Lefatshe le ne le sa ba Tshwanela
“Ba kgobotlediwa ka mayè, . . . ba raèlwa. . . . E le batho ba lehatshe le sa chwanèlwañ ke bonè.”—BAHEBERA 11:37, 38.
1, 2. Basupi ba ga Jehofa ba metlha ya bogologolo ba ne ba boloka bothokgami tlase ga maemo afe, mme ditiro tsa bone di ama batlhanka ba Modimo jang gompieno?
BASUPI BA GA JEHOFA ba metlha ya bogologolo ba ne ba tshegetsa bothokgami jwa bone go Modimo go sa kgathalesege diteko di le dintsi tse di neng tsa ba tlela go tswa bathong ba ba sa siamang. Ka motlhala, batlhanka ba Modimo ba ne ba kgobotlediwa ka maje le go bolawa ka tšhaka. Ba ne ba tshwarwa bosula le go pitlaganngwa. Lefa go le jalo ba ne ba seka ba reketla mo tumelong. Tota ruri, jaaka fa moaposetoloi Paulo a ne a bolela: “E le batho ba lehatshe le sa chwanèlwañ ke bōnè.”—Bahebera 11:37, 38.
2 Ditiro tse di tlhotlheletsang tumelo tsa batho ba ba boifang Modimo ba pele ga morwalela, ditlhogo tsa lotso, le Moshe di tlhotlheletsa Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno go direla Modimo ka tumelo. Mme go tweng ka ga ba bangwe ba ba umakilweng go Bahebera dikgaolo 11 le 12? Re ka solegelwa molemo jang ke go akanyetsa dikarolo tsa tumelo ya bone?
Tumelo ya Baatlhodi, Dikgosi, le Baperofeti
3. Ditiragalo tse di kopanyeletsang Jeriko le Rahabe di bontsha jang gore tumelo e tshwanetse go supiwa ka ditiro?
3 Tumelo ga se go dumela fela; e tshwanetse go supiwa ka ditiro. (Bala Bahebera 11:30, 31.) Fa Moshe a sena go swa, tumelo e ne ya tlisetsa Baiseraele diphenyo tse di tlhomaganyeng mo Kanana, mme seno se ne se tlhoka gore ba iteke. Ka motlhala, ka tumelo ya ga Joshua le ba bangwe “dithakō tsa Yeriko tsa wa, di sena go nna di potologwa ka malatsi a shupa.” Mme “ka tumèlō Rahabe oa seaka a se ka a shwa le ba ba ganneñ [baagi ba ba senang tumelo ba Jeriko] go utlwa.” Ka ntlha yang? “Ka a amogetse ditlhōla [tsa Iseraele] ka kagishō,” a supa tumelo ya gagwe ka go ba fitlhela Bakanana. Tumelo ya ga Rahabe e ne e na le motheo o o nonofileng mo dipegong tsa gore ‘Jehofa o ne a kgadisa metse a Lewatle je le Hibidu’ fa pele ga Baiseraele mme a ba fa phenyo mo dikgosing tsa Baamore ebong Sihone le Oge. Rahabe o ne a dira diphetogo tse di tshwanetseng mo boitsholong mme a segofalediwa tumelo ya gagwe e e tlhagafetseng ka go bolokiwa ene le bantlo ya gagabo fa Jeriko a ne a wa mme le ka go nna mogologolwane wa ga Jesu Keresete.—Yoshue 2:1-11; 6:20-23; Mathaio 1:1, 5; Yakobe 2:24-26.
4. Maitemogelo a ga Gideone le Barake a gatelela jang kaga go bontsha tumelo fa re lebane le kotsi?
4 Tumelo e bontshiwa ka go ikaega gotlhelele ka Jehofa fa motho a lebanye le kotsi. (Bala Bahebera 11:32.) Paulo o ne a ipolela gore lobaka lo ne lo ka se mo letle fa a ne a ka tswelela go bolela kaga “Gideone, le Barake, le Samesone, le Yefethe; le kaga Dafide, le Samuele, le baperofeti,” bao ditiro tsa bone di neng tsa fa bosupi jo bo tletseng jwa gore ba ne ba na le tumelo le go ikaega ka Modimo mo maemong a a diphatsa. Ka gone, ka tumelo Moatlhodi Gideone le setlhophanyana sa banna ba le 300 fela, o ne a fiwa nonofo ke Modimo gore a fenye masole a a nonofileng a Bamidiana ba bagateledi. (Baatlhodi 7:1-25) Ka go kgothadiwa ke moperofeti wa sesadi Debora, Moatlhodi Barake le batlhabani ba le 10 000 ba ba senang dibetsa tse di lekanyeng ba ne ba fenya mephato e e nonofileng thata ya ga Kgosi Jabine e e neng e na le dikara tsa tlhabano di le 900 eo e neng e eteletswe pele ke Sisera.—Baatlhodi 4:1–5:31.
5. Samesone le Jefethe ba ne ba bontsha tumelo jang e e neng ya bontsha gore ba ne ba ikaegile ka Jehofa gotlhelele?
5 Sekai se sengwe sa motho yo o neng a na le tumelo mo metlheng ya baatlhodi ba Iseraele e ne e le Samesone, mmaba yo mogolo wa Bafilisitia. Ke boammaaruri, e ne ya re kgabagare a nna setshwarwa sa bone se se foufaditsweng. Mme Samesone o ne a bolaya batho ba le bantsi fa a sena go diga ditshegetso tsa ntlo eo ba neng ba diretse Modimo wa bone wa maaka Dagone setlhabelo se segolo gone. Ee, Samesone o ne a swa le Bafilisitia bao mme e seng jaaka moipolai yo o itlhobogileng. Ka tumelo o ne a ikanya mo go Jehofa mme a mo rapela gore a mo fe nonofo e e tlhokafalang gore a busolosetse tefetso mo babeng bao ba Modimo le ba batho ba Gagwe. (Baatlhodi 16:18-30) Jefethe, yo Jehofa a neng a mo fa phenyo mo go Baamona, le ene o ne a bontsha tumelo eo e neng ya supa gore o ne a ikaegile ka Jehofa gotlhelele. Ke fela ka tumelo e e ntseng jalo a neng a ka kgona go diragatsa maikaelelo a gagwe go Modimo ka go neela morwadie tirelong ya ga Jehofa jaaka lekgarebane le le sa nyalwang.—Baatlhodi 11:29-40.
6. Dafide o ne a bontsha tumelo ya gagwe jang?
6 Yo mongwe yo tumelo ya gagwe e neng ya tshwaega ke Dafide. E ne e le lekawana fela fa a ne a tlhabantsha Goliathe wa Mofilisitia wa mokaloba. “U tla kwa go nna ka chaka, le ka lerumō, le ka putlèla,” Dafide a bolela, “me nna ke tla kwa go wèna mo ineñ ya ga Yehofa oa mashomōshomō.” Ee, Dafide o ne a ikaega ka Modimo, a bolaya Mofilisitia yo o godileng thata, mme a nna seganka se segolo sa kgosi ya motlhabani e e neng e tlhabanela batho ba Modimo. Mme ka ntlha ya tumelo ya ga Dafide, o ne a nna monna yo o itumedisang pelo ya ga Jehofa. (1 Samuele 17:4, 45-51; Ditihō 13:22) Mo botshelong jotlhe jwa gagwe, Samuele le baperofeti ba bangwe le bone ba ne ba bontsha tumelo e kgolo le go ikaega ka botlalo mo Modimong. (1 Samuele 1:19-28; 7:15-17) Abo tseno e le dikao tse di molemo jang ne mo batlhankeng ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno, bannye le bagolo!
7. (a) Ke bomang bao “e rileñ ka tumèlō ba henya magosi”? (b) Ke bomang bao ba neng “ba diha tshiamō” ka tumelo?
7 Ka tumelo re ka fenya teko nngwe le nngwe ya bothokgami mme re ka kgona sengwe le sengwe seo se leng tumalanong le thato ya bomodimo. (Bala Bahebera 11:33, 34.) Fa a ne a bolela ka ditiro tse dingwe tsa tumelo, go bonala fa Paulo a ne a akantse ka baatlhodi ba Bahebera, dikgosi, le baperofeti, ka o ne a sa tswa go umaka banna bao. “Ka tumèlō” baatlhodi ba ba jaaka Gideone le Jefethe “ba henya magosi.” Mme le ene Kgosi Dafide, yo o neng a fenya Bafilisitia, Bamoaba, Baasiria, Baedoma, le ba bangwe. (2 Samuele 8:1-14) Mme gape, ka tumelo, baatlhodi ba ba thokgameng “ba diha tshiamō,” mme kgakololo e e tshiamo ya ga Samuele le baperofeti ba bangwe e ne ya tlhotlheletsa bangwe go tila kana go kgaogana le bosula.—1 Samuele 12:20-25; Isaia 1:10-20.
8. Ke tsholofetso efe e Dafide a neng a e bona, mme e ne ya gogela kwa go eng?
8 Dafide ke ene yo ka tumelo ‘a amogetseng ditsholofetso.’ Jehofa o ne a mo solofeditse a re: “Setulō sa gago sa bogosi se tla tlhōmamisiwa ka bosakhutleñ.” (2 Samuele 7:11-16) Mme Modimo o ne a tshegetsa tsholofetso eo ka go tlhoma Bogosi jwa Bomesia ka 1914.—Isaia 9:6, 7; Daniele 7:13, 14.
9. Ke tlase ga maemo afe ‘melomo ya ditau e neng ya thibiwa ka tumelo’?
9 Moperofeti Daniele o ne a fenya teko ya bothokgami ka katlego fa a ne a tswelela ka go rapela Modimo go ya kafa mokgweng wa gagwe wa malatsi otlhe go sa kgathalesege taolo ya segosi. Ka tumelo ya mmoloka bothokgami, Daniele he ‘o ne a thiba melomo ya ditau’ ka tsela ya gore Jehofa o ne a mmoloka a tshedile fa a le mo mongobong wa ditau o a neng a latlhetswe mo go one.—Daniele 6:4-23.
10. Ke bomang ba ba neng ba “tima bogale yoa molelō” ka tumelo, mme tumelo e e tshwanang e tla re thusa go dirang?
10 Balekane ba ga Daniele ba Bahebera ba baboloka bothokgami bo Shaderake, Meshake, le Abedenogo le bone ba ne ba “tima bogale yoa molelō.” Fa ba ne ba tshosediwa ka loso mo bokepisong jwa molelo jo bo goteditsweng thata, ba ne ba raya Kgosi Nebukadenesare ba re, lefa Modimo wa bone a ka ba boloka kana nnyaa, ga ba ne ba direla medimo ya mmusi wa Babelona kana go obamela setshwantsho se a se tlhomileng. Jehofa o ne a seka a tima molelo mo bokepisong joo, mme o ne a tlhomamisa gore o seka wa gobatsa Bahebera ba bararo bao. (Daniele 3:1-30) Tumelo e e tshwanang le eo e re thusa go boloka bothokgami go Modimo go ya ntlheng ya gore re bo re batle go bolawa ke baba.—Tshenolō 2:10.
11. (a) Ka tumelo, ke bomang ba ba neng “ba halola mo bogaleñ yoa chaka”? (b) Ke bomang ba ba neng ba “thatahadiwa” ka tumelo? (c) Ke bomang ba ba neng ba “nna dinatla mo ntweñ” mme ba “lèlèka dintwa tsa dichaba tsa baeñ”?
11 Dafide o ne a “halola mo bogaleñ yoa chaka” ya banna ba ga Kgosi Saulo. (1 Samuele 19:9-17) Bomoperofeti Elija le Elisha le bone ba ne ba falola loso lwa tšhaka. (1 Dikgosi 19:1-3; 2 Dikgosi 6:11-23) Mme ke bomang ‘ba erileng ba le bokoa ba thatafadiwa, ka tumelo’? Mme kana, Gideone o ne a itsaya gore ene le ba gagabo e ne e le batho ba ba bokoa go kaafalotsa Iseraele mo go Bamidiana. Mme o ne a “thatahadiwa” ke Modimo, yo o neng a mo fa phenyo—mme e le fela ka banna ba le 300! (Baatlhodi 6:14-16; 7:2-7, 22) ‘Erile a le bokoa’ fa a sena go beolwa moriri, Samesone o ne a “thatahadiwa” ke Jehofa mme a bolaya Bafilisitia ba le bantsi. (Baatlhodi 16:19-21, 28-30; bapisa Baatlhodi 15:13-19.) Paulo o ka nna a bo a ne a gopotse ka Kgosi Hesekia jaaka yo o neng a “thatahadiwa” fa a ne a le bokoa kafa sesoleng mme ebile le mo mmeleng. (Isaia 37:1–38:22) Gareng ga batlhanka ba Modimo ba ba neng ba “nna dinatla mo ntweñ” e ne e le Moatlhodi Jefethe le Kgosi Dafide. (Baatlhodi 11:32, 33; 2 Samuele 22:1, 2, 30-38) Mme bao ba neng ba “lèlèka dintwa tsa dichaba tsa baeñ” mongwe wa bone e ne e le Moatlhodi Barake. (Baatlhodi 4:14-16) Ditiro tseno tsotlhe di tshwanetse go re tlhatswa pelo gore ka tumelo re ka fenya teko lefa e ka nna efe ka katlego ka bothokgami jwa rona mme ebile re ka fitlhelela sengwe le sengwe se se tumalanong le thato ya ga Jehofa.
Ba Bangwe ba ba Tlhomileng Sekao mo Tumelong
12. (a) Ke ‘basadi bafe ba ba neng ba amogela baswi ba bone ba tsosiwa mo baswing’? (b) Tsogo ya batho bangwe ba tumelo e tla nna “molemō bogolo” jang?
12 Tumelo e akareletsa go dumela mo tsogong, tsholofelo eo e re thusang go boloka bothokgami go Modimo. (Bala Bahebera 11:35.) Ka ntlha ya tumelo, “basadi ba amogèla bashwi ba bonè ba cosiwa mo bashwiñ.” Ka tumelo le ka nonofo ya Modimo, Elija o ne a tsosa morwa motlholagadi kwa Sarefatha mme Elisha o ne a tsosetsa botshelong mosimanyana wa mosadi wa Moshunema. (1 Dikgosi 17:17-24; 2 Dikgosi 4:17-37) “Me ba bañwe ba teketwa [ka mmatota, “ba itewa ka dithupa”], ba gana go amogèla kgololō; e le gore ba tlè ba bonè go coga mo lōshuñ mo go molemō bogolo.” Go bonala fa basupi bano ba ga Jehofa ba ba sa bolelwang ka maina mo Dikwalong ba ne ba itewa gore ba bo ba swe, ka ba ganne go amogela kgololo e e neng e batla gore ba itatole tumelo ya bone. Tsogo ya bone e tla nna e e “molemō bogolo” ka go bo go tla bo go sa tlhokafale gore ba ka swa gape ka ntlha ya loso lo lo sa falolweng (jaaka ba ba neng ba tsosiwa ke Elija le Elisha) mme e tla diragala mo pusong ya Bogosi ka Jesu Keresete, “Rara oa Bosakhutleñ” yoo thekololo ya gagwe e baakanyetsang ka sebaka sa botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng.—Isaia 9:6; Yohane 5:28, 29.
13. (a) Ke bomang ba ba neng ba boga ‘ditshotlo le go seolakwa’? (b) Ke bomang ba ba neng ba golegwa le go tsenngwa mo matlong a kgolegelo?
13 Fa re na le tumelo, re tla kgona go itshokela pogiso. (Bala Bahebera 11:36-38.) Fa re bogisiwa, go tla thusa go gakologelwa ka tsholofelo ya tsogo le go lemoga gore Modimo o ka re tshegetsa fela jaaka a dirile ‘ba bangwe ba ba neng ba lekwa [kana, ba lekwa tumelo] ka ditshotlo le ka go seolakwa, ee, le ka dikgole gape, le ka go tsenngwa mo matlong a kgolegelo.’ Baiseraele ‘ba ne ba . . . nyatsa baperofeti ba gagwe, ga tsamaya bogale jwa ga Jehofa jwa tsogela batho ba gagwe.’ (2 Ditihalō 36:15, 16) Ka tumelo, Mikaia, Elisha, le batlhanka ba bangwe ba Modimo ba ne ba itshokela “dichotlō.” (1 Dikgosi 22:24; 2 Dikgosi 2:23, 24; Pesalema 42:3) Go “seolakwa” go ne go dirwa mo metlheng ya dikgosi tsa Iseraele le baperofeti, mme baganetsi ba ne ba “itaea” Jeremia, e seng fela go mo faphola jaaka kgobo. ‘Dikgole le go tsenngwa mo matlong a kgolegelo’ go ka nna ga re gakolola ka dilo tse di neng tsa diragalela bo moperofeti Mikaia le Hanani. (Yeremia 20:1, 2; 37:15; 1 Dikgosi 12:11; 22:26, 27; 2 Ditihalō 16:7, 10) Ka ntlha ya go nna le tumelo e e tshwanang, basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba ile ba kgona go itshokela dipogo tse di tshwanang “ka ntlha ea tshiamō.”—1 Petere 3:14.
14. (a) Ke mang yo o neng a le gareng ga ‘ba ba kgobotleditsweng ka maje’? (b) Ke mang yo o ka neng a ile a “hatogañwa ka shage”?
14 “Ba kgobotlediwa ka mayè,” Paulo a bolela. Mongwe wa banna bao e ne e le Sekaria, morwa moperesiti Jehoiada. A sena go tsenwa ke moya wa Modimo, o ne a bua kgatlhanong le batenegi ba Juda. Matswela e ne ya nna afe? Ka taolo ya ga Kgosi Jehoashe, balaledi ba ne ba mo kgobotletsa ka maje mo lelwapeng lwa ntlo ya ga Jehofa. (2 Ditihalō 24:20-22; Mathaio 23:33-35) Paulo o ne a oketsa a re: ‘Ba raelwa, ba hatoganngwa ka shage.’ O ka nna a bo a ne a gopotse ka moperofeti Mikaia jaaka mongwe wa ba ba neng ba “raèlwa,” mme dipolelo tse di sa tlhomamisegeng tsa Sejuda di bolela gore Isaia o ne a fatoganngwa ka shage mo metlheng ya puso ya ga Kgosi Manase.—1 Dikgosi 22:24-28.
15. Ke bomang ba ba neng ba “dihèlwa boshula” le go “kgarakgatshèga mo dikakeñ”?
15 Ba bangwe ba ne ba “bolawa ka chaka,” jaaka ka sekai, baperofeti ba Modimo ba gagabo Elija ba ba neng ba ‘bolawa ka tšhaka’ mo metlheng ya ga Kgosi Ahabe yo o boikepo. (1 Dikgosi 19:9, 10) Elija le Elisha ba ne ba le gareng ga bao ka tumelo ba neng ba “tsamaea hèla ba apere matlalō a dinku le a dipodi; ba ne ba iphotlhere ba sena sepè, ba pitlagañwa, ba dihèlwa boshula.” (1 Dikgosi 19:5-8, 19; 2 Dikgosi 1:8; 2:13; bapisa Yeremia 38:6.) Ba ba neng “ba kgarakgatshèga mo dikakeñ, le mo dithabeñ, le mo dikgageñ, le mo mesimeñ ea lehatshe” ka ntlha ya pogiso e tshwanetse ya bo e ne e se Elija le Elisha fela mme gape le baperofeti ba bangwe ba ba 100 bao Obadia a neng a ba fitlha ka bo-50 mo logageng, a ba fa dijo le metsi fa Mohumagadi Jesebele yo o obamelang medimo ya disetwa a ne a simolola go “bolaea baperofeti ba ga Yehofa.” (1 Dikgosi 18:4, 13; 2 Dikgosi 2:13; 6:13, 30, 31) Abo bao e ne e le baboloka bothokgami jang ne! Ga go gakgamatse go bo Paulo a ne a re: “E le batho ba lehatshe [batho ba ba sa siamang] le sa chwanèlwañ ke bōnè”!
16. (a) Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba pele ga motlha wa Bokeresete ba ise ba bone ‘tiragalo ya polelo ya tsholofetso’? (b) Mo Basuping ba ga Jehofa ba metlha ya pele ga Bokeresete, go ‘dirwa boitekanelo’ go tshwanetse ga amana le eng?
16 Tumelo e re tlhatswa pelo gore mo lobakeng lo lo tshwanetseng lwa Modimo botlhe ba ba mo ratang ba tla “bōna tihahalō ea polèlō ea choloheco.” (Bala Bahebera 11:39, 40.) Baboloka bothokgami ba pele ga Bokeresete ‘ba ne ba bona tshupo ya tumelo ya bone,’ se jaanong se kwadilweng mo Dikwalong. Mme ga ba ise ba amogele “tihahalō ea polèlō ea choloheco” ya Modimo ka tsogo ya selefatshe ka tebelelo ya botshelo jo bosakhutleng tlase ga puso ya Bogosi. Ka ntlha yang? “Gore ba tlè ba se ka ba dihwa boitekanèlō kwa ntlè ga” balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu, bao ‘Modimo a neng a ba baakanyeditse sengwe se se molemo bogolo’—botshelo jwa selegodimo jwa go sa sweng le ditshiamelo tsa go nna babusi-mmogo le Keresete Jesu. Ka tsogo ya bone, e e neng ya simologa morago ga go tlhongwa ga Bogosi ka 1914, Bakeresete ba ba tloditsweng “ba dihwa boitekanélō” mo magodimong pele ga basupi ba ga Jehofa ba metlha ya pele ga Bokeresete ba tsosediwa mo lefatsheng. (1 Bakorintha 15:50-57; Tshenolō 12:1-5) Mo Basuping bao ba pelenyana, go “dihwa boitekanèlō” go tshwanetse go amana le tsogo ya bone ya selefatshe, ‘go gololwa ga bone mo botlhankeng jwa go bola,’ le go nna batho ba ba itekanetseng ka thuso ya Moperesiti yo Mogolo Jesu Keresete le baperesiti ba gagwe ba babotlana ba selegodimo ba ba 144 000 mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete.—Baroma 8:20, 21; Bahebera 7:26; Tshenolō 14:1; 20:4-6.
Gakologelwa Mowetsi wa Tumelo ya Rona
17, 18. (a) Go atlega mo lobelong lwa rona lwa botshelo jo bosakhutleng, re tshwanetse go dirang? (b) Jesu Keresete ke “mowetsi oa tumèlō ea rona” jang?
17 Fa a sena go bua ka ditiro tsa basupi ba ga Jehofa ba metlha ya pele ga Bokeresete, Paulo o ne a supa go sekao sa kono-kono tumelo. (Bala Bahebera 12:1-3.) Abo seo e le motswedi wa kgothatso jang ne go nna le ‘boidiidi jo bo kalo jwa batho ba ba neelang bosupi go re dikologa’! Seno se re tlhotlheletsa go rola bokete bongwe le bongwe jo bo ka nnang jwa kgoreletsa botswelelo-pele jwa rona jwa semoya. Se re thusa go tila boleo jwa go latlhegelwa kana go tlhaela tumelo mme gore re siane lobelo lwa Bokeresete ka bopelotelele go bona botshelo jo bosakhutleng. Lefa go ntse jalo, go fitlha mokgeleng wa rona, re tshwanetse go dira sengwe se se oketsegileng. Selo seo ke eng?
18 Fa e le gore re tla atlega mo lobelong lwa rona lwa botshelo jo bosakhutleng mo tsamaisong e ntšha ya Modimo, re tshwanetse go ‘leba kwa go Jesu, Mosimolodi [kana Moeteledipele yo Mogolo] le Mowetsi wa tumelo ya rona.’ Tumelo ya ga Aberahame le baboloka bothokgami ba bangwe ba ba nnileng gone pele ga bodihedi jwa ga Jesu Keresete jwa selefatshe e ne e sa itekanela, e sa felela, ka go bo ba ne ba sa tlhaloganye dipolelelo-pele tse di neng di sa diragadiwa ka nako eo kaga Mesia. (Bapisa 1 Petere 1:10-12.) Mme ka botsalo jwa ga Jesu, bodihedi jwa gagwe, loso, le go tsoga ga gagwe, dipolelelo-pele di le dintsi tsa Bomesia di ne tsa diragadiwa. Ka gone tumelo ka tlhaloganyo ya boitekanelo e ne ya ‘tla’ ka Jesu Keresete. (Bagalatia 3:24, 25) Mme gape, a le boemong jwa gagwe kwa legodimong Jesu o ne a tswelela go nna Mowetsi wa tumelo ya balatedi ba gagwe, jaaka fa a ne a ba tshololela moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. le ka ditshenolo tseo di neng tsa tswelela go godisa tumelo ya bone. (Ditihō 2:32, 33; Baroma 10:17; Tshenolō 1:1, 2; 22:16) Abo re lebogela jang ne ‘Mosupi yono yo o Ikanyegang,’ ‘Moeteledipele yo Mogolo’ yono wa Basupi ba ga Jehofa!—Tshenolō 1:5; Mathaio 23:10.
19. Ke ka ntlha yang fa Jesu a tshwanetse go ‘akanyediwa thata’?
19 Ereka go se motlhofo go itshokela dikgobo tsa batho ba ba senang tumelo, Paulo o ne a kgothatsa a re: “A lo ko lo akanyeñ èna [Jesu] eo o ichoketseñ kganèlō e e kalo kalo ea baleohi ba ba ikganetsañ, gore lo tlè lo se ka loa lapa, loa ñodièga mo meoeñ ea lona.” Tota ruri, fa re tlhoma matlho a rona a tsepilwe go “Moshupi eo o Ikanyegañ,” ebong Jesu Keresete, ga re ne re lapisiwa ke go dira thato ya bomodimo.—Yohane 4:34.
20. Ke dilo dingwe dife tseo o di ithutileng kaga tumelo ka go akanyetsa Bahebera 11:1–12:3?
20 Go tswa ‘boidiiding jo bogolo jwa basupi’ re ithuta mo gontsi kaga dikarolo tsa tumelo. Ka motlhala, tumelo e e tshwanang le ya ga Abele e tlhokotsa kanaanelo ya rona mo setlhabelong sa ga Jesu. Tumelo ya boammaaruri e re dira basupi ba ba pelokgale, fela jaaka Enoke ka bopelokgale a ne a bua molaetsa wa ga Jehofa. Fela jaaka Noa, tumelo ya rona e re tlhotlheletsa go latela ditao tsa Modimo thata le go direla jaaka bareri ba tshiamo. Tumelo ya ga Aberahame e gatelela kafa re tshwanetseng go utlwa Modimo ka gone le go ikanya mo ditsholofetsong tsa Gagwe, lemororo dingwe tsa tsone di ise di diragadiwe. Sekao sa ga Moshe se bontsha gore tumelo e re kgonisa go nna ba ba sa mathwang ka gope ke lefatshe leno mme re nne re ikanyega kafa bathong ba ga Jehofa. Ditiro tse di dirilweng ke baatlhodi ba Iseraele, dikgosi, le baperofeti di supa gore tumelo mo Modimong e ka re tshegetsa fa re le mo dipogisong le mo ditekong. Mme abo re leboga jang ne go bo sekao se segolo thata sa ga Jesu Keresete se tiisa tumelo ya rona le gore e se reketle! Ka gone, re na le Jesu jaaka Moeteledipele wa rona le mo nonofong ya Modimo wa rona, a re tsweleleng go bontsha tumelo e e nonofileng jaaka Basupi ba ga Jehofa.
O Akanya Jang?
◻ Ke ditiro dife tsa basupi ba ga Jehofa ba pele ga Bokeresete tseo di supang gore tumelo e bontshiwa ka go ikaega gotlhelele mo Modimong fa motho a lebaganye le kotsi?
◻ Ke ka ntlha yang fa go ka twe ka tumelo re ka fenya teko nngwe le nngwe ya bothokgami jwa rona ka katlego?
◻ Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore ka tumelo re ka itshokela pogiso?
◻ Ke ka ntlha yang fa Jesu a bidiwa “mowetsi oa tumèlō ea rona”?
◻ Dingwe tsa dikarolo tse dintsi tsa tumelo ke dife?
[Setshwantsho mo go tsebe 16 17]
Dafide o ne a bontsha tumelo ka go ikaega gotlhelele mo go Jehofa. Ke sekao se se molemo mo bathong ba ga Jehofa gompieno!
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
“Basadi ba amogela bashwi ba bōnè ba cosiwa mo bashwiñ.” Tumelo mo tsogong e re thusa go boloka bothokgami go Jehofa