke ne ka seka ka ka mo tlisetsa New World Translation fela mme gape ke ne ka mo tlisetsa sekaelo sa Buka Ya Me ya Dipolelo tsa Bibela ka bo ka mmontsha ka moo buka eno e tla mo thusang eleruri ka gone gore a tlhaloganye Bibela. O ne a e kgatlhegela thata.”

Susan o ikutlwa jang ka go supa kwa sekolong? “Ruri ke ipelela go supela ditsala tsa me tsa kwa sekolong ebile ke go tsaya jaaka tshiamelo go bo ke na le tshimo eno e e kgethegileng.”

A o tsena sekolo? Ke ka ntlha yang fa o sa dirise “tshimo e e kgethegileng” ya gago go go solegela molemo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela