LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 7/15 ts. 3-4
  • Tumelo e Ka Sutisa Dithaba!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tumelo e Ka Sutisa Dithaba!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo ke Eng?
  • Tumelo e Ka Sutisa Dithaba
  • Tumelo—E a Re Nonotsha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Tumelo ya Boammaaruri—Ke Eng?
    Tsogang!—2000
  • Supa Tumelo e e Thailweng mo Boammaaruring
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 7/15 ts. 3-4

Tumelo e Ka Sutisa Dithaba!

BATHO ba ne ba letetse ka tidimalo. Rre mongwe o ne a sa tswa go lere morwawe yo o bolawang ke bolwetse jwa go karalala go banna ba go neng go bolelwa fa ba ne ba ka kgona go mo fodisa Go ne go emetswe phodiso ka tlhoafalo Mme ga se ke ga diragala sepe! Rre yoo o ne a itsamaela ka maswabi.

Ka nako eo ga tla banna ba bangwe ba le bane mme gateng ga bone ga bo go na le moeteledipele wa bone, Jesu wa Nasaretha. Rangwana o ne a sianela kwa go ene, a mo kopa jaana: “Morèna, utlwèla morwaake botlhoko: gonne o tla a nne a karalale, me o utlwa botlhoko thata: gonne o tla a wèle mo moleloñ le mo metsiñ gantsi. Me ke mo lere mo barutweñ ba gago, me ba retelelwa ke go mo hodisa.”

“Mo lereñ kwano go nna,” ga rialo Jesu. Phelelo ya nna efe? “Me Yesu a mo kgalemèla; me badimo ba cwa mo go èna; me mosimane o sale a hodisiwa hèla ka lobaka louō.” Ee, kgakgamatso e nngwe! Mme ke ka ntlhayang fa barutwa ba ga Jean ba ne ba retelelwa?

Jesu o ne a tlhalosa gore ke ka ntlhayang, ka gore: “E ne e le ka ntlha ea bobōtlana yoa tumèlō ea lona.” Go tswa foo a tswelela ka gore: ’‘Ha lo na le tumèlō e e kanañ ka tlhaka ea peo ea mosetara, lo ka raea thaba e, loa re, Tloga ha. u hudugèlè hale; me e tla huduga; me ga go ketla go dihana le sepè se se tla lo retelèlañ.”​—Mathaio 17:14-20.

Go tswa boitemogelong jono jo bo diragetseng ka boammaaruri, go bonala sentle gore tumelo e na le maatla. Mme tota tumelo ke eng? A e ka agiwa ya ba ya nonotshiwa? A tota e ka sutisa dithaba?

Tumelo ke Eng?

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore tumelo ke “go ikanya kaga dilō tse di sholohelwañ, ke tlhōmamishō [kana, bosupi jo bo tlhatswang pelo] kaga dilō tse di sa bonweñ.” (Bahebera 11:1) Ka mafoko a mangwe, tumelo ke bosupi jo bo tlhatswang pelo kaga sengwe se se sa bonweng. Ga e a thaiwa ka magatwe fela mme e na le motheo o o nonofileng Ka gone, tumelo e farologane le go nna madumela gotlhe. Buka nngwe ya tlhaloso-mantswe e tlhalosa gore go nna madumela-gotlhe ke “go dumela kana go dumela ka bofefo, bogolo jang ka bosupi jo bo seng kalo kana jo bo sa tlhomamisegeng.” Phapaanong le seo, motho yo o nang le tumelo ya boammaaruri o na le bosupi jo bo tiileng kaga se a se dumelang Ka gone he, o ka go bolelela gore ke ka ntlhayang fa a tlhatswegile pelo gore selo sa mofuta mongwe se tla diragala Rangwana yo o umakilweng kwa tshimologong o ne a na le bosupi bongwe jo bo tlhatswang pelo jwa gore Jesu o ne a ka kgona go fodisa morwawe Bosupi bofe? Ebu, go ne go fetile dingwaga tse di fetang tse pedi Jesu a ntse a dira dikgakgamatso, mme go tuma ga gagwe go ne go aname mo dikarolong tse dintsi tsa Palasitine.​—Luke 7:17; Yohane 10:26.

Gape tumelo e tlhalositswe jaaka “setlankana sa tlhomamisetsa ya dilo tse di solofelwang.” Monna yo o rekang thoto nngwe kwa lefelong le le kgakala mme a tshotse setlankana sa tlhomamisetse o na le bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore thoto eo e teng le gore ruri ke ya gagwe, lemororo a ka ne a ise a ko a e bone. Jalo, motho yo o nang le tumelo le ene o ka neela bosupi jo bo duleng diatla jwa se a se dumelang Ka sekai, a re re o na le tumelo ya gore Jehofa Modimo o tla lere kagiso ya boammaaruri mo lefatsheng leno ka Bogosi jwa Gagwe. He motho wa go nna jalo o tshwanetse a bo a na le bosupi jwa gore Modimo o gone le gore o na le maatla, thato, le botlhale tse di tlhokegang mo go lereng kagiso le gore O tlhomile Bogosi jo bo tla dirang jalo. Bosupi jo bo ntseng jalo bo tshwanetse bo bo bo nonofile mo bo ka kgonang go tlhatswa pelo e seng fela motho yo o nang le tumelo mme gape le ba bangwe ba ba ka ‘mmotsang kaga tsholofelo ya gagwe’ ya kagiso.​—1 Petere 3:16.

Tumelo e Ka Sutisa Dithaba

Lefa go ntse jalo, mongwe o ka nna a botsa a re, ‘A Jesu o ne a raya gore tumelo e e ntseng jalo e ne e ka fudusa dithaba tota-tota?’ Jesu o ka bo a ne a akareletsa le moo, mme gantsi o ne a dirisa ditshwantsho. (Mathaio 13:34) Jalo o ka nna a bo a ne a akantse ka dikgoreletsi tse di ka tshwanang le dithaba mo mothong yo o dumelang. Ebile tota, lefoko “thaba” gantsi le dirisiwa go kaya bontsi jwa selo, jaaka “thaba ya dikoloto.” Gore tumelo ya boammaaruri e ka fudusa kana ya sutisa dikgoreletsi tsa seka-dithaba go tlhomamisiwa ke maitemogelo a motlha wa segompieno.

Ka sekai, a ga o dumele gore go swa ditokololo go tswa kwa molaleng go ya kwa tlase go ka tshwantshiwa le thaba e e ntseng jalo? Mme motho yo o suleng ditokololo tsa mabogo le maoto yo o nnang mo Vancouver, B.C., kwa Canada, gaa ithuta fela go tshwantsha, ka boditsi kana ka thipa e e tshwantshang a e hupile ka molomo, mme gape o itshedisa ka go rekisa ditshwantsho tsa gagwe. Mo godimo ga moo, tumelo ya gagwe e mo kgoromeletsa go buisana le ba bangwe kaga se a se ithutileng mo Bibeleng, a dira jalo ka go tsamaya ka setilo sa gagwe se se nang le maotwana kana ka go kwala dikwalo. O kwala dikwalo tsa gagwe ka go itaya ditlhaka tsa motšhine o o kwalang ka thupana a e hupile ka molomo. Gape o nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha ebile o neela dipuo mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo se se tsamaisiwang ke Basupi ba ga Jehofa Sekao sa gagwe sa tumelo, gammogo le bonatla jwa gagwe le boikemisetso, ke motswedi wa kgothatso mo go bao ba nnang nae.

Go dumela mo Lefokong la Modimo le mo ditsholofetsong tsa gagwe go thusitse ba bangwe ka tsela e e tshwanang Ka sekai, go thusitse ba le bantsi go fenya mekgwa e e seng ya Bokeresete le dingwao, tse di tshwanang le ditlwaelo tsa boferefere tsa kgwebo, go utswa, go goga motsoko, go tshameka mataese, botagwa, tirisa-badimo, boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong, le ditlwaelo tsa bodumedi jwa maaka. Selo se se thusitseng mo maitemogelong ano otlhe e ne e le go nna le bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Jehofa Modimo o gone, gore Bibela ke Lefoko la gagwe le le kwadilweng, le gore ditsholofetso tsa gagwe tse di kwadilweng mo Dikwalong di a ikanyega ebile di tla diragadiwa Tumelo e e ntseng jalo ruri e ka sutisa dithaba.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela