Basupi ba ga Jehofa mo Tirong ya Borongwa
BARONGWA ba Basupi ba ga Jehofa mo Asia le kwa mafelong a mangwe gantsi ba bodiwa go twe: “Ke eng fa lo sena dithuto tsa Sekgoa jaaka barongwa ba bangwe?” “A lo na le dikolo tse ke ka romelang bongwanake kwa go tsone kana dipatela tsa balwetsi?” Legale, karabo e nna nnyaa. Mme goreng go ntse jalo? Tota, boitlhomo jo bogolo jwa Basupi ke bofe? Mme ke eng se ba se diretseng batho mo dinageng tseno?
Go Fapaana ga Dipono
Ga go belaesege gore barongwa ba La-Bodumedi ba sokolotse batho ba le bantsi ka dithuso tsa botlhoki tse ba di baakanyeditseng. Mme ka go bo ditiro tse di ntseng jalo di lebisitswe fela mo go kgoriseng ditlhokafalo tsa senama tsa batho go na le tsa semoya, barongwa bano ga ba a ka ba atlega mo go direng barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete. (Mathaio 7:22, 23; 28:19, 20) Sa botlhokwa-tlhokwa, ga baa kgona go supa kwa tharabololong ya go ya go ile ya mathata a leago ao ba lekang go a fenya.
Mo letlhakoreng je lengwe, Basupi ba ga Jehofa, ba amegile ka thomo e e botlhokwa thata ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Seno ga se dirwe ke go bo ba sa lemoge kana ba tlhokomologa dipogo tsa batho le ditshiamololo tse ba di bonang. Go na le moo, ke ka go bo ba lemoga gore kalafi fela ya mathata ano a a masisi, ga e mo thateng ya motho, mme e mo Bogosing jwa Modimo.—Pesalema 146:3-10.
Seo ke sone se Jesu le barutwa ba gagwe tota-tota ba neng ba se rera mo lekgolong lantlha la dingwaga. “Ke na le go rèrèla le metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi,” Jesu a bolela jalo, “gonne ke romilwe go diha yalo.” (Luke 4:43) Jesu o ne a supa kaga Bogosi jwa Modimo le go rera gore ke jone fela kalafi e e feletseng, ka go bo o ne a itse gore mathata a lefatshe a ne a le mantsi thata gore motho o ka a fenya a le nosi. Lemororo Jesu a ne a dira dikgakgamatso tse dintsi tsa phodiso, o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe go ‘batla bogosi pele, le tshiamo ya Modimo, mme dilo tsotlhe tse dingwe lo tla di okelediwa.’—Mathaio 6:33.
Moragonyana, fa Jesu a ne a romela barutwa ba gagwe, santlha o ne a ba raya a re: “Me lo ètè lo rèra, lo re, Bogosi yoa legodimo bo atametse.” Go tswa foo a oketsa ka gore: “Hodisañ babobodi, cosañ bashwi, ntlahatsañ balepero, kgoromeletsañ badimo ntlè.” (Mathaio 10:7, 8) Seno se supa gore ke eng se se tshwanetseng go tla pele mo barutweng ba motlha wa segompieno ba ga Jesu Keresete. Le bone, ba tshwanetse go rera mafoko a a molemo a Bogosi jaaka selo sa ntlha-ntlha, go feta go dira ditiro tsa bopelonomi. Seno ke se barongwa ba Basupi ba ga Jehofa ba lekang thata go se dira.
Go Kgorisa Ditlhokafalo tsa Batho tsa Semoya
Jaaka setlhopha sa Bakeresete, Basupi ba ga Jehofa ba tshwaregile mo namaneng e tona ya tiro ya boithaopo ya go baakanyetsa batho thutego ya Bibela. Ka go bo e le baboledi ba mafoko a a molemo, ba kgatlhegela go thusa ba bangwe go solegelwa molemo ke botlhale jwa Bibela le kgakololo, gone jaanong le mo isagweng. (Pesalema 68:11) Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?
Basupi ba lemoga gore fa batho ba thusiwa go tlhaloganya le go latela kgakololo ya Bibela, ba tshwanelegela botoka go dirisanya le mathata le dikgatelelo tsa botshelo. Mo letlhakoreng je lengwe, ba bona nonofo ya boitsholo e e tlhokafalang gore ba fenye mekgwa e e golegang le e e senyang mmele jaaka go goga motsoko, go nwa thata, go dirisa diokobatsi kafa go sa tshwanelang, go sa tshele sentle, go betšha, bofafalele jwa kafa dikobong. Mo letlhakoreng je lengwe, boammaaruri jwa Bibela bo ba thusa go fetola megopolo ya bone, bo ba thusa go dumalanya matshelo a bone gore a nyalane le tsholofelo ya mmannete ya isagwe.
Ka gone, ka go baakanyetsa ka sebopego se se kwa godimo-dimo sa thutego—se se tswang mo Lefokong la Modimo, Bibela—Basupi ba ga Jehofa ba tlaleletsa ka tlhamalalo mo go tokafatseng boitekanelo jwa boitsholo le jwa mmele jwa merafe eo ba nnang le yone le go e rerela. Gantsi seno se lemogiwa ke ba bangwe ba ba ileng ba ba leba ka tsela e e tshwanetseng. Ka sekai, Dr. Bryan Wilson wa Unibesithi ya Oxford, yo o neng a ithuta kaga ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa mo Afrika, o ne a tlhalosa jaana mo lekwalong le a le kwaletseng The Times ya Lontone:
“Basupi ba ga Jehofa gantsi ke batho ba ba dinatla le ba ba dirang ka tlhoafalo le go tlhagafala go feta baagi bao ba nnang gareng ga bone. Baeteledipele ba bone ba ba kgothaletsa go duela makgetho ka bofefo, go tila thubakanyo, le go tila go kgopisega. Ba bothakga, ba a ikanyega ebile ba mogopolo o o ritibetseng. Melemo eno e ne e le botlhokwa thata mo itsholelong le mo tlhabologong ya leago ya batho ba Bophirima, mme e tla bo e se go feteletsa dilo go bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba gareng ga baagi ba dinaga tsa Afrika ba ba thokgameng le ba ba bonatla.”
A bua ka tsela e e tshwanang, mokanoki mongwe mo Amerika Borwa o ne a tlhalosa jaana mo kakgelong ya koranta nngwe:
“Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba dinatla, ba ba ikanyegang, ba ba boifang Modimo. Ba itshwara sentle ebile ba tshela kafa mokgweng mme bodumedi jwa bone bo theilwe mo dithutong tsa Bibela.”
Jalo lemororo Basupi ba ga Jehofa ba sa otlelele thata mo go se gantsi se bidiwang efangele ya go thusa batlhoki, ba tlaleletsa thata-thata mo dikgatlhegong tsa morafe ka go thusa ba bangwe go dumalanya matshelo a bone le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Bibela. (Baroma 12:1, 2) Se se botlhokwa-tlhokwa, ba thusa gape batho gongwe le gongwe gore ba seka ba leba fela ditshiamololo le masula a tsamaiso eno ya dilo e e ntseng e senyega ka bofefo mme go tsamaiso e ntšha ya Modimo, e e tla akofang e tla.—Tshenolō 21:5.
[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Tharabololo mo mathateng a Leago ka Bogosi jwa Modimo
Ipalele mo Bibeleng ya gago dikwalo tse di latelang mme o gomodiwe ke go bona kafa ditsholofetso tsa Modimo di tla khutlisang ka gone mathata a gompieno le masula a leago mo dikarolong tse di latelang:
Botsogo Isaia 33:24; 35:5, 6; Tshenolō 21:4
Thutego Isaia 11:9; Habakuke 2:14
Tiro Isaia 65:21-23
Dijo Pesalema 67:6; 72:16; Isaia 25:6
Tshiamiso Isaia 11:3-5; 32:1, 2