Bakeresete ba Boammaaruri ba Tlotla Bagodi!
“BAGODI,” ga rialo mmatlisisi Suzanne Steinmetz, “ba tsile kwa bofelong jwa botshelo jwa bone jwa go godisa itsholelo, se e leng one motheo wa mokgwa wa rona wa go tlotla batho le go ba neela pharologanyo, boemo, tlotlo le maduo.” Ka gone pono ya setho sa gompieno mo bagoding ke e e senang tsholofelo, e e farologaneng Jalo he, ga go gakgamatse thata, go bo gantsi re bala kaga go tlhokomologiwa ga bone le go sotliwa.
Lefa go ntse jalo, Bibela e tsaya pono efe kaga bagodi? Lefoko la Modimo ka tlhamalalo le bontsha gore botsofe bo bokete. Mopesalema o ne a riana fa a ne a rapela. “Se ntatlhe mo motlheñ oa bocohe; se ntlogele mogañ thata ea me e hèlañ.” (Pesalema 71:9) Mo botsofeng jwa gagwe, o ne a ikutlwa a tlhoka tshegetso ya ga Jehofa go gaisa le e leng pele. Mme pono ya Bibela ke e e tlhamaletseng mo go bontsheng gore rona, le rona, re tshwanetse go tlhokomela ditlhokafalo tsa bagodi.
Ke boammaaruri, Solomone o ne a bitsa botsofe “metlha ea boshula” eo motho o neng a se kitla a ‘nna le kgatlhego mo go yone.’ (Moreri 12:1-3) Mme “bolele yoa malatsi, le dinyaga tsa botshelō” le gone go amanngwa mo Bibeleng le masego a a tswang kwa Modimong. (Diane 3:1, 2) Go tshwantsha, Jehofa o ne a solofetsa Aberahame jaana: “Me wèna,. . . u tla hitlhwa n cohetse sentlè thata.” (Genesise 15:15) Ruri, Modimo o ne o sa atlholele Aberahame yo o ikanyegang, “metlha ea boshula” ya go tlhoka lesego eo a neng a sa kakeng a ‘nna le kgatlhego mo go yone.’ Aberahame o ne a bona kagiso le thethebalo mo dingwageng tsa gagwe tsa morago, a lebelela kwa morago ka kgotsofalo mo botshelong jo bo dirisitsweng mo go direleng Jehofa. Gape o ne a ka lebelela pele “motse o e leñ ōna o o nañ le metheō tōta,” Bogosi jwa Modimo. (Bahebera 11:10) Ka gone o ne a tla swa a “cohetse sentlè thata.”—Genesise 25:8.
Jalo he, ke eng fa Solomone a ne a bitsa botsofe “metlha ea boshula”? Solomone o ne a lebisa mo go koafaleleng pele ga botsogo mo go nnang gone mo botsofeng. Lefa go ntse jalo, yo o sa ‘gakologelwang Mmopi yo o molemo wa gagwe mo malatsing a bonyana jwa gagwe’ o fitlhela gore dingwaga tsa gagwe tsa kwa bofelong di nna bosula ruri. (Moreri 12:1) Ereka a ne a senya botshelo jwa gagwe, motho wa go nna jalo yo o tsofetseng ‘ga a na kgatlhego’ mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe. Tsela ya gagwe ya botshelo e e seng ya bomodimo e ka nna ya tswa e ile ya ba ya felela mo mathateng a mmele a a tsosang go sa iketleng mo botsofeng. (Bapisa Diane 5:3-11) Ka gone fa a lebelela kwa pele, ga a bone isagwe epe mme o bona lebitla fela. Motho yo o neetseng botshelo jwa gagwe go direla Modimo le ene o itemogelela “metlha ea boshula” fa mmele wa gagwe o koafala. Mme jaaka Aberahame, o ka bona boipelo le kgotsofalo mo botshelong jo bo dirisitsweng sentle le mo go diriseng maatla a gagwe a a setseng mo tirelong ya ga Jehofa. “Tlhōgō e e pududu ke serwalō sa kgalalèlō, ha e bōnwa mo tseleñ ea tshiamō,” ga rialo Bibela.—Diane 16:31.
Tota ebile, botsofe bo na le melemo mengwe. “Bokau le bonna yo bo tletseñ ke boithamakō hèla,” ga rialo Solomone. Fa gone batho ba banana ba ka nna ba ipelela botsogo jo bo matlhagatlhaga, gantsi ba tlhaela maitemogelo le tlhaloganyo. Lefa go le jalo, botsofe bo na le boitemogelo jwa botshelo jotlhe. Motho yo o godileng ‘o tlosa bohutsana,’ e seng jaaka yo monana yo o mafega yo gantsi a tabogelang mo go jone ka botlhoka-kitso. (Moreri 11:10; 2 Timotheo 2:22) Ka ntlha ya gone moo, Solomone o ne a ka re: “Bontlè yoa banna bagolo ke tlhōgō e pududu.”—Diane 20:29.
Ka gone Bibela e tlotla bagodi. Seno se ama jang tsela e Bakeresete ba dirisanang le bone ka yone?
‘Go Nanoga’ fa Pele ga Bagodi
Modimo o ne o dirile gore go tlotla bagodi e nne molao wa morafe wa lseraele. Molao wa ga Moshe o ne wa tlhalosa jaana: “U nanogè u èmè ha pele ga eo o tlhōgō e pududu, u tlotlè sehatlhōgō sa mocohe.” (Lefitiko 19:32) Go lebega gore Bajuda ba ne ba dirisa molao ono ka tlhamalalo fela mo dingwageng tsa moragonyana. Dr. Samuel Burder o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Oriental Customs: “Bakwadi ba Sejuda ba re molao e ne e le, go ba nanogela fa ba santse ba le bokgakala jwa metara o le mongwe le disentimetara di le masome a robang bobedi; mme fela fa ba ne ba sena go feta, o bo o nna fa fatshe gape, mo go ne go tla lebega ekete ke ka ntlha ya tlotlo ya boammaaruri mo go bone.” Tlotlo e e ntseng jalo e ne e sa lebagana banna ba ba tlotlegang fela. “Tlotla le e leng monnamogolo yo o sa tlholeng a kgona go bala,” go ne ga bolela jalo Talmud. Moruti mongwe wa Sejuda o ne a akantsha gore tlotlo eno e tshwanetse go akareletsa le monnamogolo yo o senang kitso ebile a sa rutega. O ne a bontsha gore, “lebaka fela la gore o tsofetse,” o ne a rialo “le bontsha gore o tshwanelwa ke tlotlo.”—The Jewish Encyclopedia.
Gompieno Bakeresete ga ba sa tlhole ba le kafa tlase ga dikarolo tsa molao wa ga Moshe. (Baroma 7:6) Mme seno ga se reye gore ga ba sa tlhole ba tshwanetse go bontsha tlotlo e e kgethegileng mo bagoding. Seno se supega mo ditaolong tse moaposetoloi Paulo a neng a di neela molebedi wa Mokeresete ebong Timotheo: “U se ka ua kgalemèla [monnamogolo], me u mo laeè yaka ha e ka bo e le rrago; . . . Basadi ba ba godileñ u ba laeè yaka ha e ka bo e le bommago.” (1 Timotheo 5:1, 2) Paulo o ne a bolelela Timotheo yo mmotlana gore o ne a na le thata ya go ‘laa.’ (1 Timotheo 1:3) Lefa go le jalo, fa mongwe yo mogolo mo go ene—segolo jang yo o direlang jaaka molebedi—a ne a fosa mo go direng katlholo kana a dira tlhaloso e e seng boammaaruri, Timotheo o ne a sa tshwanela go ‘mo kgalemela’ jaaka yo o mmotlana mo go ene. Mo boemong jwa moo, o ne a tshwanetse go ‘mo tsaya jaaka rraagwe’ ka tlotlo. Timotheo o ne a tshwanetse go bontsha tlotlo e e tshwanang mo basading ba ba godileng mo phuthegong. Ee, le gone o ne a santse, tota, a tshwanetse go ‘nanoga fa pele ga yo o tlhogo pududu.’
Ka gone Bokeresete ke tumelo e e tlotlang bagodi. Lefa go le jalo, se se gakgamatsang ke gore, bontsi jwa tshotlo ya batho ba ba godileng e nna gone mo merafeng e e ipolelang e le ya Bokeresete. Lefa go ntse jalo, go na le baobamedi ba ba santseng ba tshegeditse ditekanyetso tsa Bibela. Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ba ipelela go nna gone ga dikete tsa ba ba godileng mo gare ga bone; ga ba ba lebe jaaka morwalo kana ba ba busetsang kwa morago. Lemororo botsogo jo bo bokoa bo ka nna jwa thibela bao go nna matlhagatlhaga jaaka ba ne ba ntse, jwa bone ba na le dipego tsa lobaka lo loleele tsa tirelo ya Bokeresete ya boikanyego, mme seno se kgothatsa Basupi ba babotlana gore ba etse tumelo ya bone.—Bahebera 13:7.
Lefa go ntse jalo ba ba godileng ga ba a lebelelwa go tsaya karolo go le gonnye fela mo phuthegong Ba kgothalediwa go bontsha dikao tse di molemo mo go nneng ‘ba ba ikgapang, ba ba masisi, ba ba mogopolo o o lekalekaneng, ba ba itekanetseng mo tumelong, . . . le ba ba masisi mo mokgweng wa bone,’ ba iketleeleditse go abalana botlhale jwa bone le maitemogelo le ba bangwe. (Tito 2:2, 3) Joele o ne a bolelela pele gore gareng ga bao ba nnang le seabe mo go boleleng molaetsa wa Bibela, go tla bo go na le “banna bagolo.” (Yoele 2:28) Kwantle ga pelaelo wena ka bowena o ile wa elatlhoko gore Basupi ba bantsi ba ba godileng ba santse ba ipelela go tlhakanela ka tlhagafalo mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo.
Go ba Bontsha Tlotlo ‘ka go Tota Bogolo bogolo’
Basupi ba ga Jehofa ba leka go neela batsofe kakanyetso e e kgethegileng ka ditsela di le dintsi. Ka sekai, kwa dikopanong tsa bone tsa ngwaga le ngwaga tsa bodumedi gantsi ba rulaganya gore manno mangwe a bolokelwe batsofe. Gape ba bontshiwa kakanyetso ka bongwe ka bongwe. Kwa Japan Mosupi mongwe o tlogela manno a gagwe mo koloing ya lelapa gore mosadimogolo yo o dingwaga di 87 a kgone go palama go ya kwa dipokanong tsa phuthego. Ene o kgona go ya dipokanong jang? Ka baesekele. Kwa Brazil go na le moefangedi wa nako e e tletseng yo o nang le dingwaga di le 92. Ba ba boneng ba bolela gore Basupi koo “ba a mo tlotla, ba bua le ene . . . ke karolo e e mosola mo phuthegong eo.”
Seno ga se reye gore ga go na sebaka sepe sa dipaakanyo mo go tlotleng ba ba godileng. Paulo o ne a kwalela Bakeresete kwa Thesalonia jaana: “Me kaga go rata bakauleñwe,. . . lo nntse lo go dihèla bakauleñwe botlhe ba ba mo lehatshiñ yeotlhe ya Makedonia. Me re lo laea, ba ga echo, gore lo totè bogolo bogolo.” (1 Bathesalonia 4:9, 10) Kgakololo e e tshwanang ka dinako dingwe e a tlhokafala gompieno fa go tla mo go dirisaneng le batsofe. Ka sekai, Mokeresete mongwe yo o dingwaga di 85, o ne a sulafala mogopolo thata fa a ne a sa bone sekaelo sa kgatiso ya Bibela e ntšha. Bothata e ne e le eng? O batlile a nna susu mme ga a ka a utlwa kitsiso e e neng e gakolola mongwe le mongwe go otara buka eo; lefa e le gone gore mongwe mo phuthegong o ne a akanya go e mo otarela. Legale, seemo se ne sa baakanngwa ka bofefo. Lefa go le jalo go supa gore go na le tlhokafalo ya go nna podimatseba thata ka ditlhokafalo tsa ba ba godileng.
Go na le ditsela di le mmalwa tseo batho ba Modimo gompieno ba ka dirang seno ‘ka go tota bogolo bogolo.’ Dipokano tsa Bokeresete di neela sebaka sa go ‘tlhotlheletsa’ ba ba godileng “mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō.” (Bahebera 10:24, 25) Mme ereka ba basha le ba ba godileng ba kgona go nna mmogo kwa Diholong tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa, gongwe go ka dirwa maiteko a oketsegileng mo dintlheng tseo. Ka sekai, batsadi bangwe ba kgothaletsa bana ba bone go atamela le go bua le maloko a godileng a phuthego ka tlotlo.
Gape tlotlo e ka tswelela go bontshiwa ba ba godileng ka dinako tse di sa ikaelelwang. Tumalanong le molao-motheo o desu a neng a o tlhoma mo go Luke 14:12-14, maiteko a oketsegileng a ka dirwa go laleletsa ba ba godileng kwa dikokoanong Le e leng fa ba sa kgone go nna gone, kwantle ga pelaelo ba tla anaanela go ba gakologelwa ga gago. Gape Bakeresete ba kgothalediwa gore ba “tlwaèlè go chola baeñ.” (Baroma 12:13) Seno ga e a tshwanela go tlhoka sengwe se segolo kana se se feteletseng Mosupi mongwe wa kwa Jeremane o ne a akantsha jaana: “O laleletse ba ba godileng tee, mme o ba lese ba bolele maitemogelo a bone a bogologolo.”
Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Mo tlotloñ, a moñwe a beè eo moñwe kwa pele.” (Baroma 12:10) Mo gare ga Basupi ba ga Jehofa, bagolwane ba phuthego ba ba kgethilweng segolobogolo ba etelela-pele mo go bontsheng tlotlo mo Bakereseteng ba ba godileng. Gantsi bagolwane ba kgona go abela batsofe ditiro tse di tshwanetseng gore ba di dire, jaaka go ruta ba basha gore ba nne baefangedi kana go thusa mo dipaakanyong kwa mafelong a dipokano tsa Bokeresete. Banna ba babotlana ba ba direlang jaaka bagolwane ba phuthego ba bontsha balebedi ba batsofe tlotlo ka go ba atamela ka boikokobetso gore ba ba neele kgakololo, ba dirisa botlhale mo go amogeleng dipono tse di nonofileng tsa bone. (Diane 20:5) Kwa dipokanong tsa bagolwane bao, ba latela sekao sa Bibela sa ga Elihu yo mmotlana mme ka tlotlo ba emela banna ba bagolo, ba ba nang le maitemogelo, ba ba neela sebaka se se tletseng gore ba bue pele.—Yobe 32:4.
Gone go boammaaruri, go motlhofo go felela ba ba godileng pelo ka ntlha ya gore ba ka nna ba seka ba kgona go dira le go akanya ka bofefo jaaka ba babotlana. Dr. Robert N. Butler o tlhalosa sentle mangwe a mathata ao botsofe bo ka a tlisang: “Motho o latlhegelwa ke nonofo mo mmeleng, o nna bokoa, mme seo ka bosone se ka nna sa tshosa eleruri. Motho o ka nna a latlhegelwa ke dilo tsa botlhokwa jaaka go utlwa le go bona.” Ka go tlhaloganya seno, a ba babotlana ga ba a tshwanela go bontsha kutlwelo-botlhoko le go ba tlhomogela pelo?—1 Petere 3:8.
Ee, Bakeresete gompieno ba tshwanetse go bontsha lorato lwa boammaaruri, kamego, le tlotlo mo go ba ba godileng ba ba mo gare ga bone. Mme mo gareng ga Basupi ba ga Jehofa, seno se ntse se diragala ka tsela e e neelang sekao. Lefa go le jalo, go diragalang fa Bakeresete ba ba godileng—kana batsadi ba Bakeresete—ba lwala kana ba humanega? Ke mang yo o nang le boikarabelo jwa go ba tlhokomela? Ditlhogo tse di latelang di tla tlhatlhoba ka mo Bibela e arabang dipotso tseno ka teng.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa, batsofe ba na le tiro e ntsi e e kgotsofatsang e ba e dirang