“Ba ba Botlhale” ba Nna le Masego a Bomodimo
“Ba ba botlhale ba tla phatsima yaka phatsimō ea phuthologō ea loapi; le ba ba shokololèlañ bontsi kwa tshiamoñ ba tla phatsima yaka dinaledi kabosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—Daniele 12:3
1. Motago ga go tlhalosa motlha wa khuduegc mo go bo-ntwadumela, moengele o lebisa tlhokomelo kae?
BOPEROFETI jwa moengele go Daniele bo ile jwa re tlisa go tswa fela kwa lekgolong la bone la dingwaga B.C.E. go tla go fitlha kwa Hara-Magedona. Bo ile jwa bontsha gore Mikaele o tla tlisa kagiso mo lefatsheng ka tsela e e. leng yone fela e e kgonegang: ka go senya bo-ntwadumela. Jaanong, morago ga patlisiso e e gakgamatsang ya hisitori pele ga nako, moengele o bolelela-pele mangwe a masego a magolo a a ipelelwang ke batho ba Modimo “mo metlheñ ea bohèlō.”—Daniele 10:14.
Motlha wa Ditsogo
2. Bangwe ba ba suleng ba ile ba “kubuga” jang mo “motlheñ oa bohelō”?
2 Moengele o bolelela Daniele jaana: “Le bantsi mo go bōnè ba ba robetseñ mo loroleñ loa lehatshe ba tla kubuga, bañwe ba tla kubugèla botsheloñ yo bo sa khutleñ, ba bañwe ba kubugèla ditlhoñeñ le lonyacō lo lo sa khutleñ.” (Daniele 12:2) Ka mo go phepafetseng, “motlha oa bohèlō” ke motlha wa ditsogo, wa go tsosa “ba ba robetseñ mo loroleñ loa lehatshe.” Nngwe ya ditsogo tseo e ne ya simologa ka bofefo morago ga fa Jean a sena go nna Kgosi ka 1914. (Mathaio 24:3) Moaposetoloi Paulo, a lebeletse pele nakong eo, o ne a kwala jaana: “Rona ba re tla boñ re tshedile, ba e tla reñ mo go tleñ ga Morèna re hitlhèlwa re setse, ga re ketla re ètèlèla ba ba shuleñ. . . . ba ba shwetseñ mo go Keresete ba tla coga pele.” (1 Bathesalonia 4:15, 16; Tshenolō 6:9-11) Ka gone, go phepafetse gore ka bofefo fela morago ga 1914 Jesu o ne a tsosetsa bao ba “Iseraela oa Modimo” botshelong jwa semoya kwa magodimong ba ba neng ba setse ba sule ba ikanyega. (Bagalatia 6:16) Mo go bone, go tsoga e ne e le ga ‘botshelo jo bosakhutleng.’
3, 4. Setlhopha sa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo se ne saa ‘swa’ jang ka 1918?
3 Mme mafoko a moengele kwantle ga pelaelo a akareletsa tsogo e nngwe gape. Mo e ka nnang dingwaga di le 40 pele ga 1914, setlhopha se sennye sa Bakeresete ba ne ba ntse ba tlhagisa gore ngwaga oo o ne o tla tshwaya bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba jaaka Jesu a ile a bolelela-pele. (Luke 21:24) Bakeresete bano ba ne ba dira gore Zion’s Watch Tower Tract Society e tlhomiwe ka 1884, mme ba gatisa matswela a dipatlisiso tsa bone tsa Bibela mo lokwalo-pakeng lo lo neng lo bidiwa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence.
4 Ka 1914 boammaaruri jwa molaetsa wa bone bo ne jwa tladiwa ka mo go gakgamatsang fa ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne e tlhagoga, mme “botlhoko yoa pèlèga” jo bo boleletsweng-pele ke Jesu bo ne bo simologa. (Mathaio 24:7, 8) Lefa go le jalo, baba ba bone ba sedumedi ba ne ba dirisa poifo e kgolo ya ntwa go ba bogisa go fitlhelela labofelo, ka 1918, tiro ya bone e lebega ekete e emisitswe gotlhelele, mme batlhanka ba konokono ba Watch Tower Society ba latlhelwa mo kgolegelong ka mo go sa tshwanelang. Seno se ne sa tsosa boitumelo jo bogolo mo ditlhopheng dingwe. Gape se ne sa diragatsa boperofeti jo bo kwadilweng mo bukeng ya Tshenolō: “Me e tla re ba sena go wetsa chupō ea bōnè, sebatana se se tlhatlogañ mo moletiñ o o senañ bolekeleco, se tla ba tlhasèla, se ba henya, se ba bolaea.”—Tshenolō 11:7.
5, 6. Maitemogelo a setlhopha seno ka 1919 a ile a diragatsa boperofeti jang jwa gore “bantsi mo go bōnè ba ba robetseñ mo loroleñ loa lehatshe ba tla kubuga”?
5 Lefa go ntse jalo, go ya ka boperofeti jo, ba ne ba se kitla ba ‘swela’ ruri. “Moragō ga malatsi a mararo a a nañ le ntlha e ñwe ea letsatsi, mōea oa botshelō o o cwañ Modimoñ oa tsèna mo go bōnè, me ba èma ka dinaō; me poihō e kgolo ea wèla ba ba ba bōnañ. . . . Me ba tlhatlogèla kwa legodimoñ ba le mo leruñ; me baba ba bōnè ba ba bōna.” (Tshenolō 11:11, 12; Esekiele 37:1-14) Go bonala gore tsogo ya bone e ne e le ya tshwantshetso, ereka tsogo ya sebele go tsena mo botshelong jwa semoya kwa legodimong e ne e se kitla e bonala mo babeng ba bone. Go na le moo, ba ne ba tsosiwa mo seemong se se tshwanang le sa loso sa go koafala mme ba isiwa mo seemong sa go dira ka tlhagafalo e kgolo ba bonwa sentle ke bao ba neng ba ba logetse maano a go ba tlosa. Ka 1919 baemedi ba Watch Tower Society ba ne ba gololwa mo kgolegelong, tiro ya go rera e ne ya rulaganngwa gape, mme lefatshe le ne la bona tshimologo ya tlhabano e kgolo ya bosupi jwa Bogosi mo hisitoring.—Mathaio 24:14.
6 Ka mogopolo ono wa tshwantshetso, ‘bontsi jwa bao ba neng ba robetse mo loroleng lwa lefatshe ba ne ba tsoga.’ Go tswa foo, go simolola ka 1919, setlhopha seo se sennye se se tsositsweng sa Diithuti tsa-Bibela ba ne ba simolola go batla le go phutha ba ba setseng ba bomonnaa Jesu gore palo e e tletseng ya 144 000 e kanelwa. (Mathaio 24:31; Tshenolō 7:1-3) Jaaka batho ka bongwe ba arabela, ba ne ba ineela mo Modimong ka Keresete mme ba fetoga maloko a phuthego e e bonalang ya ga Jehofa e e mo lefatsheng Ka go amogela moya o o boitshepo kwantle ga tlhwatlhwa, ba ne ba bolelwa tshiamo mo motheong wa tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu le go tsholwa jaaka bomorwa Modimo ka tsela ya semoya.—Baroma 8:16; Bagalatia 2:17; 3:8.
7. Mo bontsing jwa bano, seno se tla itshupa go nna go tsogela “botsheloñ yo bo sa khutleñ” jang?
7 Bao ba ba neng ba nna ba ikanyega go ya bokhutlong jwa botshelo jwa bone jwa selefatshe ba na le tebelelo e e nitameng ya go tsaya maemo a bone kwa legodimong gammogo le Jesu Keresete. (1 Bakorintha 15:50-53) Ka gone, go tsosiwa ga bone ga semoya go isa botshelong jo bosakhutleng Fa ba santse ba tshela mo lefatsheng, ba itemogelela kagiso gareng ga bone lemororo ba tshela mo lefatsheng le le tlhabanang. (Baroma 14:19) Mme se se botlhokwa thata ke gore, ba ipelela kagiso le Jehofa Modimo ka boene, “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe.”—Bafilipi 4:7.
Go Tsogela “Ditlhoñeñ”
8, 9. Ke ka tsela efe go tsoga mo ga semoya go neng go ka nna ‘ditlhong le lonyatso lo lo sa khutleng’?
8 Ke eng he, fa bangwe ba “kubugèla ditlhoñeñ le lonyacō lo lo sa khutleñ”? Lebaka ke gore, ga se botlhe bao ba amogelang taletso ya go nna bontlhanngwe jwa setlhopha sa Bogosi ba ba nnang ba ikanyegile. Bangwe ba letlelela tumelo ya bone go koafala mme ba palelwa ke go itshoka. (Bahebera 2:1) Bobotlana jwa bone ba bile ba nna batenegi mme ba tshwanelwa ke go ntshiwa mo phuthegong ya Bokeresete. (Mathaio 13:41, 42) Ba ba ntseng jalo ba tlhalosiwa ke Jean jaaka “motlhanka eouō, eo o boshula” yoo Morena wa gagwe a mo otlhayang “mo gololo,” a mo abela kwa boitimokanying Kwa go leng “selelō le khuranyō ea mènō gōna.”—Mathaio 24:48-51; Baefesia 4:18; 5:6-8.
9 Abo e le matlhotlhapelo, go amogela tshiamelo e kgolo thata e e kileng ya neelwa batho ba ba sa itekanelang mme ba bo ba e fulalela! Mo go bao ba dirang ka tsela eno, moaposetoloi Paulo a re: “Gonne kaga bōnè ba ba kileñ ba bōnesiwa, ba lekeletsa nèō ea selegodimo, me ba abèlwa Mōea o o Boitshèpō, Me ba lekeletsa lehoko ye le molemō ya Modimo, le dinonohō tsa motlha o o tlañ, Me ha ba tlogile ba tenèga; bauō, go reteletse rure go ba shahaletsa gapè kwa boikwatlhaoñ: ka ba ipapolèla Morwa Modimo sesha, me ba mo tlhabisa ditlhoñ mo ponatshegoñ.” (Bahebera 6:4-6) Ka tsela eno, go tsosiwa ga bone go felela e le “ditlhoñeñ le lonyacō lo lo sa khutleñ.” Ga ba na tsholofelo e nngwe ya botshelo jo bosakhutleng.
‘Go Bonala Jaaka Masedi’
10. Ke bomang “ba ba botlhale,” mme ba ‘phatsima jang jaaka masedi’?
10 Mme fa e le bao ba nnang ba ikanyega, boperofeti jwa re: “Me ba ba botlhale ba tla phatsima yaka phatsimō ea phuthologō ea loapi; le ba ba shokolèlañ bontsi kwa tshiamoñ ba tla phatsima yaka dinaledi ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (Daniele 12:3) “Ba ba botlhale” ka phepafalo ke maloko a a nnang a le boikanyego a phuthego ya Bokeresete a a tloditsweng, ba ba ‘tladitsweng ka kitso ya boammaaruri ya go rata ga gagwe le botlhale jotlhe le tlhaloganyo ya semoya.’ Ka go nonotshiwa ke Jehofa, ba ‘itshoka ka botlalo le go nna pelotelele ka boitumelo, ba leboga Rara yo o ba dirileng gore ba nne le seabe mo bosweng jwa ba ba boitshepo ba ba mo leseding.’ (Bakolosa 1:9, 11, 12) Fa e sale ka 1919, lemororo ‘lefiñ le apesitse lefatshe, le lefifi le le kwenneng le apesitse ditlhopha tsa semorafe,’ ba ntse ba ‘bonala jaaka masedi’ a tsholofelo. (Isaia 60:2; Bafilipi 2:15; Mathaio 5:14-16) Ba “betlama yaka letsatsi mo bogosiñ yoa ga Rrabō.”—Mathaio 13:43.
11. “Ba ba botlhale” ba itshupile ka tsela efe go nna “ba ba shokololèlañ bontsi kwa tshiamoñ”?
11 Ba itshupa jang gore ke “ba ba shokololèlañ bontsi kwa tshiamoñ”? (Daniele 12:3) Ka baka la go neela bosupi ga bone ka boikanyego, ba bofelo ba lseraele wa semoya ba ile ba phuthiwa mme ba bolelwa tshiamo go tshela mo magodimong Mo godimo ga moo, boidiidi jo bogolo jwa “dinku di sele” bo ile jwa itshupa, bo thelesegela kwa leseding le le tswang kwa go Jehofa le le ntshiwang ke ‘batho ba ga Daniele.’ (Yohane 10:16; Sekaria 8:23) Bano ba “dinku di sele” ka go rata ba ile ba ikopanya le ba ba tloditsweng mo tirong ya go rera “Mahoko a a Molemō.” (Mathaio 24:14; Isaia 61:5, 6) Le bone, ba bontsha tumelo mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu Keresete, ka gone ba bolelwa tshiamo go ipelela botsalano le Modimo. (Tshenolō 7:9-15; bapisa Yakobe 2:23.) Fa ba nna boikanyego go ya bokhutlong, maina a bone a tla tswelela a “kwadilwe mo lokwaloñ.” Ka gone, ba ka nna ba lebelela go falola nako e e bosula thata ya khuduego e e iseng e ke e wele merafe.—Daniele 12:1; Mathaio 24:13, 21, 22.
“Ba Tla Phatsima . . . Ka Bosaeeñkae”
12, 13. (a) Ke eng fa “ba ba botlhale” ba kgona go “phatsima . . . ka bosaeeñkae”? (b) Ke jang ka tsela e nngwe, ba tla itshupang ba le “ba ba shokololèlañ bontsi kwa tshiamoñ”?
12 Moengele o ne a bolelela Daniele jaana: “Ba ba botlhale ba tla phatsima yaka phatsimō ea phuthologō ya loapi . . . , yaka dinaledi ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (Daniele 12:3) Ba ba tloditsweng ba ka phatsimela ruri jang, ereka mongwe le mongwe kwa bofelong a tla swa? Ka gore ba tla tswelelapele go “phatsima” le e leng morago ga loso lwa bone. Fa a ba tlhalosa ba le mo maemong a bone a selegodimo, Jesu o re bolelela mo lokwalong lwa Tshenolō jaana: “Setulō sa bogosi sa Modimo le sa Kwana se tla nna mo go ōna: le batlhanka ba ōna ba tla o dihèla; Me ba tla bōna sehatlhōgō sa ōna; le leina ya ōna le tla nna mo diphatleñ tsa bōnè. Me ga go ketla go tlhōla go nna bosigo gopè; me ga ba batle lesedi ya lampa, leha e le lesedi ya letsatsi; gonne Morèna Modimo o tla ba naea lesedi: me ba tla busa ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—Tshenolō 22:3-5.
13 Ee, bano ba ba tsositsweng ba tla busa jaaka dikgosi jaaka dinaledi mo magodimong, “ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” Kgalalelo ya bone ya semoya e tla tlisetsa setho masego a magolo. (Tshenolō 14:13) Fa e ba tlhalosa jaaka “Yerusalema eo mosha,” buka ya Tshenolō e bega jaana: “Me motse ga o batle gore letsatsi le o phatsimèlè, leha e le kgwedi: gonne kgalalèlō ea Modimo e ne e o bōnesa, le lampa ea ōna ke Kwana. Me merahe e tla tsamaea mo gare ga lesedi ya ōna: le dikgosi tsa lehatshe di tlisa kgalalèlō ea cōna mo go ōna.” (Tshenolō 21:2, 9, 23, 24) Ba ba tsositsweng mo baswing ba tla thusa mo go diriseng melemo ya setlhabelo sa thekololo ‘go hodisa merafe.’ (Tshenolō 22:2) Fa, kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga tse di Sekete, Jesu le dikgosi le baperesiti-ka-ene ba ba 144 000 ba tsosoloseleditse batho ba ba ikanyegang mo boitekanelong, ka boammaaruri ba tla bo ba tlisitse “bontsi kwa tshiamoñ.” Morago ga teko ya bofelo ka nako eo, setho se se tsosolositsweng se tla bopa mokgatlho wa batho o o itekanetseng o o tla tshelang mo Paradaise ya selefatshe ka bosakhutleng (Tshenolō 20:7-10; Pesalema 37:29) Ka tsela eno, matswela a a bonalang a kgalalelo ya selegodimo a ‘batho ba ga Daniele’ le one a tla nna “ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”
Tsogo e Nngwe
14. Boperofeti jo bo reng “le bantsi mo go bōnè ba ba robetseñ mo loroleñ loa lehatshe ba tla kubuga” bo tla akareletsa bomang gape?
14 Ka gone, mafoko a moengele a re isa kwa pele ga nako ya go ‘ema ka dinao’ ga ga Mikaele le “motlha oa khuduègō” o o senang bolekanngo mme a re isa mo tsamaisong e ntšha ya dilo. Mo godimo ga moo, masego a a fetisiwang ka bano ba ba phatsimang “yaka dinaledi” ga a kitla a lekanyediwa fela mo go bao ba falolang “motlha oa khuduègō.” Jesu, fa a ne a santse a le motho mo lefatsheng, o ne a re: “Lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa; ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō.” (Yohane 5:28, 29) Mafoko ano a lebisitswe kwa tsogong ya sebele ya setho se se suleng, mme kwantle ga pelaelo tsogo eno, le yone, ke tiragatso e e oketsegileng ya mafoko a moengele: “Le bantsi mo go bōnè ba ba robetseñ mo loroleñ loa lehatshe ba tla kubuga.”—Daniele 12:2.
15. Mo go bao bo tsositsweng mo baswing ka nako eo, go ka itshupa jang go nna tsogo ya “botsheloñ yo bo sa khutleñ”?
15 Gareng ga ba ba akarelediwang mo go tsosiweng mo e tla bo e le Daniele ka boene. O ne a bolelelwa jaana ke moengele: “Me wèna, tsamaea hèla go tlo go tsamaee bokhutlō bo tle: gonne u tla ikhutsa, [mo losong] me u tla èma mo kabeloñ ea gago, kwa bokhutloñ yoa metlha.” (Daniele 12:13) Bao ba ba tsosiwang mo baswing jaaka Daniele ka nako eo le bao ba arabelang mo bodiheding jwa ga Jesu le bomonnawe go tswa kwa legodimong ba tla isiwa mo boitekanelong jwa botho. Fa ba falola teko ya bofelo, maina a bone a tla kwalelwa ruri mo bukeng ya botshelo. (Tshenolō 20:5) Mo go bone le bone, go tsosiwa e tla bo e le ga “botsheloñ yo bo sa khutleñ.”
16. Go “kubugèla ditlhoñeñ le lonyacō lo lo sa khutleñ” mo tsamaisong e ntšha ya dilo go tla itshupa e le ga bomang?
16 Lefa go ntse jalo, ga se gore botlhe ba tla arabela. Kwantle ga pelaelo bangwe ba tla leka go tlisa ditlwaelo tse di thukhuthileng motho kagiso ka lobaka le le kana kana. Ba ba ntseng jalo Bibela e na le tlha giso e e siameng mo go bone jaana: “Me kaga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumeleñ le ba ba mashwè, le babolai, le bagokahadi le baloi, le ba ba dihèlañ medimo ea disètwa le baaki botlhe, kabèlō ea bōnè e tla nna mo bodibeñ yo bo shañ ka molelō le sulefura; mo e leñ losho loa bobedi.” (Tshenolō 21:8) “Losho [lono] loa bobedi” ke katlholo ya tlhamalalo go tswa kwa go Jehofa e go senang tsogo mo go yone. Ke go lebalesegela ruri ka go sa feleng. Ba ba tsositsweng mo baswing ba ba itshupang ba sa anaanele ba tla tsena mo losong lono lwa bobedi; ka ntlha ya gone moo, ga bone e tla nna go tsogela “ditlhoñeñ le lonyacō lo lo sa khutleñ.”—Daniele 12:2.
“Kicō e tla Totahala”
17. Re itse jang gore boperofeti kaga kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa bo ne bo kwalelwa segolobogolo molemong wa rona gompieno?
17 Jaanong moengele o ne a neela mafoko a kgakololo go Daniele: “Me wèna, Daniela, cwalèla mahoko, u kanèlè lokwalō, go ea go hitlha hèla kwa motlheñ oa bokhutlō: batho bantsi ba tla taboga tabogèla kwa le kwa, me kicō e tla totahala.” (Daniele 12:4) Mafoko ano a goga tlhokomelo ya rona. Lemororo boperofeti jwa moengele mabapi le dikgosi tse pedi bo ne jwa simolola go diragala mo dingwageng tse di 2 300 tse fetileng, go tlhaloganngwa ga jone ga ntlha go ne ga simologa mo “motlheñ oa bokhutlō,” segolobogolo fa e sale ka 1919. Mo malatsing ano, “bantsi ba . . . tabogèla kwa le kwa” mo Bibeleng, mme kitso ka boammaaruri e totafetse. Jaanong ke nako e Jehofa a neetseng ba ba nang le tlhaloganyo kitso.
18. (a) Ke dikarolo dife tse dikgolo tsa boperofeti tse jaanong di diragadiwang kana tse di gaufi le go diragadiwa? (b) Seno se re fa boikutlo bofe jo bo leka-lekaneng?
18 Lebaka la gobo dikarolo tse di mmalwa tsa boperofeti di ile tsa diragadiwa makgolo a mantsi a dingwaga a a fetileng le nonotsha tumelo ya rona mo dikarolong tsa boperofeti tse di santseng di tla nna gone. (Yoshua 23:14) Lefatshe gompieno le tshwaregile mo kgaratlhong ya ntwa fa gare ga kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa fela jaaka moengele a ile a bolelela-pele. Mo godimo ga moo, boperofeti bo tlhagisa ka dinako tse di kwa pele tse di kotsi le eleng go feta. Ka gone re thusiwa go ipoloka re lekalekane le go tila go tsiediwa ke boipapatso jwa kgosi epe. Eno ke nako ya go nonotsha ikanyo ya rona mo go Jehofa. Re se lebale gore “Mikaele, Kgōsana e kgolo” o “èma” mo boemong jwa batho ba Modimo. Poloko ya rona e e tlhomamisegang fela ke go ikobela Bogosi jwa Modimo kafa tlase ga ga Keresete Jesu.—Ditihō 4:12; Bafilipi 2:9-11.
19. Mafoko a moengele go Daniele a na le bokao bofe jo bogolo mo go mongwe le mongwe wa rona?
19 Ka gone, nna gautshwane le “ba ba botlhale,” ba ba ‘phatsimang jaaka phatsimo ya loapi.’ Nna o tlhagafetse mo go direleng Bogosi jwa Modimo. (1 Bakorintha 15:58; Baroma 15:5, 6) Oketsa lorato lwa gago lwa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, mme o somarele fela thata kagiso e e teng le e leng jaanong jaana mo phuthegong ya Modimo. (Pesalema 119:165; Baefesia 4:1-3; Bafilipi 2:1-5) Mme he, fa Mikaele a ‘ema ka dinao’ gore a thubaganye baba ba ga Jehofa, ekete o ka falola, mmogo le batho ba Modimo botlhe bao maina a bone a “hitlhèlwañ a kwadilwe mo lokwaloñ.”
A O Ka Araba?
◻ “Bantsi mo go bōnè ba ba robetseñ mo loroleñ loa lehatshe” ba setse ba tsogile ka tsela efe?
◻ ‘Tsogo’ eno e ka nna ya nna ‘ya ditlhong’ jang?
◻ “Ba ba botlhale” ba phatsima jang jaaka masedi le go tlisa ba le bantsi mo tshiamong?
◻ Go tla nna le tiragatso efe ya isagwe malebana le go tsoga ga ‘bao ba robetseng mo loroleng lwa lefatshe’?
◻ Daniele 12:4 e diragadiwa jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Fa e sale ka 1919 ba ba botlhale ba ntse ba phatsima ka boammaaruri jo bo nayang botshelo
[Motswedi wa Tshedimosetso]
Setshwantsho sa NASA