A Bakeresete ba Tshwanetse go Rwala Sefapaano?
“KE SE FILWE ke mmè.” “Ke selo sa senna.” “Ke se rwala jaaka mokgabisa fela.” “Ga ke je monate fa ke sa se rwala.” “Se ntshireletsa mo bosuleng.” “Ke kgabisa sekagale sa me ka sone fela.”
Go ne ga araba jalo batho ba le mmalwa ba ba neng ba bodiwa gore ke ka ntlhayang fa ba ne ba rwala sefapaano. Lefa ka mo go phepafetseng botlhe ba sa se rwalele go supa go ineela mo bodumeding, go rwala sefapaano ke feshene tota mo dikarolong dingwe tsa lefatshe. Le eleng basha ba Soyiet ba bonwe ba di rwele. Bontsi bo amanya sefapaano le go supa tumelo e kgolo, ka gonne, jaaka mosha mongwe a kile a bua, “Se boitshepo.”
A mme tota go tshwanetse gore Mokeresete a rwale sefapaano? A se supa tota-tota tsela e Jesu a suleng ka yone? Gape a go na le mabaka a a utlwalang a gore ga se a tshwanela go rwalwa jaaka mekgabisa fela? Go bona seo, a santlha re lebe kafa sefapaano se simologileng ka teng.
Sesupo sa Bokeresete?
O ka tswa o tsaya gore Bakeresete ke bone ba ntlha go dirisa sefapaano. Lefa go ntse jalo, The Encyclopedia Americana, e bua ka “go dirisiwa ga sone ga bogologolo ke Ma-Hindu le Ma-Buddha ka bobedi mo India le China, le ke Baperesia, Baasiria, le Bababelona.” Ka go tshwana, Chambers’s Encyclopaedia, (kgatiso ya 1969) e bolela gore sefapaano “e ne e le sekano seo se ne se na le ditlhaloso tsa bodumedi le tsa masaitsiweng bogologolo pele ga motlha wa Bokeresete.”
Tota, ga gona bosupi jwa gore Bakeresete ba ntlha ba ne ba dirisa sefapaano mo kobamelong ya bone. Mo go simologeng ga Bokeresete, sefapaano se ne se dirisiwa ke Baroma ba baheitane! The Companion Bible ya re: “Difapaano tseno di ne di dirisiwa jaaka ditshupo tsa modimo wa letsatsi wa Sebabelona, ebong . . . mme di bonwa la ntlha mo leding la ga Julius ansar, la 100-44 B.C., mme morago mo leding le le kwadilweng ke mojaboswa wa ga ansar (Augustus), ka 20 B.C.” Modimo wa tlholego wa Roma ebong Bacchus ka dinako tse dingwe o ne o tshwantshiwa o rwele serwalo se na le difapaano di le mmalwa.
Ke jang he, sefapaano se neng sa nna sesupo sa La-Bodumedi ka teng?
Constantine le Sefapaano
Ka 312 C.E. Constantine, yo o neng a busa karolo e jaanong e itsegeng jaaka France le Britain, o ne a bololela go ya go tlhabana le mogwe wa gagwe, Ma:centius, wa Italy. Mo tseleng go bolelwa a ne a bona ponatshegelo—sefapaano se go neng go kwadilwe mafoko “Hoc vince” mo go sone, a a rayang, “Fenya ka se.” Morago ga phenyo ya gagwe, Constantine o ne a dira gore sefapaano e nne sereto sa masole a gagwe. Fa kwa morago Bokeresete bo ne bo nna bodumedi jwa naga jwa Mmuso-mogolo wa Roma, sefapaano se ne sa nna sesupo sa kereke eo.
A mme tota ponatshegelo e e ntseng jalo e ne ya diragala? Dipego tsa polelo eno, e ka nna ya bo e le gore, ke magatwe fela mme ebile bontsi jwa tsone ga di dumalane. Ka papamalo, go ne go tla nna bokete go lemoga motho yo o sa tshwanelang tshenolo ya bomodimo go na le Constantine. Ka nako ya tiragalo eno e e akanyediwang, o ne a le moobamedi yo o tlhaga wa modimo wa letsatsi. Constantine o bile a baa dira gore letsatsi la Sontaga [Sunday] e nne letsatsi la kobamelo ya modimo wa letsatsi. Boitshwaro jwa gagwe morago ga se go neng go bolelwa e le go sokologa ga gagwe le jone bo ne bo sa supe mo go kalo fa a ne a ineetse tota-tota go dirisa melao-metheo e e siameng. Botshelo jwa gagwe bo ne bo tletse ka polao, boferefere, le dikeletso tsa bopolotiki. Go lebega gore mo go Constantine, Bokeresete e ne e se sepe fela fa e se leano la sepolotiki la go tshwaraganya bogosi jo bo kgaoganyeng.
Gape ga go na bosupi jo bo kalo-kalo jwa gore mofuta wa sefapaano se Constantine a se “bonyeng” ruri se ne se tshwana le selo seo Keresete a bolaetsweng mo go sone. Se se tshwantshitsweng mo mading a Constantine morago a neng a kwala mo go one ke difapaano tse di tshwanang le tlhaka ya X tse go kwadilweng “P” mo godimo ga tsone. (Bona setshwantsho.) Expository Dictionary of New Testament Words, e e kwadilweng ke W. E. Vine, ya re: “Fa e le ka Chi, kana X, eo Constantine a neng a bolela fa a e bone mo ponatshegelong e e neng ya mo gogela kwa go reng a tlotlomatse tumelo ya Bokeresete, tlhaka eo e ne e le khutswafatso ya lefoko ‘Keresete’ (mo puong ya Segerika) mme e ne e sa amane ka gope le ‘Sefapaano,’” ke gore, jaaka selo se batho ba bolaelwang mo go sone. Ebile tota, mofuta ono wa sefapaano o batlile o tshwana le setshwantsho sa boheitane sa modimo wa letsatsi.
Ke ka ntlhayang he, fa sefapaano se ne sa amogelwa motlhofo ke “Bakeresete”? Dictionary ya ga Vine e tswelela ka gore: “Magareng a lekgolo la boraro la dingwaga A.D dikereke di ne di tlogetse, kana di dira se se batlileng go tshwana, le dithuto tsa motheo tsa tumelo ya Bokeresete. E le gore go tle go okediwe tlotlomalo ya tsamaiso ya baruti ba batenegi, baheitane ba ne ba amogelwa mo dikerekeng kwantle ga go bo ba sokologile ka tumelo, mme ba ne ba letlelelwa ka botlalo go sa latlhe ditshupo le ditshwantsho tsa bone tsa boheitane. Ka gone Tau kana T, jaaka e kwalwa gantsi, ka karolo e e kgabaganyang e isitswe kwa tlase go sekae, e ne ya amogelwa go emela sefapaano sa ga Keresete.”
Go Simologa ga Sefapaano
A e ne e le go rata Keresete mo go neng ga dira gore sefapaano, mo motlheng ono wa morago, se nne selo se se tlotlegang go le kalo? Encyclopaedia of Religion and Ethics ya re: “Ka lekgolo la bone la dingwaga go dumela mo maselamoseng go ne ga amogelesega ka botlalo mo Kerekeng.” Fela jaaka maatla a maselamose, go dira lotshwao la sefapaano fela go ne go akanngwa gore ke “iphemelo e e tlhomamisegang mo badimoneng, le kalafi ya malwetsi otlhe.” Go dirisa sefapaano mo tumelo-botlhoding go tsweletse le mo nakong ya gompieno.
Go kgabaganya dingwaga, go ne ga nna le mefuta e ka nna 400 e e farologaneng ya difapaano. Sa ntlha, Keresete ka boene o ne a sa tshwantshiwa Go na le moo, go ne go tshwantshiwa mosha a tshotse sefapaano se se kgabisitsweng ka majana a a tlhwatlhwa-kgolo. Morago, go ne ga akarelediwa konyana. Ka 691 C.E., lekgotla la mo Trullo le ne la amogela “kafa molaong” sefapaano se se neng se bontsha tlhogo le mafatlha a lekau, mo boemong jwa konyana, mo godimo ga sefapaano Fa nako e ntse e ya seno se ne sa fetoga papolo—sefapaano se se nang le setshwantsho sa mmele wa ga Keresete.
A Keresete o Swetse mo Sefapaanong?
‘A mme Bibela ga e rute gore Keresete o ne a swela mo sefapaanong tota?’ motho o ka botsa jalo. Go araba seno, re tshwanetse go leba mo ditlhalosong tsa mafoko a mabedi a Segerika ao bakwadi ba Bibela ba neng ba a dirisa go tlhalosa selo se Keresete o swetseng mo go sone eleng: stau·rosʹ le xyʹlon.
The International Standard Bible Encyclopedia (1979) e ne ya bua jaana tlase ga setlhogo “Sefapaano”: “Lefoko la Segerika staurós le simologile le tlhalosa kota e e nang le motsu, e e tlhamaletseng e e epetsweng sentle fa fatshe. . . . Di ne di epelwa di tlhomagantswe di le mo ditseleng go dira legora kana lorako lo lo sireletsang go dikologa bothibelelo, kana fa di epelwa ka bongwe ka bongwe di ne di bewa jalo jaaka dilo tsa go bogisetsa batho tseo batlolamolao ba ba bosula ba neng ba kokotelwa mo go tsone go swa ka iketlo (kana, fa ba setse ba bolailwe, gore ditopo tsa bone di tlontlologe ka botlalo).”
Ke boammaaruri, Baroma ba ne ba dirisa selo sa go bolaela seo se neng se itsiwe ka Selatine jaaka crux. Mme fa go ne go ranolelwa Bibela mo Selatineng, lefoko leno crux le ne le dirisiwa jaaka thanolo ya stau·rosʹ. Ka baka la go bo lefoko la Selatine crux le lefoko la Sekgoa cross di tshwana, ba bantsi ka phoso ba tsaya gore crux tota e ne e le kota e e kokotetsweng e nngwe go e kgabaganya. Lefa go ntse jalo, The Imperial Bible-Dictionary ya re: “Le eleng gareng ga Baroma crux (eo lefoko la rona cross le tswang mo go lone) go lebega kwa tshimologong e ne e le kota e e tlhamaletseng, mme eno gantsi e ne e nna yone e kgolo.”
Buka ya The Non-Christian Cross e oketsa ka go re: “Ga go na lefa e le seele se le sengwefela mo mekwalong e mentsi e e dirang Testamente e Ntšha, seo, mo Segerikeng sa bogologolo, se neelang lefa e le bosupi jo bo sa tlhamalalang jwa gore stauros e e dirisitsweng mo kgannyeng ya ga Jesu e ne e le sepe fela fa e se stauros [legong kana kota] e e tlwaelegileng; lefa e le ntlha ya gore e ne e na le, eseng kota e le nngwefela, mme tse pedi di kokotetswe mmogo go dira sefapaano.” Keresete o ka tswa a ne a bapoletswe mo selong se se tshwanang le crux (stau·rosʹ) e e itsegeng jaaka crux simplex. Seo ke kafa kota ya go nna jalo e neng ya tshwantshiwa ke mokwadi wa Roman Catholic Justus Lipsius wa lekgolo la bo-16 la dingwaga ka teng.
Gotweng ka lefoko le lengwe la Segerika, ebong xyʹlon? Le ne la dirisiwa mo thanolelong ya Segerika ya Bibela ya Septuagint mo go Esere 6:11. Go Beibele (Thanolo e ntšha ya Setswana) e balega jaana: “Gape ke beile molao wa gore, motho mongwe le mongwe yo o nyatsang taelo e, a go somolwe pinagare mo tlung ya gagwe, e be e tlhongwe mme ene a pegwe mo go yona, mme ntlo ya gagwe e dirwe thotobolo ka ntlha ya gona moo.” Ka phepafalo, go ne go buiwa ka kota e le nngwefela, kana “pinagare.”
Baranodi ba le mmalwa ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika (ebong Tesetamente e Ntšha) ka gone ba ranola mafoko a ga Petere a a mo go Ditihō kgaolo 5:30 ka go re: “Modimo oa bo rraarona mogolo o tsositse Jesu, yo lo mmolaileng, ka go mo pega mo koteng [kana, “setlhareng,” go ya ka King James Version, New International Version, The Jerusalem Bible, le Revised Standard Version].” Gongwe o ka rata gape go tlhatlhoba kafa Bibela ya gago e ranolang Lefoko xyʹlon ka teng mo go: Ditihō 10:39; 13:29; Bagalatia 3:13; le 1 Petere 2:24.
Go Sepela ka Tumelo, Eseng ka Pono
Le eleng morago ga go tlhatlhobisa bosupi jono jwa gore Keresete ruri o swetse mo koteng, bangwe ba ka nna ba seka ba bona go na le phoso epe mo go rwaleng sefapaano. ‘Ke mokgabisa fela,’ ba ka nna ba rialo.
Lefa go le jalo, gakologelwa kafa sefapaano se dirisitsweng ka teng go kgabaganya ditiragalo—ebong jaaka selo se se dirisiwang mo kobamelong ya boheitane le ka ntlha ya poifo ya tumela-botlhodi. A go rwala sefapaano, le eleng jaaka mokgabisa fela, go ka dumalanngwa le kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e mo go 1 Bakorintha 10:14 e e reng: “Me ke gōna baratwa ba me, tshabañ kobamèlō ea medimo ea disètwa”?
Gotweng ka Bakeresete ba boammaaruri gompieno? Bone le bone, ba tshwanetse go ikelatlhoko mo tlhokegong ya ‘go ikeha mo medimong ya disetwa,’ jaaka Bibela e gakolola. (1 Yohane 5:21) Jalo ga ba tseye sefapaano e le mokgabisa o o tshwanetseng Ba gakologelwa polelwana ya ga moaposetoloi Paulo e e reng: “Go hutsegile moñwe le moñwe eo o pegilweñ mo setlhariñ,” mme ka gone ba bona go le botoka go akanya Keresete jaaka Kgosi e e galaleditsweng e e mo setilong sa Bogosi!—Bagalatia 3:13; Tshenolō 6:2.
Lemororo Bakeresete bano ba sa rwale difapaano, ba anaanela thata ntlha ya gore Keresete o ba swetse. Ba itse gore setlhabelo sa ga Keresete ke pontsho e e gakgamatsang ya “nonohō ea Modimo” le lorato lo lo sa feleng. (1 Bakorintha 1:18; Yohane 3:16) Mme ga ba tlhoke selo sepe se se bonalang se se tshwanang le sefapaano go ba thusa go obamela Modimo yono wa lorato. Ka gonne, jaaka Paulo a ne a kgothatsa, ba “sepela ka tumèlō, e señ ka pōnō.”—2 Bakorintha 5:7.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Sefapaano se fetogile selo sa diphetogo tse dintsi le mefuta go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Setshwantsho sa modimo wa Segerika Marsyas a buiwa a ntse a tshela se mo kutung ya setlhare—The Louvre, Paris