Patlo ya Ditsala tsa Boammaaruri
LEKAWANA lengwe le ne le gobetse mo go botlhole mo kotsing ya sethuuthuu. O ne a idibala dibeke di le dintsi mme a simolola go thanya ka bonya. “Fa ke ne ke na le ditsala tse dintsi tse di molemo jaaka ke na le batho ba ke tlwaelaneng nabo ke ne ke tle fola ka bonako,” a rialo. ‘Bontsi jwa ditsala tse ke neng ke na natso pele ga kotsi di ntlogetse. Mme ditsala tse di molemo di ka alafa tota.’
Seemo seno ke se se tlwaelegileng mo lefatsheng la gompieno le le senang botsala. Batho ba go ka bong go twe ke ditsala ba ka nna bantsi fa dilo tsotlhe di tsamaya sentle. Mme fa go nna le botlhoka-lesego, ba a nyelela. Gantsi ditsala tsa boammaaruri di thata go bonwa.
Lefa go le jalo, go nna le tsala e le nngwefela kana tse pedi tsa boammaaruri, tse di bothitho o dira pharologanyo e kgolo mo botshelong atho ba ba tlhalefetseng kgang eo ba re: “Go tlhokwa ga ditlamo tse di atamalaneng tsa botho ke setlhogo se segolo mo metlheng ya rona.” Gape le jaaka polelwana ya bogologolo e e baya: ‘Ditsala tsa botlhokwa ke tse di nnang teng fa di tlhokwa.’
Nako nngwe, batho ba ne ba amega thata ka ba bangwe ba bile ba iketleeleditse go thusa ditsala kana baagelani ba bone. Mme nako ya phetogo e kgolo ya Ntwa ya Lefatshe I e lerile go senyega ga kakaretso ga dikamano tsa botho. Jaanong go tlwaelegile boikutlo jwa go tlhoka tebogo, jwa bopeloethata, jwa ‘semphete ke go fete.’
Boemo jono jwa dilo jo bo utlwisang botlhoko bone jwa bolelelwa-pele dingwaga di le makgolo a le 19 tse di fetileng ka mafoko ano: “Mo metlheng ya bofelo o tla nna bokete thata go nna Mokeresete. gonne batho ba tla nna baithati fela le barati ba madi a bone; ba tla nna mabela ba bile ba le baipegi, ba kgala Modimo, ba sa utlwe batsadi ba bone, ba sa ba leboge, ba bile ba le bosula fela thata. Ba tla nna tlhogo e thata mme ba seke ba ineela mo go ba bangwe; ba tla nna baaki ba nako le nako le batho ba ba tsosang mathata mme ga ba kitla ba akanya ka gope ka boitsholo jo bo molemo. Ba tla nna bogale ba bile ba le setlhogo, mme ba tla kgala bao ba lekang go nna molemo. Ba tla oka ditsala tsa bone.”—2 Timotheo 3:1-4, The Living Bible.
A ponalo e e letobo mme e le ya boammaruri ya lefatshe la gompieno! Gape go bonala e re neela tsholofelo e e seng kae ya go bona ditsala tsa boammaaruri Lefa go le jalo, le eleng gompieno go ka kgonega go dira ditsala tsa boammaaruri. Mme abo di le botlhokwa jang ne! O ka ya go bone ka metlha go kopa thuso, kgakololo, le bolekane jo bo bothitho. Mme go botlhokwa go farologanya gareng ga ditsala tsa boammaaruri le tsa maaka.
Ga se “Ditsala” Tsotlhe tse Eleng tsa Boammaaruri
Lekawana le le golafetseng mo kotsing le le umakilweng kwa tshimologong e ne e le leloko la setlhopha sa kgwele ya dinao mme o ne a na le “ditsala” tse dintsi. Maloko a makgotla kana ditlhopha tse dipotlana gantsi ba dira botsalano jo bo itumedisang. Mme “botsala” jo bo ntseng jalo bo ka nna jwa seka jwa tlhomama mo go kalo. Gape go nna le “ditsala” tse dintsi mme di bo di go latlhegela tsotlhe go kgoba marapo tota, jaaka lekawana leo le ne la lemoga. Go nna le batho ba o tlwaelaneng nabo go motlhofo; mme go dira ditsala tsa boammaaruri ga go a nna jalo.
Batho ba ba humileng kana bao ba nang le maemo a a kwa godimo ba ka dira “ditsala” tse dintsi motlhofo. Jaaka Bibela e bolela: “Bahumi ba na le ditsala tse dintsi.” “Mongwe le mongwe o leka go gapa kamogelo ya batho ba ba tlotlegang; mongwe le mongwe o iphaka e le tsala ya bao ba abang dimpho.” (Diane 14:20; 19:6, Today’s English Version) Mme ke ba le kae ba bone ba maikutlo a bone e leng a ka kwantle fela? Mme fa batho ba ba nang le ditsala tse dintsi ba latlhegelwa ke khumo kana maemo, go ise go ye kae fela ba ka tlhoka ditsala gotlhelele.
Batho ba bantle mo popegong le bone gantsi ba nna le “ditsala” tse dintsi—bontsi jwa bone ba tlhotlhelediwa ke ponalo ya dilo. Mme “botsala” jo bo ntseng jalo bo ka utlwisa botlhoko tota gape bo ka nyelela mo pitlaganong e kgolo fela jaaka mouwane. Jalo go na le tlhokego e kgolo ya . . .
Go Tlhopha
Ee, go botlhale go kgetha ditsala. Ditsala tsa maaka gantsi ke batho ba ba loleme lo borethe thata ba dira ditiro tsa bolope ka boikutlo jo eseng jwa boammaaruri “Monna yo o jang wa gagabo ka loleme o mo thaisa ka letloa.”—Diane 29:5, The Jerusalem Bible.
Ka gone, akanya ka kelotlhoko kaga ditsala tseo o nang natso gompieno. A ba go tlhotlheletsa go dira molemo kana bosula? A ba ithatela dilo ba le bosi, ba a gatelela, kana ba boipono-botlhale? A ba dira dilo kwantle ga go akanya ba bile ba natehelelwa ke go itsenya mo dikotsing? Boikutlo jwa bone ke bofe tebang le batho ba bong jo bongwe? A ba maitseo le go tlotla kana ba itsalanya mo go fetang selekanyo, gongwe tota le go tlhoka boitsholo jo bo molemo? A ditsala tsa gago tsa gale di itshupile e le batho ba ba sa bueng boammaaruri, ba ba sa ikanyegeng? A ba dirisa diokobatsi? A ke matagwa? Fa go ntse jalo, o mo kotsing. O ka tswa o ikanyega, o le phepa, ebile o le boikokobetso, mme gakologelwa: “Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.”—1 Bakorintha 15:33.
Bodiphatsa jo bogolo jwa go nna le ditsala tse di bosula ke gore o tla ba etsa. Ka bonya, gongwe kwantle ga go lemoga, ditsela tsa bone le boikutlo di tla go tshasegela. Jaaka Bibela e bua: “Itsalanye le ba ba botlhale mme o tla nna botlhale. Fa o nna tsala ya batho ba ba dieleele, o tla senyega.”—Diane 13:20, TEV.
Go motlhofo go tsaya kgato e e phoso fa o batla ditsala. Mme o seka wa kgobega marapo. Go santse go na le dimilione tsa batho ba ba molemo, ba ba botsalano mo lefatsheng Jalo o ka bona jang ditsala tsa boammaaruri tse di ntseng jalo?
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Ditsala tsa gago di ka go tlhotlheletsa mo go golo