Dithapelo di Tlhoka Ditiro
“Yehofa o kgakala le baikepi: me o utlwa morapèlō oa basiami.”—DIANE 15:29.
1. Ke boemo fe jo bo tshwanetsweng go fitlhelelwa gore Modimo o arabe dithapelo tsa rona?
DIPATLAFALO tsotlhe tsa ga Jehofa di botlhale, di siame, ebile di lorato. Ga di tlhokofatse lefa ele ka tsela epe. (1 Yohane 5:3) Seo se akareletsa dipatlafalo tsa gagwe mabapi le thapelo, nngwe e ya tseo e leng gore re tshwanetse go tshe tumalanong le dithapelo tsa rona. Tsela ya rona ya botshelo e tshwanetse go itumedisa Jehofa Modimo. Fa re sa dire jalo, re ka solofela jang gore a seka-seke ditopo tsa rona le mekokotlelo ka kamogelo?
2, 3. Ke ka ntlhayang fa Jehofa a se kile a araba dithapelo tsa Baiseraele, jaaka go bonala mo mafokong a ga Isaia, Jeremia, le Mika?
2 Eno ke ntlha ya thapelo e e tlodisiwang matlho ke bontsi jwa bao ba leng mo go La-Bodumedi, fela jaaka e ne e tlodisiwa matlho ke Baiseraele ba batenegi mo motlheng wa ga Isaia. Ke gone ka moo Jehofa a neng a dira gore moperofeti wa gagwe a mmuelelela ka gore: “E, e tla re lo diha merapèlō e le mentsi, ga nketla ke utlwa: . . . Tlhapañ, lo intlahatsè: tlosañ boshula yoa ditihō tsa lona ha pele ga matlhō a me; bakèlañ go diha boshula: Ithuteñ go diha sentle,” (Isaia 1:15-17) Ee, fa Baiseraele bao ba ne ba batla go amogelwa ke Modimo, ba ne ba tshwanetse go itshwara ka tsela e e nenge mo itumedisa Jaaka go setse go builwe sentle: “Fa o batla gore Modimo o go utlwe fa o rapela, o tshwanetse go Mo reetsa fa A bua.”
3 Ebile tota, Jehofa, gangwe le gape o bone go tlhokafala gore a gakolola batho ba gagwe Baiseraele ka boammaaruri jono. Ka gone re bala jaana: “Eo o ithuhulañ, gore a se utlwe molaō, le e leñ ōna morapèlō oa gagwè ke sehedisa pelo hèla” mo Modimong. “Yehofa o kgakala le baikepi: me o utlwa morapèlō oa basiami.” (Diane 28:9; 15:29) Ka baka la boemo jono, Jeremia o ne a bua jaana ka khutsafalo: “[Wena Jehofa] u ikhurumeditse ka leru, gore morapèlō oa rona o se le phololele.” (Dikhutsahalō 3:44) Ka boammaaruri, tlhagiso e Mika a neng a tlhotlhelediwa go e neela e ne ya diragadiwa e e teng: “Ba tla goela kwa go Yehofa, me ga a ketla a ba araba: E, n tla ba shubèla sehatlhōgō sa gagwè mo motlheñ ouō, kaha ba dihileñ boshula ka gōna mo ditihoñ tsa bōnè.”—Mika 3:4; Diane 1:28-32.
4. Ke eng se le supang gore le eleng gareng ga batho ba ga Jehofa bangwe ga ba anaanele tlhokafalo ya go dumalanya ditiro le dithapelo tsa bone?
4 Jalo go botlhokwa go tshela tumalanong le dithapelo tsa rona. A go a tlhokafala go gatelela ntlha eno gompieno? Ruri go a tlhokafala, eseng fela ka lebaka la boemo jo bo mo go La-Bodumedi mme gape le ka baka la boemo jwa batho bangwe ba ba ineetseng ba ga Jehofa. Ngogola bangwe mo baboleding ba ba fe teng 3 000 000 ba mafoko a a molemo, ba ba fetang 37 000 ba ne ba kgaolelwa boitshwaro jo bo sa tshwanelang Mokeresete. Seo se dira palo-tekanyetso ya mo e ka nnang a le mongwefela nio go ba le 80. E ka nna ya bo e le gore, bontsi jwa batho bano ba ne ba rapela bobotlana nako nngwe. A mme ba ne ba itshwara tumalanong le dithapelo tsa bone? Legoka! Le eleng bagolwane bangwe ba ba sa bolong go nna mo tirelong ya nako e e tletseng dingwaga-ngwaga tse dintsi e ne e le bangwe ba bao ba neng ba otlhaiwa ka tsela nngwe. Abo go utlwisa botlhoko! Ruri, a “Eo o gopolañ, go re, o eme, a a itisè gore a se ka a wa,” gore a seka a itshwara ka tsela e e dirang gore dithapelo tsa gagwe di seka tsa amogelwa ke Mmopi wa gagwe.—1 Bakorintha 10:12.
Lebaka la go bo Dithapelo di Tlhoka Ditiro
5. Gore Jehofa a tle a arabe dithapelo tsa rona, re ka supa tlhoafalo ya rona jang?
5 Gore dithapelo tsa rona di utlwiwe ke Jehofa Modimo, ga te a tshwanela go nna phepa mo boitsholong le mo semoyeng fela mme gape re tshwanetse ra supa tlhoafalo mo dithapelong tsa rona ka go berekela mo go se re se rapelelang. Thapelo e le yosi ga e emele go iteka ka boammaaruri, le ka botlhale Jehofa ga a na go re direla se re ka kgonang go se itirela ka go dirisa kgakololo ya Lefoko la gagwe ka tlhoafalo le go latela kaelo ya moya wa gagwe o o boitshepo. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang mabapi le seno e le gore a tle a nne le motheo wa go araba dithapelo tsa rona. Ka gone, ga re a ‘tshwanela go kopa go feta se re ikemiseditseng go se berekela,’ jaaka mongwe a kile a bua sentle jalo.
6. Ke ka ntlha ya mabaka efe a mabedi re tshwanetseng go rapela?
6 Lefa go ntse jalo, go ka bodiwa potso e e reng: ‘Re rapelelang fa e le gore re tshwanetse go berekela mo go se re se rapelelang?’ Re tshwanetse go rapela ka baka la bobotlana mabaka a le mabedi a a utlwalang Sa ntlha, fa re rapela re itsise gore dilo tsotlhe tse di molemo di tswa kwa Modimong. Ke Monei wa mpho nngwe le nngwe e e molemo le e e itekanetseng—marang a letsatsi, pula, metlha ya maungo, le tse dingwe tse dintsi (Mathaio 5:45; Ditihō 14:16, 17; Yakobe 1:17) Sa bobedi, e ka ne re atlega mo maitekong a rona kana nnyaa gotlhe go ikaegile ka tshegofatso ya ga Jehofa. Jaaka re bala mo go Pesalema 127:1: “l-la Yehofa a sa age ntlo, ba ba e agañ ba dihèla lehèla: ha Yehofa a sa dise ,motse, molebedi o cogèla lehèla hèla.” Ntlha e tshwanang e bontshiwa ke mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a a mo go 1 Bakorintha 3:6, 7: “Nna ka yala, Apolose a nosa; me Modimo oa uñwisa. Yalo eo o yalañ e be e se sepè, leha e le eo o nosañ; ha e se Modimo hèla o o uñwisañ.”
Dikai Dingwe tsa Bogologolo
7, 8. (a) Ke tiragalo efe mo botshelong jwa ga Jakobe e e bontshang gore o ne a lemoga gore ditiro di tshwanetse go pata dithapelo? (b) Kgosi Dafide o ne a neela sekao sefe mabapi le seno?
7 Dikwalo di neela makgetlo a le mantsi a a bontshang gore batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ne ba berekela mo go se ba se rapelelang A re tlhatlhobeng dikai di sekae tse di supang seo. Ka baka la go bo setlogolwana sa ga Aberahame Jakobe a ne a bona lesego la botsalwa-pele, mogolowe Esau o ne a mo ila mo a neng a ka nna a mmolaya (Genesise 27:41) Dingwaga di le 20 morago ga moo, fa Jakobe a ne a boa kwa Padana-arame a ya kwa a tsholetsweng teng a na le balelapa la gagwe ba le bantsi le diruiwa tse dintsi, o ne a utlwalela gore Esau o ne a tla go mo kgatlhantsha Fa Jakobe a gakologelwa kile ya ga Esau, o ne a rapela Jehofa ka tlhoafalo e kgolo a kopa go sirelediwa mo bogaleng jwa ga morwa-rraagwe. A mme o ne a ema gone foo fela? Nnyaa, le eseng. O ne a romela dimpho tse dintsi kwa pele ga gagwe, a akantse jaana: “Ke tla mo reba logala ka mphō e e nketeletseñ pele.” Mme go ne ga felela go ntse jalo, ka gonne fa barwa-rramotho bano ba babedi ba ne ba kopana, Esau o ne a kamatlela Jakobe a ba a mo atla.—Genesise, dikgaolo 32, 33.
8 Dafide o ne a neela sekao se sengwe sa go berekela mo go se re se rapelelang Fa morwa wa gagwe Abesalome a ne a tsaya setilo sa gagwe sa bogosi, mogakolodi wa ga Dafide ebong Ahitofele o ne a ya mo letlhakoreng la ga Abesalome. Jalo Dafide o ne a dira mokokotlelo ka tlhoafalo gore ekete kgakololo ya ga Ahitofele e ka seka ya nna le matswela A Dafide o ne a rapelela seo fela? Nnyaa, o ne a laela mogakolodi wa gagwe yo o ikanyegang Hushai go ikopanya le Abesalome e le gore a tle a tlhakatlhakanya kgakololo ya ga Ahitofele. Mme ke gone kafa dilo di neng tsa diragala ka teng. Abesalome o ne a dirisa kgakololo e e sa siamang e a neng a e neelwa ke Hushai, a gana kgakololo ya ga Ahitofele.—2 Samuele 15:31-37; 17:1-14; 18:6-8.
9. Nehemia o ne a bontsha jang gore o ne a anaanela molao-motheo wa gore dithapelo di tlhoka ditiro?
9 Lefa go le jalo, sekai se sengwe se se ka tsopolwang go re tlhagisa ke sa ga Nehemia. O ne a tshwanetse go dira tiro e kgolo—ya go aga dipota tsa Jerusalem gape. Lefa go ntse jalo, baba ba bantsi ba gagwe ba ne ba mo rera. Nehemia o ne a rapela a ba a bereka, le e leng jaaka re bala jaana: “Me rona ra dihèla Modimo oa rona thapèlō, me ra beèla ditlhōla motshegare le bosigo, ka ntlha ea bōnè.” Go tswa fano go ya pele, sephatlo sa makawana a ga Nehemia ba ne ba nna ba iketleeleditse go sireletsa sephatlo se sengwe, bao ba neng ba age lobota.—Nehemia 4:9, 16.
Sekao sa ga Jesu
10, 11. Ke sekao sefe se se beilweng ke Jesu se se bontshang gore o ne a dira tumalanong le dithapelo tsa gagwe?
10 Jesu Keresete o ne a re beela sekao se se molemo sa go berekela mo go ee re se rapelelang. O ne e re ruta go rapela jaana: “Leina ya gago a le itshepisiwè.” (Mathaio 6:9) Mme Jesu gape o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang e le gore bareetsi be gagwe ba tle ba itshepise leina la ga Rraagwe. Ka go tshwana Jesu o ne a seka e rapela fela ke gore: “Rara, galaletsa leina ya gago.” (Yohane 12:28) Nnyaa, o ne a dira se e neng a ka se kgona go galeletsa leina la ga Rraagwe le go kgotla etsa be bangwe go dira jalo.—Luke 5:23-26; 17:12-15; Yohane 17:4.
11 Fa Jesu a bona tlhokafalo e kgolo ya semoya e batho ba neng ba na nayo, o ne a nye barutwa ba gagwe a re: “Thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye. Me ke gōna, rapèlañ Morèna. oa thōbō [Jehofa Modimo], gore a romè barobi mo thoboñ ea gagwè.” (Mathaio 9:37, 38) A Jesu o ne o ema gone foo fela? Le eseng! Fela morago ga moo, o ne a roma baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 ka bobedi go yo go rera, kana ‘go roba.’ Morago. Jesu o ne a roma bareri ba le 70 go ya go dira tiro yone eo.—Mathaio 10:1-10; Luke 10:1-9.
Go Dirisa Molao-motheo
12. Tiro e amana jang le dithapelo tsa rona tsa gore Modimo o re fe sejo sa letsatsi le letsatsi?
12 Ka phepafalo, Jehofa o batla gore re tlhomame, re dire tumalanong le dithapelo tsa rona, ka gone re supa tlhoafalo ya rona. Jesu o ne a re bolelela gore re rapele re re: “Re neè gompiyeno seyō sa rona sa letsatsi.” (Mathaio 6:11) Ka gone, ka tshwanelo, balatedi botlhe ba gagwe ba lopa Modimo dilo tsa go nna jalo. A mme re solofela gore Rraarona wa selegodimo o ka araba thapelo ya go nna jalo kwantle ga gore rona re dire sengwe kaga yone? Nnyaa tota. Ke gone ka moo re balang jaana: “Mōea oa serorobe oa eletsa”—gongwe le eleng ka go rapela—“mme ga o na sepè.” (Diane 13:4) Moaposetoloi Paulo o ne a bua ntlha e e tshwanang mo go 2 Bathesalonia 3:10, a re: “Ha moñwe a gana go diha, le gōnè a seka a ya.” Go rapelela sejo sa rona sa letsatsi go tshwanetse ga patiwa ke go ikemisetsa go dira. Ka mo go kgatlhisang Paulo ka botlhale o rile bao ba ‘ganang go dira’ ga baa tshwanela go ja. Bangwe ba ba batlang go bereka ba ka bo ba sa bone tiro, ba lwala, kana ba tsofetse mo ba ka sekang ba kgona go bereka. Tota ba batla go bereka. mme mabaka a bone ga a ba letle. Ka gone, ba ka rapelela sejo sa bone sa letsatsi ka tshwanelo ba bo ba solofela go se amogela.
13. Gore Jehofa s arabe go rapelela ga rona moya wa gagwe o o boitshepo, re tshwanetse go dirang?
13 Gape Jesu o ne a re gakolola go kopa Rraarona we selegodimo moya wa Gagwe o o boitshepo Jaaka Jesu a re tlhomamisetsa, Modimo o ikemiseditse go re neele moya o o boitshepo go feta kafa batsadi ba selefatshe ba ikemiseditseng ka teng go neele bana ba bone dilo tse di molemo. (Luke 11:13) A mme re ke solofela gore Jehofa Modimo a re neele moya wa gagwe o o boitshepo ka kgakgamatso, kwantle ga gore rona re dire boiteko bope? Legoka! Re tshwanetse go dire sengwe le sengwe se re ka se kgonang go amogele moya o o boitshepo. Mo godimo ga go o rapelela, re tshwanetse go iphepa ka tlhagafalo ka Lefoko la Modimo. Ka ntlhayang? Ka gonne Jehofa Modimo ga a abe moya wa gagwe o o boitshepo kwantle ge Lefoko la gagwe, ebile ga re kake ra solofela go amogela moya o o boitshepo fa re tlhokomologa mosele o o mo lefatsheng o Jehofa a o dirisang gompieno, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” yo o emelwang ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Kwantle ga go thusiwa ke “motlhanka” yono, ga re kake ra kgona go tlhaloganya ka botlalo seo se kaiwang ke se re se balang lefa e le go itse kafa re ka dirisang ka gone se re se balang.—Mathaio 24:45-47.
14, 15. (a) Gore Jehofa a arabe go rapelela ga rona botlhale, re tshwanetse go dirisana jang le gone? (b) Seno se supiwa jang ke sekao sa ga gosi Solomone?
14 Molao-motheo wa gore dithapelo di tlhoka ditiro o dira gape le mo mafokong ano a ga morutwa Jakobe, yo eleng monnaa Jesu wa ga mmaagwe a a reng: “Ha moñwe oa lona a tlhōka botlhale, a a lōpè Modimo, o o naeañ botlhe ka bogolo, me o sa kgobe; me o tla bo nèwa.” (Yakobe 1:5; Mathaio 13:55) A mme Modimo o re neela botlhale jono ka kgakgamatso nngwe? Nnyaa. Sa ntlha, re tshwanetse go nna le boikutlo jo bo siameng, jaaka re bala jaana: “Ba ba pelonōlō o tla ba ruta tsela ea gagwè.” (Pesalema 25:9) Mme Modimo o ruta “ba ba,pelonōlō” jang? Ka Lefoko la gagwe. Gape, re’tshwanetse go dira boiteko jwa go le tlhaloganya le go le dirisa, jaaka go supiwa mo go Diane 2:1-6: “Morwaaka, ha u ka ohola mahoko a me, ua ba ua ipeèla ditaolō tsa me ha go wèna: Ua ba ua sekègèla botlhale tsèbè, me ua lebisa pelo ea gago kwa tlhaloganyoñ; E, ha n tlhaeletsa tlhalemaleye, me ua choleletsa tlhaloganyō lencwe ya gago; Ha u mmatla yaka e ka bo e le selefera. . . . Hoñ n tla tlhaloganya go boiha Yehofa, me u tla bōna kicō ea Modimo. Gonne Yehofa o aba botlhale.”
15 Fa Kgosi Solomone a ne a rapelela botlhale mme Modimo o araba thapelo ya gagwe ka kgakgamatso, a molao-motheo wa gore dithapelo di tlhoka ditiro o ne o dira le gone? Ee, o ne o dira, gonne jaaka kgosi ya Iseraela, Solomone o ne a tlhokwa go ikwalela sekaelo sa Molao, go o bala letsatsi le letsatsi, le go o dirisa mo botshelong jwa gagwe. Mme fa Solomone a ne a dira phapaanong le ditaolo tsa one, jaaka ka go ntsifatsa basadi ha gagwe le dipitse, ditiro tsa gagwe di ne di sa tlhole di dumalana le dithapelo tsa gagwe Ka baka leo, Solomone o ne a nna motenegi mme a swa jaaka yo o “seeleele.”—Pesalema 14:1; Duteronome 17:16-20; 1 Dikgosi 10:26; 11:3, 4, 11.
16. Ke setshwantsho sefe se se bontshang gore dithapelo tsa rona tsa go fenya bokoa jwa senama di tshwanetse go patiwa ke ditiro?
16 Molao-motheo wa gore ditiro di tshwanetse go pata thapelo o dira gape lefa re kopa thuso ya Modimo mo go fenyeng tlwaelo nngwe e e re ngaparetseng ya bogagapa Ka gone kgaitsadi mongwe wa mmulatsela o ne a dumela gore o ne a tshwakgotswe ke metshameko ya thelebishene, gore o ne a e lebelela go tswa nakong ya 11:00 mo mosong go ya go 3:30 mo maitseboeng letsatsi le letsatsi. Fa a utlwa puo e e neng e neetswe kwa kopanong ya kgaolo kafa dithulaganyo tseno tsa boitsholo jo bomaswe di gobatsang ka teng, o ne a isa kgang kwa Modimong ka thapelo. Mme go ne ga mo tsaya nako gore a fenye tlwaelo eo. Ka ntlhayang? Ka gonne, jaaka a ne a bolela: ‘Ke ne ke rapela gore ke fenye tlwaelo eo mme go tswa foo ke lebelele dithulaganyo tseo lefa go ntse jalo. Jalo ke ne ka ikemisetsa go nna mo tirelong ya tshimo letsatsi lotlhe e le gore ke tle ke seka ka raelesega Labofelo ke ne ka fitlha mo ntlheng ya gore ke kgone go tima thelebishene mo mosong mme ke seka ka e bulela letsatsi lotlhe.’ Ee, mo godimo ga go rapelela go fenya bokoa jwa gagwe, o ne a tshwanelwa ke go berekela go bo fenya.
Thapelo le go Neela Bosupi ga Rona
17-19. (a) Ke dintlha dife tse di bontshang gore Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba dira tumalanong le dithapelo tsa bone? (b) Ke sekao sefe sa motho mongwe se se bontshang ntlha e e tshwanang?
17 Ga go na gope fa molao-motheo wa gore dithapelo di tlhoka ditiro o leng boammaaruri teng go feta mo tirong ya rona ya go rera kaga Bogosi. Ka gone, Basupi botlhe ba ga Jehofa ga ba rapelele go okediwa ga barobi fela mme gape ba dira ka natla mo tirong eo. Ka baka leo, ba nnile le koketsego e kgolo mo mafatsheng otlhe. Go elatlhoko sekai se le sengwefela fela: Ka 1930 go ne go na le mosupi wa ga Jehofa a le mongwefela fela yo o neng a rera mo Chile. Gompieno, Mosupi yo mongwefela yoo gaa nna makgolo a a some fela mme o ntse 30 000. (Isaia 60:22) A seno e ne e le matswela a dithapelo fela? Nnyaa, tiro le yone e ne e kopanyelediwa Ebu, ka 1986 fela, Basupi ba ga Jehofa mo Chile ba ne ba bereka dioura di feta 6 492 000 mo tirong ya go rera!
18 Seno se boammaaruri lefa tiro ya go rera e thibetswe. Basupi ga ba rapelele koketsego fela mme gape ba direla mo sephiring ba bo ba tswelela ba rera. Ka gone he, go sa kgathalesege kganetso ya semolao. go nna le dikoketsego mo mafatsheng ano. Ka gone, mo mafatsheng a le 33 ao Basupi ba ga Jehofa ba thulanang le kganetso eno ya semolao teng, mo ngwageng wa tirelo wa 1986 ba ne ba dira dioura tse di fetang 32 600 000 mo tirong ya bone ya go rera ba ba ba ipelela koketsego ya 4.6 lekgolong!
19 Legale, molao-motheo wa gore dithapelo di tlhoka ditiro o dira gape mo bathong ka bongwe. Re ka nna ra rapela Jehofa gore re bone thuto ya Bibela ya legae mme ra bo re sa dire gotlhe mo re ka go kgonang go e bona. Seo e ne e le boitemogelo jwa mmulatsela mongwe. Ka go bo a ne a na le thuto e le nngwefela ya Bibela, o ne a rapelela go nna le tse di oketsegileng A o ne a ema gone foo fela? Nnyaa, mme ka kelotlhoko o ne a seka-seka bodihedi jwa gagwe mme a fitlhela gore mo dipoelong tsa gagwe o ne a sa bue ka kgang ya go nna le thuto ya Bibela ya legae. Ka go simolola mo ntlheng e, ka bonako fela o ne a nna le dithuto tsa Bibela tse dingwe di le pedi.
20. Molao-motheo wa gore dithapelo di tlhoka ditiro o ka sobokanngwa jang?
20 Go ka neelwa dikai tse dingwe tse dintsi go supa gore dithapelo di tlhoka ditiro. Ka motlhala, go na le tseo di amanang le dikamano tsa botho mo lelapeng kana mo phuthegong. Mme dikai tse di sa tswang go buiwa di tshwanetse go thusa go phepafatsa gore dithapelo ruri di tlhoka ditiro. Seno se utlwala tota, ka gonne re ka seka ra solofela gore Jehofa Modimo a akanyetse ka kamogelo ditopo tsa rona fa re mo kgopisa ka boitshwaro jwa rona. Gape go a utlwala gore re tshwanetse go dira gotlhe mo re ka go kgonang tumalanong dithapelo tsa rona fa e le gore re tla solofela gore Jehofa a re direle se re ka sekang ra kgona go se itirela. Ka boammaaruri, melao-metheo ya ga Jehofa e botlhale ebile e siame. E a utlwala, mme ebile go dira tumalanong le yone go solegela rona molemo.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke patlafalo efe mabapi le thapelo e e neng ya tlodisiwa matlho ke ba le bantsi mo iseraeleng wa bogologolo?
◻ Ke ka ntlhayang fa Modimo o sa batle mo go feteletseng fa o batla gore re berekele le go rapelela seo re se eletsang?
◻ Ke dikao dife tsa bogologolo tse di bontshang gore batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba berekela mo go seo ba neng ba se rapelela?
◻ Gore Modimo o arabe go rapelela ga rona moya wa gagwe o o boitshepo le botlhale, re tshwanetse ra bo re dirang?
◻ Molao-motheo wa gore dithapelo di tlhoka ditiro o dira jang mo bodiheding jwa rona jwa tshimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Jesu a ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe go rapelela barobi ba ba oketsegileng. Mme gape o ne aba roma go ya go rera, kana go ya go ba ‘roba’
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
A o rapelela go thusiwa mo go laoleng go leba ga gago thelebishene? He dirisa molao-motheo wa gore dithapelo di tlhoka ditiro a go tima thelebishene ya gago