Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Ba Segofadiwa Ka Tao e e Oketsegileng
BARUTWA ba sa tswa go tlhalosediwa setshwantsho sa mojadi. Mme jaanong ba batla go itse mo go o etsegileng. Ba kopa jaana, “Re phuthololèlè sechwanchō sa mohoka mo tshimoñ.”
Abo boikutlo jwa barutwa bo farologana jang ne le jwa boidiidi jwa batho jo bo mo Iotshitshing! Batho bao ga ba na keletso e e tlhoafetseng ya go itse seo ditshwantsho di se kayang, ba kgotsofadiwa fela ke seo go buiwang ka sone mo go tsone. Fa Jesu a bapisa bareetsi bao ba ba fa thoko ga lewatle le barutwa ba gagwe ba ba batlang go itse, a re:
“Selekanyō se lo lekanyañ ka shōna, lo tla lekanyediwa ka shōna hèla: me lo tla okelediwa.” Barutwa ba lekanya sentle mo go kgatlhegeleng Jesu le go mo tlhwaela tsebe ka tlhoafalo mme ka jalo ba segofadiwa ka go amogela tao e e oketsegileng. Ka gone, fa Jesu a araba potso ya barutwa ba gagwe, o tlhalosa jaana:
“Moyadi oa peo e e molemō ke Morwa Motho; Tshimo ke lehatshe; peo e e molemō bōnè, ke bana ba bogosi; me mohoka ke bana ba eo o boshula; Mmaba eo o ba yadileñ ke diabolo; thōbō ke bokhutlō yoa lehatshe; barobi ke baengele.”
Morago ga Jesu a sena go tlhalosa karolo nngwe le nngwe ya setshwantsho sa gagwe, o tlhalosa phelelo. O bolela gore. kwa bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo, “barobi,” kana baengele, ba tla kgaoganya Bakeresete ba maiphako ba ba tshwanang le mohero le “bana ba bogosi” ba boammaaruri Go tswa foo “bana ba eo o boshula” ba tla atlholelwa phediso, mme bana ba bogosi jwa Modimo, “basiami,” ba tla phatsima ka go galalela mo bogosing jwa ga Rraabone.
Go tswa foo Jesu o segofatsa barutwa ba gagwe ba ba batlang go itse ka ditshwantsho tse dingwe di le tharo. Santlha, a re: “Bogosi yoa legodimo bo chwana le khumō e e hitlhegileñ mo nageñ; e motho o na a e bōna, me a e lōba; me ka boitumèlō yoa gona, a ea a bapatsa cotlhe tse o nañ nacō, a rèka naga euo.”
O tswelela ka gore, “Gapè bogosi yoa legodimo bo chwana le moreki eo o batlañ diperela tse dintlè: Me ea re a sena go bōna ñwe e e tlhwatlhwa e kgolo, e ea a bapatsa cotlhe tse o nañ nacō, a e rèka.”
Jesu ka boene o tshwana le monna yo o bonang khumo e e fitlhilweng le jaaka mmapatsi yo o bonang perela ya tlhwatlhwa e kgolo. O ne a rekisa sengwe le sengwe, jaaka go ka tualo, a tlogela boemo jo bo tlotlegang kwa legodimong go tla go nna motho yo o kwa tlase. Go tswa foo, jaaka motho mo lefatsheng. o utlwisiwa botlhoko ke go kgobiwa le pogiso ya kilo, go supa fa a tshwanelegela go nna Mmusi wa Bogosi jwa Modimo.
Balatedi ba ga Jesu ba gwetlhiwa gore le bone ba rekise sengwe le sengwe gore ba bone tuelo e e molemo ya go nna mmusi-mmogo le Keresete kana mmusiwa wa Bogosi jwa selefatshe. A re ka bona fa go nna le karolo mo Bogosing jwa Modimo e le selo se se tlhwatlhwa-kgolo go feta sengwe le sengwe mo botsheIong, jaaka khumo e e senang tlhwatlhwa kana perela e e botlhokwa thata?
Kwa bofelong. Jesu o tshwantsha “bogosi joa legodimo” le letloa leo le gogobang tlhapi ya mofuta mongwe le mongwe. Fa ditlhapi di kgaoganngwa, tse di seng monate di a latlhiwa mme tse di monate di a bolokiwa. Jalo, Jesu o bolela gore, go tla nna jalo mo bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo; baengele ba tla kgaoganya baikepi le basiami, ba emisetsa baikepi go senngwa.
Jesu ka boene o simolola tiro eno ya go tshwara ditlhapi. ka go bitsa barutwa ba gagwe ba ntlha gore ba tle go nna “bachwara batho.” Kafa tlase ga tlhokomelo ya baengele, tiro ya go tshwara ditlhapi e ntse e tsweletse go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga. Labofelo nako ya fitlha ya go tsholetsa “Iotloa,” leo le tshwantshetsang diphuthego tsa lefatshe tse di ipolelang go nna tsa Bokeresete.
Lemororo ditlhapi tse di seng monate di latlhiwa go ya go senngwa, re lebogela go bo re ka balelwa gareng ga ‘ditlhapi tse di monate’ tse di bolokiwang. Ka go bontsha keletso e e tlhoafetseng e e tshwanang le eo barutwa ba ga Jesu ba neng ba e bontsha mo go batleng kitso e e oketsegileng le go tlhaloganya, re tla segofadiwa eseng fela ka tao e e oketsegileng mme ka lesego la Modimo la botshelo jo bosakhutleng. Mathaio 13:36-52; 4:19; Mareko 4:24, 25.
◆ Barutwa ba farologana jang le boidiidi jwa batho jo bo mo Iotshitshing?
◆ Ke mang kana ke eng se se tshwantshediwang ke mojadi, tshimo, peo e e molemo, mmaba, thobo, le barobi?
◆ Jesu o ne a neela ditshwantsho dife tse dingweo tse tharo, mme re ka ithutang mo go tsone?