Karolo e Ntšha ya Botlhale jwa Bomodimo
“ME MODIMO oa raea Moshe, oa re, KENNTSE EO KE NNTSEN: oa re, U tla bua le bana ba lseraela yana, u re, KE NNTSE o nthomile kwano go lona.” (Ekesodo 3:14) Jehofa o ne a tlhalosetsa Moshe gore pele ga seno le eleng batlhanka ba Gagwe ba ne ba sa tlhaloganye bokao jo bo tletseng jwa leina la Gagwe. Ke Modimo wa boikaelelo mme ka metlha o diragatsa go rata ga gagwe. Fa mabaka a letla, o ka nna wa fetola mokgwa wa go fitlhelela boikaelelo jwa gagwe. O botlhale mo go kalo-kalo!
Satane ka boene ga a ise a tlhaloganye se leina la Modimo le neng le se raya. Gongwe, o ne a sa itse setlhare sa botshelo se se neng se le mo tshimong ya Edena. Fa a ka bo a ile a isa Adame le Efa kwa go sone, seo se ne se ka lebega se ka tsenya Jehofa mo tsietsing: ya gore a ke a boloke lefoko la gagwe la gore sebe se ne se tla a ba isa losong kana go boloka lentswe la gagwe mabapi le setlhare sa botshelo. (Genesise 2:9; 3:1-6) Go sa kgathalesege gore go diragalang, Satane o ne a tla a swabisiwa.
Jaanong Modimo o ne wa simolola go supa botlhale jo bo neng bo sa solofelwa ke bomorwawe ba semoya le jo a neng a ise a ke a bo ba senolele pele. (Bapisa Baefesia 3:10.) O ne a simolola go simolodisa dipolelo tse dintsi le ditiragalo tse eleng gore mo lobakeng lo loleele di ne di tla a supa ka mo go gakgamatsang botlhale jwa gagwe jo bogolo le bokgoni jwa gagwe jwa go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa bosakhutleng, jwa go dira gore lefatshe le tlale ka batho ba ba itumetseng ba ba ikanyegang, le ba ba neng ba tla a tshelela ruri mo paradaiseng (Genesise 1:27, 28) Gangwe le gape Modimo o ne o tla a senya maiteko a ga Satane a go iphaga dikoro.
Masaitsiweng a a Senoga
Ka bonakonyana fela morago ga tsuologo ya ntlha, Modimo o ne wa tsaya kgato. O ne wa sekisa banyalani ba ba molato bao mme wa diragatsa katlholo ya one ya loso ya go sa utlwe. Go tweng kaga go jewa ga setlhare sa botshelo ke Adame le Efa? “Yehofa Modimo a re, Bōnañ, motho o dihegile yaka moñwe oa rona, o itse molemō le boshula; me yanoñ e ka tla ea re goñwe a ntsha seatla sa gagwè a tsaea le shōna setlhare sa botshelō, me a ya, me a tshela ka bosena bokhutlō; Ke gōna ka mouō Yehofa Modimo a mo ntsha mo tshimoñ ea Edena.”—Genesise 3:17-23.
Ka nako eno Modimo gape o ne wa tsaya tiro ya Moefangedi, kana Mmoledi wa mafoko a a molemo. O ne a bolela boperofeti jwa ntlha: “Yehofa Modimo a raea nōga, a re, . . . ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.” (Genesise 3:14, 15) Makgolo a dingwaga moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Gonne lobopō [lwa motho] lo no lo beilwe mo taoloñ ea boithamakō, e señ ka go rata ga lōna, me e ne e le ka ntlha ea ōna o o lo beileñ mo taoloñ, ka cholohèlō.”—Baroma 8:20, 21.
Ee, go tloga foo go ya pele motho o ne a tla a nna mo dikgoleng go ya losong le le ruilweng mo go Adame, me Modimo o ne o bolela boikaelelo jwa one jwa go golola ditlogolwana tse di kutlo tsa ga Adame. Lefa go le jalo, “cholohèlō” e ne e le eng? O ne a ka golola batho jang mme a tsweledisa katlholo ya gagwe ya loso ka ntlha ya boleo? Seno e ne e tla a nna botlhale jo bo fitlhegileng jwa Modimo; bo ne bo kopanyeletsa “bosaitsiweñ yo bo sa leñ bo lōbèlwa metlha eotlhe le ditshika cotlhe.” (Bakolosa 1:26; 1 Bakorintha 2:7, 8) Lemororo baikanyegi ba bogologolo ba ne ba seka ba tlhaloganya masaitsiweng, ba ne ba na le tsholofelo gore ka tsela nngwe Modimo o ne o tla a ba golola. Ebu, le eleng baengele ba ne ba tlhoafaletse go bona ka moo Jehofa a neng a tla a diragatsa boikaelelo jwa gagwe! (1 Petere 1:10-12) A o tlhaloganya masaitsiweng ano?
Go Gololwa ka Thekololo
Ka bonya ka bonya mo makgolong a dingwaga, Jehofa o ne a oketsa boikitsiso mo tsholofetsong ya gagwe ya kwa tshimologong Mo go Aberahame yo o ikanyegang o ne a solofetsa losika loo batho botlhe ba ba kutlo ba neng ba tla a segofadiwa ka lone. (Genesise 22:15-18) Ka Jakobe o ne a senola gore losika lo ne lo tla a nna kgosi mo lotsong la Juda. (Genesise 49:10) Ka nako eno banna ba Modimo ba ne ba dumela mo tsogong ya baswi, lemororo ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo gore seno se ne se tla a diragala jang. (Yobe 14:14, 15; Bahebera 11:19) Kwa bofelong, Modimo o ne wa solofetsa Dafide gore Kgosi e e tlang, kana Mesia, o ne a tla a nna wa lotso lwa ga Dañde mme o ne a tla a busa go ya bosakhutleng.—2 Samuele 7:16.
Baporofeti botlhe ba ne ba oketsa ka dintlhanyana tse di thusang gore go tlhaloga nngwe masaitsiweng, mme batho ba ne ba seka ba kgona go tlhaloganya ka botlalo. Labofelo, nako ya go bonala ga ga Mesia e ne ya goroga, mme go tswa foo, bo sa bolo go emelwa ka tlhoafalo, botlhale jo bo atlhameng jo bogolo jono jwa Modimo bo ne jwa phepafala. Bo ne bo itsetsepetse mo go Jesu Keresete le tlamelo ya gagwe ya botshelo jwa motho yo o itekanetseng jaaka thekololo e e tshwanetseng ya losika lwa motho. Mo motheong o, boikaelelo jo bo galalelang jwa ga Jehofa ka Bogosi bo ne bo tla a tswelela-pele. A o tlhaloganya thekololo?
Mo go Baroma, kgaolo ya 5 le 6, Paulo o neela tlhaloso e e molemo ya yone. Mo go Baroma 5:12 o tlhalosa sebe sa rona se se ruilweng le loso. O tswelela-pele go bontsha ka moo phelelo ya sebe se le sengwe fela sa ga Adame yo o itekanetseng le morontshi wa ditlogolwana tsa gagwe botshelo se neng se ka emisediwa, ka botshelo jwa motho jo bo- ngwe jo bo itekanetseng Joo bo ne jwa itshu- pa e le botshelo jwa “motho ka esi, Keresete Yesu.” (Ditemana 15-21 ya Bar 5; bona gape 1 Timotheo 2:5, 6.) Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a ka tlamela ka thekololo eno? Ka ntlha ya gore e ne e le Morwa wa Modimo, Jesu o ne a le “[boikanyegō], a sena boleo, a sena leshwè, a lomologanye le baleohi.” (Bahebera 7:26; Luke 1:32, 33) Ga go tlhokafale gore re leke go tlhalosa ka botlalo ka tlhago ya botsalo jwa ga Jesu. Moengele Gabariele o ne a tlhomamisetsa Marie, mmaagwe Jesu, le rona, gore ga go sepe se se thata mo Modimong. (Luke 1:37) Ka gone Jesu, lemororo a ne a tsalwa ke mosadi yo e neng e le setlogolwana sa ga Adame, e ne e le Morwa Modimo—tota e le monna yo o itekanetseng Madi a gagwe, kana botshelo, di ne di le botlhokwa thata go feta madi a diphologolo tse dintsi-ntsi tse di neng di isiwa jaaka setlhabelo ke baperesiti ba Motlha wa ga Arone ba lseraele kwa tempeleng kwa Jerusalema. E ne e le “Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe.”—Yohane 1:29; 3:16.
A Modimo o ne o ka dira thulaganyo eno ka Jesu mme a nna a ntse a le tshiamiso? Fa Modimo o ne wa tsosetsa Morwawe mo botshelong mo letsatsing la boraro, go diragetseng ka thekololo? Paulo o re tlhomamisetsa gore Modimo o tshiamiso. A ke o latele tlhaloso ya gagwe: “Me ba siamisitswe hela [kwantle ga tuelo], ka ntlha ya thekololo e e mo go Jesu Keresete. Ereka Modimo a mo supile mo pontsheng a a swa jaaka setlhabelo sa tetlanyo go solwa molemo ka tumelo. Seno e ne e le go supa tshiamiso ya gagwe (ereka mo boitshokong jwa gagwe, Modimo o ne wa itebatsa dibe tsa pele tsa batho)—gore o supe tshiamiso ya one jaanong, le go bontsha gore ene ka boene o tshiamo, le gore o dira bao ba nang le tumelo mo go Jesu tshiamo le bone.” (Baroma 8:24-26, An American Translation) Jaanong, seno se raya eng? Fela gore Jesu, jaaka motho wa nama le madi, yo o itekanetseng, tota o ne a swa jaaka motho mme a sala a ntse a sule jaaka motho go ya go ile. O ne a swa “gañwe hèla, yale ka go ikisa èna setlhabèlō.” (Bahebera 7:27) Ka gone thekololo e a dira. Jesu o ne a swa mo nameng; mo letsatsing la boraro o ne a “mdisiwa mo mōeeñ.”—1 Petere 3:18.
Kgolagano e Ntšha le Popo e Ntšha
Jaanong re bona karolo ya bofelo-felo ya masaitsiweng Jesu ka go nna boikanyego go ya losong go mo tshwanelegisa go nna Moperesiti yo Mogolo wa ga Jehofa le Kgosi. Ka madi a gagwe a a tsholotsweng o ne a simolola kgolagano e ntšha. Kgolagano eno e ntšha e tshwanetse go tlhagisa balekane ba selegodimo ba ba tla a busang le Jesu jaaka dikgosi le baperesiti (Tshenolō 5:9, 10; 20:4, 6) Ba bopa morafe o mosha, ‘popo e ntšha,’ mme seo ruri ke sengwe!—Bagalatia 6:15, 16.
Elatlhoko: Modimo o kgetha palo ya baemedi go tswa mo losikeng lwa motho ka Jesu Keresete, e le banna le basadi. O ka ba bolela tshiamo ka tshwanelo mme a ba bitsa go tla ba nna bomorwawe ba semoya. Ka paka e e tshwanetseng ya Modimo morago ga loso lwa bone, o ba tsosetsa kwa legodimong le go ba neela go sa sweng, fela jaaka a ne a duela Jesu! (1 Petere 1:3, 4) Abo a na le tumelo e kgolo jang ne mo ‘popo e ntšha’ ya gagwe le boikanyegi jwa bone mo go ene! Abo e le karabo e e phepafetseng jang ne go ene yo o neng a ba latofatsa ka mo go sa tshwanelang fa pele ga ga Jehofa! (Tshenolō 12:10) Lemororo e le ba ba sa sweng fela jaaka Jesu Keresete, ga ba kitla ba tlhoka go ikanyega go Jehofa. Mme seo ga se sone sotlhe.
Lefatshe la Paradaise
Keresete Jesu, le dikgosi ka-ene tsa selegodimo le baperesiti, ba tla tlhomamisa gore boikaelelo jwa ga Jehofa ka motho le lefatshe bo diragadiwe ka botlalo mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete. Ka go dirisa melemo ya thekololo, Jesu o tla a tsosa baswi mme o tla tlisa ba ba ikanyegang mo gare ga bone boitekanelong jwa motho le ba ba falotseng bokhutlo jwa tsamaiso e e kgopo eno. Ka nako e e tshwanang, lefatshe le tla a diriwa gore le nne paradaise Go tloga foo botlhe ba ba gananang le maiteko a bofelo a ga Satane a go ba fenya ba tla a neelwa boitekanelo jwa setho go ya bosakhutleng. Satane le boidiidi jo bogolo jo bo bosula jwa gagwe ba tla a senyediwa ruri. Kagiso le kutlwano di tla a rena mo popong yotlhe, di tlotlomatsa ka botlalo bolaodi jwa ga Jehofa le go busa ga gagwe ka lorato. Baengele gammogo le batho ba tla a bo ba supile lorato lwa boikanyegi mo Mmoping le Modimo wa bone.—Tshenolō, kgaolo 20.
Jaanong re ka tlhaloganya masaitsiweng botoka. Jaanong re bona botlhale jwa ga Jehofa jo bo fetang le eleng ditshwantsho tsa gagwe tsa popo mo botshelong jwa ditlhare le jwa diphologolo Re tshwanelwa ke go goa re re: “A boteñ yoa khumō, le yoa botlhale, le yoa kicō ea Modimo! dikatlholō tsa ōna ga di hopholesege yañ, . . . Gonne dilō cotlhe di cwa mo go èna, di nntse ka èna, di nnetse èna. A kgalalèlō e nnè go èna ka metlha e e sa khutleñ. Amen.”—Baroma 11:33-36.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Phelelo ya sebe se le sengwe fela sa ga Adame yo o itekanetseng le o rontsha botshe o iwa gagwe di ka emisediwa Jang? Ka botshelo jwa motho yo mongwe yo o itekanetseng, joo jwa ga Jesu