LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 6/1 ts. 8-13
  • Go Tlhokomela Dikgatlhego tsa Bagodi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhokomela Dikgatlhego tsa Bagodi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlotla Batlholagadi
  • Jaaka Bagolwane, go Tlhokomela Ditlhokafalo tsa Bone
  • Jaaka Batho ka Bongwe, ba ‘Tlhokomela Ditlhokafalo tsa Bone’
  • Lelapa la Bokeresete le Thusa Batsofe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Tlhokomela Batsofe—Boikarabelo Jwa Bakeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Modimo o Amega ka Batsofe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Go Thusa Batsofe ba Rona ka Dilo tse ba di Tlhokang—Ke Kgwetlho mo Bakereseteng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 6/1 ts. 8-13

Go Tlhokomela Dikgatlhego tsa Bagodi

“Moñwe le moñwe a a sa tlhokomele dilō tse e leñ tsa gagwè hèla, ha e se go re, moñwe Iê moñwe go tlhōkōmèla le tse e leñ tsa ba bañwe.”​—BAFILIPI 2:4.

1, 2. (a) Setlhopha se se Laolang sa lekgolo la ntlha a dingwaga se ile sa supa jang kgatlhego mo ditlhoka aleng tsa ba ba godileng? (b) Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore tiro ya go rera e ne e sa tlhokomologwa?

MORAGONYANA fela ga Pentekosete ya 33 C.E. “[go ne] ga coga ñōñōrègō [mo phuthegong ya Bokeresete] mo go Baynda ba Segerika, kaga Bahebera, ka basadi ba ba batlhōlagadi ba bōnè ba tlhokomologwa mo mphoñ [ya dijo tsa batlhoki] ea ka malatsi aotlhe.” Kwantle ga pelaelo bontsi jwa batlholagadi bao e ne e le ba ba godileng mme ba sa kgone go itshedisa. Lefa go le jalo baaposetoloi ka bobone ba ne ba tsenelela kgang, ba bolela jaana: “Itebalebeleñ banna bashupa mo go lona, ba ba bolèlwañ ka molemō, ba ba tletseñ Mōea le botlhale, ba re ka ba tlhōmèlañ tihō [e e botlhokwa] e.”​—Ditihō 6:1-3.

2 Ka gone Bakeresete ba pele ba ne ba tsaya go tlhokomela ba ba tlhokang e le “tiho fe e botlhokwaj.” Dingwaga moragonyana morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Tumèlō e e itshekileñ, e e sa leshwèhalañ ha pele ga Modimo le Rra echo, ke e, go lekola masièla le basadi ba ba batlhōlagadi mo pitlaganoñ ea bōnè.” (Yakobe 1:21) A mme he, seno se ne se raya gore tiro ya botlhokwa-tlhokwa ya go rera e ne e itlhokomoloswa? Nnyaa, ereka polelo e e mo go Ditihō e re morago ga tiro ya go thusa batlholagadi e sena go rulaganngwa sentle, “lehoko ya Modimo ya tota; le palō ea barutwa ea ntsihala mo gogolo thata mo Yernsalema.”​—Ditihō 6:7.

3. Ke kgothatso efe e e neelwang mo go Bafilipi 2:4, mme ke eng fa e tshwanetse ka mo go kgethegileng gompieno?

3 Gompieno re lebagane le “dipaka tse di tlhokohatsañ.” (2 Timotheo 3:1) Go tlhokomela ditlhokafalo tsa botshelo jwa lelapa le tiro ya boitshediso go ka nna ga re tlogela re sena tlhagafalo e ntsi​—kana keletso—​ya go tlhokomela ditlhokafalo tsa bagodi. Jalo he, jaaka go tshwanetse, Bafilipi 2:4 e re kgothaletsa go ‘se tlhokomele dilo tse e leng tsa rona fela mme go na le moo re tlhokomele le tse e leng tsa ba bangwe.’ Seno se ka dirwa jang ka tsela e e leka lekanyeng le e e dirang?

Go Tlotla Batlholagadi

4. (a) Ke eng fa phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e “tlotla” batlholagadi mme e ne e dira jalo jang? (b) A ditlamelo tse di ntseng jalo gantsi di ne di tlhokafala?

4 Mo go 1 Timotheo kgaolo 5, Panlo o bontsha ka moo Bakeresete ba pele ba neng ba tlhokomela batlholagadi mo phuthegong ka gone. O ne a kgothatsa Timotheo jaana: “Tlotla basadi ba ba batlhōlagadi ba e leñ batlhōlagadi rure.” (1 Timotheo 5 Temana 3) Batlholagadi ba ba godileng ba ne ba tlhomololwa jaaka ba ba tshwanelwang ke go neelwa tlotlo ka mokgwa wa go ba thusa ka madi ka metlha. Batho ba go nna jalo ba ne ba sena gope kwa ba neng ba ka bona thuso gona mme ba ne ba ka ‘baya tsholofelo ya bone fela mo Modimong le go nnela ruri mo mekokotlelong le mo merapelong bosigo le motshegare.’ (1 Timotheo 5 Temana 5) Dithapelo tsa bone tsa go tshedisiwa di ne tsa arabiwa jang? Ka phuthego. Ka tsela e e rulagantsweng, batlholagadi ba e leng batlholagadi ruri ba ne ba tlamelwa ka mo go kgotsofatsang. Legale, fa motlholagadi a ne a na le madi, kana ba losika ba ba neng ba kgona go mo thusa, ditlamelo tseo di ne di sa tlhokafale.​—1 Timotheo 5 Ditemana 4, 16.

5. (a) Batlholagadi ban we ba ne ba ka tswa ba ‘ne ba batla dikgatlhego jang? (b) A phuthego e ne e patelesega go tlhokomela ba ba ntseng jalo?

5 “Me mosadi eo o motlhōlagadi eo o ineèlañ mo dikgatlhegoñ,” Paulo o ne a tlhagisa jalo, “o shule [semoyeng] a sa nntse a tshedile.” (1 Timotheo 5 Temana 6) Paulo ga a tlhalose ka moo bangwe ba neng ba “batla dilō tse di kgatlhisañ,” jaaka Kingdom Interlinear e tlhalosa ka tlhamalalo. Bangwe ba ka nna ba tswa ba ne ba lwantshana le “go babalèlwa” ga bone. (1 Timotheo 5 Temana 11) Lefa go ntse jalo, go ya ka Liddell & Scott’s Greek-English Leacicon, ‘go batla dilo tse di kgatlhisang’ go ka nna ga tswa go ile ga kopanyeletsa ‘go tshela bonolo kana mo monateng o o feteletseng kana go nna le keletso e e feteletseng.’ Ka gone he, gongwe bangwe ba ne ba batla gore phuthego e ba humise, e ntshetse madi botshelo jo bo senang teka-tekanyo. Mo matlhakoreng ’otlhe, Paulo o ile a supa gore ba ba ntseng jalo ba ne ba sa tshwanele ela go amogela tshegetso ya phuthego.

6, 7, le mokwalo o o kwa tlase. (a) ‘Lenaane’ e ne e le eng? (b) Ke eng fa bao ba neng ba le kafa tlase ga dingwaga tse 60 ba ne ba sa tshwanelege go amogela thuso? (c) Paulo o ne a thusa batlholagadi ba basha gore ba se amogele “Tshekishō” e e bosula jang?

6 go tswa foo Paulo o ne a re: “Mosadi opè a se ka a kwalwa e le motlhōlagadi [mo go ba ba thusiwang ka madi] a e se a nne dinyaga di le mashomè marataro.” Go phepafetse gore mo motlheng wa ga Paulo mosadi yo o neng a na le dingwaga tse di fetang 60 o ne a lebiwa jaaka yo o ka sekeng a kgone go itshedisa mme a ka nna a seka a nyalwa.a ‘Mo letlhakoreng le lengwe,’ Paulo o ne a bolela gore, “u ganè basadi ba ba batlhōlagadi ba ba sa nntseñ ba le meroba [gore ba seka ba kwalwa]: gonne e tla re ba babalelwa ke taolō ea ga Keresete, ba rate go nyalwa; Me ba bōnè tshekishō, ka go bo ba latlhile ikanō ea bōne ea ntlha.”​—1 Timotheo 5 Ditemana 9, 11, 12.

7 Fa ‘lenaane’ le ne le bulegetse batlholagadi ba babotlana, bangwe ba ka bo ba ile ba bolela ka bofefo maikaelelo a go nna ba sa nyalwa. Lefa go le jalo, fa go ntse go ya ba ne ba tla nna le bothata jwa go laola go “babalèlwa” mme ba bo ba batla go nyalwa gape, ‘mme ba bone tshekiso ka go bo ba latlhile ikano ya bone ya ntlha’ ya go nna ba sa nyalwa. (Bapisa Moreri 5:2-6.) Paulo o ne a fedisa mathata a ntseng jalo, ka go oketsa ka gore, “Ke rata go re, batlhōlagadi ba ba sa nntseñ ba le meroba ba nyalwè, ba bōnè bana.”​—1 Timotheo 5 Temana 14.

8. (a) Dikaelo tsa ga Paulo di ne tsa sireletsa huthe o jang? (b) A batlholagadi ba babotlana a ba t hakang le anna ba ba godileng le bone ba ne ba tlhokomelwa?

8 Moaposetoloi gape o ile a lekanyetsa go kwalwa mo go bao ba nang le pego ya nako e e telele ya ditiro tse di molemo tsa Bokeresete. (1 Timotheo 5 Temana 10) Ka gone e ne e se “lefelo la tlhogonolofalo” la botshwakga kana boikgagapeledi. (2 Bathesalonika 3:10, 11) Mme go tweng ka bannabagolo kana batlhōlagadi ba babotlana? Fa ba ba ntseng jalo ba humanega, kwantle ga pelaelo phuthego e ne e tla ba tlhokomela ka bongwe ka bongwe.​—Bapisa 1 Yohane 3:17, 18.

9. (a) Ke eng fa dithulaganyo tsa go tlhokomela ba ba godileng gompieno di ka farologana le tse di neng di dirwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga? b) Tlhaloso ya ga Paulo a batlholagadimo go 1 Timotheo kgaolo 5 e re thusa go tlhaloganya eng gompieno?

9 Ka mo go phepafetseng dithulaganyo tse di ntseng jalo di ne di tshwanetse ditlhokafalo tsa diphuthego tsa lekgolo lantlha la dingwaga. Mme jaaka The Expositor’s Bible Commentary e ile ya tlhokomela: “Gompieno, ka ntlha ya madi a di inshorense, itsholelo ya batho, le ditiro, seemo ke se se farologaneng thata.” Ka ntlha ya go fetoga ga setho le maemo a itsholelo, ga se gantsi go tlhokafala gore diphuthego gompieno di nne le manaane a a solegelang batsofe molemo. Lefa go le jalo, mafoko a ga Paulo mo go Timotheo a re thusa go tlhaloganya gore: (1) Mathata a ba ba godileng a ama phuthego yotlhe​—segolo-bogolo bagolwane. (2) Tlhokomelo ya ba ba godileng e tshwanetse go rulaganngwa sentle. (3) Tlhokomelo e e ntseng jalo e lekanyeditswe fela bao ka boammaaruri ba tlhokang.

Jaaka Bagolwane, go Tlhokomela Ditlhokafalo tsa Bone

10. Gompieno bagolwane ba ka etelela-pele jang mo go bontsheng kgatlhego mo go ba ba godileng?

10 Gompieno balebedi ba etelela-pele jang mo go bontsheng kgatlhego mo batsofeng? Ka nako le nako ba ka nna ba tlhomaganya ditlhokafalo tsa ba ba godileng mo lenaaneng mo dipokanong tsa bone. Fa go na le letlhoko la thuso e e kgethegileng, ba ka rulaganya gore e neelwe. Ba ka nna ba seka ba dira tlhokomelo ka bobone, ereka ebile gantsi go na le ba le bantsi ba ba iketleeleditseng​—go akarelediwa le ba basha—​mo phuthegong ba ba ka thusang. Lefa go ntse jalo, ba ka okamela tlhokomelo e e ntseng jalo thata, gongwe ka go abela mokaulengwe go rulaganya tlhokomelo e e neelwang motho wa go nna jalo.

11. Bagolwane ba ka itlwaelanya jang le ditlhokafalo tsa ba ba godileng?

11 Solomone o ne a gakolola jaana: “U tlhōa- halèlè go itse macomane a gago.” (Diane 27:23) Ka gone balebedi ba ka etela ba ba godileng ka bobone e le gore ba tle ba bone ka moo go ka “abiwang . . . go ya ka dilo tseo ba di tlhokang” botoka ka gone. (Batoma 12:18, NW) Molebedi mongwe yo o etang o ne a tlhalosa jaana: “Batho bangwe ba ba godileng ba nna ba le nosi, mme ga go tlhokege gore ba bodiwe fela gore ke eng se se tlhokang go dirwa. Se se botoka ke go lemoga se se tshwanetseng go dirwa mme go bo go tswelelwa-pele ka tiro!” Kwa Japan balebedi bangwe ba ne ba fitlhela gore kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga tse 80 o ne a tlhoka tlhokomelo e ntsi. Ba ne ba bega jaana: “Jaanong re dira gore mongwe a buisane le ene gabedi ka letsatsi, mo mosong le mo bosigong, ka go mo etela kana ka mogala.”​—Bapisa Mathaio 25:36.

12. (a) Bagolwane ba ka dira jang gore ba ba godileng ba bone melemo ya dipokano tsa phuthego? (b) Dikhasete tse di gatisitsweng ke Mokglatlho di ka dirisiwa jang mo go nang le mosola.

12 Gape balebedi ba amegile ka go bona gore ba ba godileng ba bona melemo ya dipokano tsa phuthego. (Bahebera 10:24, 25) A bangwe ba tlhoka go pegwa mo dikoloing? A bangwe ke fela gore ga ba kgone go ‘reetsa le go tlhaloganya’ kwa dipokanong ka ntlha ya bothata jwa go utlwa? (Mathaio 15:10) Gongwe go ka nna mosola go ba tsenyetsa dithusa-kutlo. Ka mo go tshwanang, diphuthego dingwe di le mmalwa jaanong di dira gore dipokano tsa tsone di fitlhe kwa go ba ba golafetseng ka megala ya founo gore ba kgone go di reetsa ba le kwa malapeng. Bangwe ba kapela ba ba lwalang thata go ka nna teng dipokano tsa bone mo dikhaseteng tsa ditheipi​—mo mabakeng mangwe ba ba rekele ditheipi. Mme fa go buiwa ka ditheipi, mogolwane mongwe kwa Jeremane o ne a tlhokomela jaana: “Ke setse ke etetse ba ba godileng ba le bantsinyana bao ba nnang fela fa pele ga telebishene mme ba bo ba lebelela dithulaganyo tse go ka sekeng go twe di ka aga semoyeng.” Ke eng fa ba sa kgothalediwe go reetsa ditheipi bogolo tse di gatisitsweng ke Mokgatlho, jaaka tse di nang le dipina tsa Bogosi le mmalo wa Bibela?

13. Batsofe ba ka thusiwa jang go nna ba tlhagafetse jaaka baboledi ba Bogosi?

13 Bangwe ba ba godileng ba phuthego ba ile ba nna ba e seng ba ka metlha kana ba tsidifala jaaka bareri. Lefa go le jalo, dingwaga ga se tsone tse di thibelang motho go bolela “mahoko a a molemō a, a bogosi.” (Mathaio 24:14) Gongwe bangwe ba ka nna ba arabela sentle mo taletsong e e motlhofo ya go dira le wena mo tirelong ya tshimo. Gongwe o ka tsosolosa lorato lwa bone lwa go rera ka go tlhakanela le bone maitemogelo a tirelo ya tshimo. Fa e le gore go palamela ke bothata, ba rulaganyetse go dira mo matlong a a nang le dilifiti kana matlo a senang mapalamelo. Gape baboledi bangwe ba ka nna ba dira gore ba ba godileng ba tsamaye le bone mo dithutong tsa bone tsa Bibela​—kana ba nna le thuto mo lelapeng la yo o godileng.

14 le mo lebokosong. (a) Bagolwane ba ka dirang fa mokaulengwe kana kgaitsadi yo o godileng a tsena mo mathateng a masisi a madi? (b) Diphuthego dingwe di ile tsa arabela ditlhokafalo tsa baboledi ba ba godileng jang?

14 ‘Madi ke tshireletso.’ (Moreri 7:12) Lefa go le jalo mokaleulengwe kana kgaitsadi yo o godileng o ka nna a tswa a le mo mathateng a madi a masisi ebile a sena ba losika ba ba ikemiseditseng go mo thusa. Lefa go ntse jalo, bangwe mo phuthegong ka metlha ba ka itumelela go thusa fa ba lemoga tlhokafalo. (Yakobe 2:15-17) Bagolwane le bone ba ka nna ba bona gore a go na le dithuso tsa puso kana tsa loago, tsa di inshorense, penshene, jalo le jalo. Lefa go le jalo, mo mafatsheng mangwe dithuso tse di ntseng jalo ga di motlhofo go bonwa, mme go ka nna ga tswa go sena tsela epe kwantle ga go latela sekai se se mo go 1 Timotheo kgaolo 5 le go rulaganya gore phuthego yotlhe e tlamele ka thuso. (Bona Re Rulagaweditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, ditsebe 122-3.)

Baboledi kwa Nigeria ka metlha ba ne ba thusa mmulatsela wa ka metlha yo o nang le dingwaga di le 82 le mosadi wa gagwe ka dimpho tse di bonalang. Morago ga fa goromente a sena go rulaganya gore ntlo e ba neng ba nna mo go yone e senngwe, phuthego e ne ya ba laletsa go nna mo kamoreng e e golaganeng le Holo ya Bogosi go fitlhelela marobalo a mangwe a ka rulanngwa.

Kwa Brazil phuthego e ne ya hira mooki go tlhokomela banyalani ba ba godileng. Ka nako e e tshwanang, kgaitsadi mongwe o ne a abelwa go tlhokomela ntlo, go ba apeela dijo le go tlhokomela ditlhokafalo tse dingwe tsa mmele, ngedi nngwe le nngwe phuthego e ba seegela madi fa thoko.

15. (a) A go na le ditekanyetsong mo thusong e phuthego e ka e neelang? (b) Kgakololo e e mo go Luke 11:34 eka nna ya nna e e tshwanetseng jang mo go bangwe ba ba ileng ba nna ba ba batlang go feta selekanyo?

15 Jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ditlamelo tseo ke tsa ba ba tshwanetseng bao ka boammaaruri ba di tlhokang. Balebedi ga ba patelesege go tlhokomela dikopo tse di feteletseng kana dipatlafalo tse di sa tlhokafaleng. Ba ba godileng le bone, ba tshwanetse go ‘nna le leitlho le le bonang sentle.’​—Luke 11:34.

Jaaka Batho ka Bongwe, ba ‘Tlhokomela Ditlhokafalo tsa Bone’

16, 17. (a) Ke eng fa go tlhokafala gore bangwe kwantle ga bagolwane ba nne le kgatlhego mo bagoding? (b) Baboledi ba ba tlhagafetseng ba ka ‘so a sebaka molemo’ jang mo go ba ba godileng?

16 Nako nngwe e e fetileng kgaitsadi mongwe yo o godileng o ne a robadiwa kwa kokelong. Tlhatlhobo e ne ya bontsha gore o ne a tlhaela dijo. “Fa bontsi mo phuthegong ba ka bo ba ile ba nna le kgatlhego ya botho mo go ene,” go ne ga kwala mogolwane mongwe, “gongwe seno se ka bo se ile sa seka sa diragala.” Ee, bagolwane ga se bone fela bale bosi ba ba tshwanetseng go nna le kgatlhego mo bagoding. Paulo o ne a re: “Moñwe le moñwe oa rona ke tokololō ea eo moñwe.”​—Baefesia 4:25.

17 Kwantle ga pelaelo bangwe ba lona ba setse ba imelwa ke maikarabelo a botho. Mme ‘tlhokomela, e seng dikgatlhego tsa botho fela mo dilong tse e leng tsa gago fela.’ (Bafilipi 2:4) Ka thulaganyo ya botho e e siameng, gantsi o ka nna wa ‘sola sebaka molemo.’ (Baefesia 5:16) Ka sekai, a o ne o ka seke o etele yo o godileng morago ga tirelo ya tshimo? Malatsi a fa gare ga beke ke one tota a leng bodutu mo bangweng. Ba basha le bone, ba ka nna ba kopanyelediwa mo go eteleng ba ba godileng le go ba direleng ditiro dingwe. Kgaitsadi mongwe yo o neng a thusitswe ke mosha mongwe o ne a rapela jaana: “Ke a go leboga Jehofa ka ntlha ya ga Mokaulengwe yo mmotlana John. Abo e le motho yo o molemo jang ne.”

18. (a) Ke eng fa puisanyo le yo o godileng e ka nna bokete fa gongwe? (b) Motho o ka dira jang gore loeto kana motlotlo le motho yo o godileng o nne o o agang mo go bone boo-babedi?

18 Kwa dipokanong, a o dumedisa ba ba godileng fela kwantle ga kamego? Fa o na le sebaka, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go buisana le mongwe yo o sa utlweng sentle kana yo o nang le bothata jwa go itlhalosa. Mme ereka botsogo jo bo bokoa e le bothata jo bogolo, ga se botlhe ba ba godileng ba ba nang le difatlhego tse di itumetseng Lefa go le jalo, “eo o pelotelele mo moeeñ o molemō.” (Moreri 7:8) Ka boiteko jo bonnye, ‘go gomotsanya’ ga boammaaruri go ka nna ga nna gone. (Baroma 1:12) Leka go tlotla ka boitemogelo jwa tirelo ya tshimo. Tlhakanela ntlha e o e badileng mo go Tom ya Tebelo kana Awake! Kana reetsa, mo go leng botoka. (Bapisa Yobe 32:7.) Ba ba godileng ba na le mo gontsi go tlhakanela le bone fa o ba letlelela. Mogolwane mongwe o ne a dumela Jaana: “Go etela mokaulengwe yole yo o godileng go ne ga nthusa thata.”

19. (a)  Kamego ya rona mo go ba ba godileng e akaretsa le bomang? (b) Re ka itshupa re le thuso mo malapeng a a tlhokometseng batsadi ba ba godileng ka ditsela dife?

19 A go amega ga gago ka ba ba godileng ga go a tshwanela go fitlha le kwa malapeng a ba tlhokomelang? Banyalani bangwe ba ba tlhokometseng batsadi ba ba godileng ba ne ba bega jaana: “Mo boemong jwa go re kgothatsa, bangwe mo phuthegong ba ile ba nna ba ba kgalang thata. Kgaitsadi mongwe o ne a re: ‘Fa le ka tswelela le latlhegelwa ke dipokano, le tla lwala semoyeng!’ Mme o ne a sa iketleeletsa go dira sepe go re thusa gore re tle re nne teng dipokanong tse dintsi.” Sengwe gape se se kgobang marapo ka mo go tshwanang ke ditsholofetso tse di senang mosola tse di ntseng jaaka, Fa o ka tlhoka sengwe, o nkitsise. Seo gantsi se ya fela kwa goreng, “Lo thuthahalè lo kgorè.” (Yakobe 2:16) Abo go le botoka jang ne gore kamego ya gago e fetogele mo tirong! Go bega jaana banyalani bangwe: “Ditsala di ile tsa nna molemo ruri le tshegetso! Bangwe ba ne ba tle ba tlhokomele Mmè mo malatsing a mabedi ka go refosana gore re tle re kgone go bona boikhutso. Bangwe ba ne ba tsamaya le ene kwa dithutong tsa Bibela. Mme go re kgothatsa ruri fa bangwe ba botsa kaga botsogo jwa gagwe.”

20, 21. Batsofe ba ka dira eng go thusa ba ba ba tlhokometseng?

20 Ka mo go ka kgonagalang ka gone batsofe ba rona ba a tlhokomelwa. Lefa go ntse jalo, ke eng se Basupi ba ba godileng bone ka bobone ba ka se dirang gore tiro ya go nna jalo e dirwe ka boitumelo, e seng ka bohutsana? (Bapisa Bahebera 13:17.) Dirisana sentle mo dithulaganyong tse bagolwane ba di go direlang go go tlhokomela. Bontsha tebogo le kanaanelo mo ditirong dipe tsa bopelonomi tse di dirwang, le go tila go nna yo o batlang thata kana yo o kgalang thata. Lemororo go opa le matlhoko a botsofe e le a boammaaruri, leka go bontsha boikutlo jwa boitumelo, le jo bo tshwanetseng.​—Diane 15:13.

21 ‘Bakaulengwe ba siame tota. Ga ke itse gore ke ne ke ka dirang kwantle ga bone,’ bangwe ba ba godileng ba ile ba utlwiwa ba rialo. Lefa go le jalo, maikarabelo a magolo a go tlhokomela ba ba godileng a mo baneng ba bone. Seno se kopanyeletsa eng, mme kgwetlho eno e ka lwantshiwa botoka jang?

[Dintlha tsa kwa tlase]

a Lefitiko 27:1-7 e lebisa go serekololo sa batho ba ba ‘neetsweng’ (ka ntlha ya ikano) tempele jaaka badiri. Tlhwatlhwa ya serekololo e ne e ikaegile ka dingwaga Mo ngwageng wa bo-GO tlhwatlhwa eno e ne e wela kwa tlase thata, go phepafetse gore e ne e le ka ntlha ya gore motho mo ngwageng eo o ne a ka seke a kgone go bereka ka natla jaaka yo mmotlana. The Encyclopoedia Judaica e tswelela-pele ka gore: “Go ya ka Talmud, botsofe . . . bo simologa ka 60.”

A o A Gakologelwa

◻ Ke ditlamelo dife tse di neng di direlwa batlholagadi ba ba godileng mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

◻ Balebedi ba ka rulaganya jang tlhokomelo ya ba ba godileng mo phuthegong?

◻ Batho ka bongwe mo phuthegong ba ka bontsha jang gatlhe o mo bakaulengweng batsofe e bokgaitsadi?

◻ Batsofe ba ka dirang go thusa bao ba ba tlhokomelang?

[Lebokoso mo go tsebe 11]

Go Thusa ba ba Godileng​—Se Bangwe ba se Dirang

Phuthego nngwe kwa Brazil e ne a bona tsela e e molemo ya go tlhokomela ditIho afalo tsa mmele tsa mokaulengwe yo o nnang gaufi le holo ya Bogosi ya bone: Setlhopha sa buka se se abetsweng o phephafatsa holo se phepafatsa le legae la bone.

Phuthego e nngwe koo e ile a bona tsela e e motlhofo ya go dira gore mokaulengwe yo o golafetseng a tlhagafale mo Sekoleng sa Bodihedi sa Bolegodimo. Fa sebaka sa gagwe sa go neela polelo se tla, mokaulengwe o abelwa go tsamaya le baboledi ba le babedi kana ba le bararo go etela mokaulengwe yoo. Pokano e khutshwane e bulwa ka thapelo, mme mokaulengwe o neela kabelo ya gagwe. Kgakololo e e tshwanetseng e a neelwa. Abo loeto le le itshupa ele kgothatso jang ne!

Balebedi ba ba etang ba ile ba tlhoma sekao se se molemo mo go eteleleng pele. Mo phuthegong nngwe mokaulengwe mongwe yo o godileng yo o neng a tsamaya ka setilo sa maotwana o ne a simolola go nna bogale mme a seka a etelwa gantsi. Lefa go ntse jalo, molebedi yo o etang o ne a rulaganyetsa go direla mokaulengwe yoo puo ya gagwe ya ditshwantsho a le nosi. Mokaulengwe yo o godileng yoo o ne a amiwa thata ke seo a neng a se bona. Molebedi o ne a re: “Ke ne ka ikutlwa ke itumetse thata go bona ka moo tlhokomelo e e nnye le lorato di neng di ka tlisa matswela a ntseng jalo.”

Bagolwane bangwe ba Nigeria ba ne ba dira loeto lwa bodisa mo mokaulengweng mongwe yo o godileng mme ba fitlhela gore o ne a lwala thata. O ne a tsewa ka bofefo a isiwa kwa kokelong. Go ne ga fitlhelwa gore mokaulengwe yo o godileng o ne a tlhoka kalafi e kgolo, mme o ne a ka seke a kgone go e duelela. Fa phuthego e ne e itsisiwe ka tlhokafalo ya gagwe, baboledi ba ne ba ntsha madi a a lekaneng go duelela ditshenyegelo tsa gagwe. Bagolwane ba babedi ba ne ba refosana go mo isa kwa lelapeng le kwa kokelong, lemororo seno se ne sa tlhoka gore ba ikope kwa tirong ya bone. Lefa go le jalo, ba ne ba nna le boipelo jwa go bona mokaulengwe a tokafala mo bolwetseng jwa gagwe mme abo a tsaya bobulatsela jo bo thusang go fitlhelela loso lwa gagwe mo e ka nnang dingwaga di le nne moragonyana.

Kwa ditlhaketlhakeng tsa Philippines kgaitsadi mongwe yo o godileng o ne a sena lelapa. Phuthego e ne ya dira dithulaganyo tsa go mo tlhokomela mo dingwageng tse tharo tsa bolwetse. Ba ne ba mo neela lefelo le lennye go nna mo go lone, ba mo tlisetsa dijo tsatsi le letsatsi, le go mo tlhatswetsa.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Botlhe ba ka nna le seabe mo go tlotleng batsofe ba rona mo phuthegong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela