Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Loeto le Lengwe la go ya go Rera kwa Galilea
MORAGO ga mo e ka nnang di ngwaga tse pedi tsa go rera ka tlhagafalo, a jaanong Jesu o tla repisa le go kgoba-kgetsi? Go na le go dira jalo, o godisa tiro ya gagwe ya go rera ka go simolola loeto le lengwe gape, lwa boraro la Galilea. O etela ditoropo le metse yotlhe e e mo nageng eo, a ruta mo Disenagogeng le go rera mafoko a a molemo a Bogosi. Se a se bonang mo loetong iwa gagwe se mo neela tumelo e e tletseng ya gore go na le tlhokafalo e ntsi go feta pele ya gore a nonotshe tiro ya gagwe ya go rera.
Gongwe le gongwe kwa Jesu a yang gone, o bona batho ba bantsi ba tlhoka g hodisiwa semoyeng le go gomodiwa Ba tshwana le dinku tse di senang modisa. ba patikegile ebile ba gasame, mme o ba tlhomogela pelo. O bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye Me ke gōna, rapèlañ Morèna oa thōbō. gore a romè barobi mo thoboñ ea gagwè.”
Jesu o na le thulaganyo ya tiro. O bitsa baaposetoloi ba ba 12, ba a ba tlhomileng mo e ka nnang sebaka sa ngwaga se se fetileng O ba kgaoganya ka bobedi, a dira ditlhopha tse thataro tsa bareri, le go ba neela ditaelo, a re: “Lo se ka loa tsèna mo tseleñ epè ee Badichaba, leha e le mo motsiñ opè one Basamaria lo se ke loa tsèna mo go na: Me bogolo lo eeñ kwa dinkuñ tse di timetseñ tsa ntlo ea lseraele.”
Bogosi jono jo ba tshwanetseng go rera ka jone ke jo Jesu e ba rutileng go bo rapelela mo thapelong ya sekaelo Bogosi bo ne bo atametse ka mogopolo wa gore Kgosi e e tlhophilweng ke Modimo, Jesu Keresete. o nje a le gone. Go neela barutwa ba gagwe ditshwanelego tsa go nne baemedi be goromente o mogolo go feta wa batho, Jesu o ba neele thata ya go fodise balwetse le eleng go tsose baswi. O ba laela goile ba dire ditirelo tseno kwe ntle ga tuelo
Go tswa foo o bolelela barutwa ba gagwe gore be leka ba dira dipaakanyetso tsa dilo tse di?, onalang tsa loeto lwa bone la go rere. “Se tseeñ gouda, leha e le selefera, leha e le kgōtlhō mo pateneñ tsa lona tsa madi: Leha e le kuana ea Ioètō, leha e le dikobō di le pedi, leha e le ditlhako, leha e le tsamma: ka gonne modihi o chwanecwe ke seyō sa gagwè.” Bao ba anaanelang molaetsa ba tla arabele le go neelana ka dijo le marobalo. Jaaka Jesu a bua: “Me leha e ka ne e le motse ohe, leha le motsana o lo tsènañ mo go ōna lo senkè eo o chwanetseñ gōna: me lo nnè hoñ. go tlo go tsamaeè lo cwè gōna.”
Jalo Jesu o laela ka moo ba ka atamelang beng ba ntlo ka molaetsa wa Bogosi ka gone. “Me e re lo tsèna mo tluñ,” o laela jalo, “lo e dumedisè. Me ha ntlo euō e le eōna e e chwanetseñ. a kagishō ea lona e tlè mo go eōna: me ha e le e e sa chwanèIañ. a kagishō ea lona e boèlè mo go lona. Me leha e le bomañ ba ba se ketlañ be lo chola. leha e le go reetsa mahoko a Iona, e re lo ewa mo tluñ euō, kgotsa mo motsiñ ouō. lo itlhotlhorè dithole mo dinaoñ tsa lona.”
Jesu o bua kaga motse o o sa amogeleng molaetsa wa bone jaana: “E tla re mo motlheñ oa tshèkō, go tla nna botoka kaga lehatshe ye Sodoma le Gomora, bogolo go motse ouō.” Seno se bontsha gore bobotlana batho bangwe ba ba sa siamang ba barutwa ba neng ba tla ba rerela ba tla bo ba le teng mo Letsatsing la Katlholo. Fa baagi bano ba pele ba tsosiwa mo baswing mo Letsatsing la Katlholo, lefa go ntse jalo, go tla ba ketefalela go ikoba le go amogela Keresete jaaka Kgosi bogolo go batho ba ba tsositsweng ba ba tswang mo metseng ya boitsholo jo bo maswe ya Sodoma le Gomora. Mathaio 9:35–10:15; Mareko 6:6-12; Luke 9:1-5.
◆ Jesu o simolola leng loeto la gagwe le boraro la go ye go rara kwa Galilea. mme le mo neela tumelo efe?
◆ Fa a romela baaposetoloi ba gagwe ba be 12 go ye go rera, o ba neela ditaelo dire?
◆ Ke eng fa go ne go tshwanetse gore barutwa ba rere be re Bogosi bo atametse?
◆ Ke eng fa go tla nna motlhofo mo go Sodoma le Gomora bogolo go batho ba ba ganneng barutwa ba ga Jesu?