A O Kgotsofalela Dipaakanyetso tsa Semoya tsa ga Jehofa?
“Lo tlo lo nteke ka gōna, go bua Yehofa oa mashomōshomō lo bōnè bo ga nketla ke lo bulela dikgōrō tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesegō ye go se ketlañ go na Ie bonnō yo bo lekanyeñ go le baea.”—MALAKI 3:10.
1. Bontsi jwa dibopiwa tse di tshelang di kgotsofadiwa ka dipaakanyetso dife?
A O LESA go hema mowa, o tla swa mowa metsotsong e sekae. Fa o lesa go nwa metsi, o tla swa mo malatsing a sekae. Fa o lesa go ja dijo, o tla swa mo dibekeng di sekae. Fa o lesa go iphepa ka dipaakanyetso tsa semoya tsa ga Jehofa, he fa o o swa o tla bo o swetse ruri. Jehofa o re baakanyetsa ka mowa, metsi, le dijo tse ditshedi tsotlhe di di tlhokang. Ka gone, mopesalema o raya Jehofa a re: “U huporolola seatla sa gago, me u kgorise keleco ea ditshedi cotlhe hèla.” (Pesalema 145:16) Keletso ya bontsi jwa ditshedi e kgotsofadiwa ke dipaakanyetso tsa dilo tse di bonalang. Mme ga go a nna jalo ka dibopiwa tsa batho.
2. Keletso ya pelo ya motho ke eng, mme go tlhokega eng gore e kgotsofadiwe?
2 Jesu o ne a lemotsha seno fa a ne a re: “Motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.” (Mathaio 4:4) Dibopiwa tse di potlana ga di itse sepe ka bosakhutleng, mme motho ene o a itse, jaaka Moreri 3:11 e re: “Le gōna o tlhomile go akanya kaga bosakhutleñ mo peduñ tsa bōnè.” Kana jaaka Revised Standard Version e e ranola: “O tsentse bosakhutleng mo mogopolong wa motho.” Ka gone, keletso ya pelo ya motho ke go tshelela ruri, le e leng ka bosakhutleng Mowa, metsi, le senkgwe ka botsone ga di a lekana go dira jalo. Go tshelela ruri go tlhoka dipaakanyetso tsa semoya tse di thailweng mo “[lefokong] leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.” Gompieno, a bonwa mo bukeng e le nngwefela, e leng Bibela, mme a mantsi mo a sa kakeng a fela—sengwe le sengwe se o se tlhokang, go feta mo o ka kgonang go go tshola. Sebeelwa seno ga se ke se nna se sena sepe.
3. Jesu o ne a tlhomolola eng jaaka se e leng sa botlhokwa-tlhokwe, mme Paulo o ne e ithute sephiri sefe?
3 Jesu o ne a re ruta go rapelela dijo tse re di tlhokang ka go re: “Re neè gompiyeno seyō sa rona sa letsatsi.” Mme ka bokhutshwane morago ga moo o ne a baya dilo tsa semoya kwa pele-pele fa a ne a re: “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè.” (Mathaio 6:11, 33) Dijo tse di bonalang di re boloka re tshedile letsatsi le letsatsi; go nna re iphepa ka tsa semoya go ka re direla jalo botshelo jotlhe jwa rona, le e leng ka bosakhutleng. Jalo se tlhobaeleng kaga dilo tse di bonalang. Paulo o ne a sa tlhobaele. O ne a bua ka dijo tsa semoya tseo di neng di mo kgonisa gore a kgotsofale go sa kgathalesege maemo a dilo tse di bonalang, ka gore: “Ke ithutile bokwateñ yoa go kgora le go bolawa ke tlala, go atlanegelwa le go tlhōka. Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.”—Bafilipi 4:12, 13.
Tatlhego e Tlela ba ba sa Kgotsofaleng
4. Ke dipaakanyetso dife tse di neng di sa lekana mo bathong ba ntlha ba babedi, mme ba ne ba batle eng gape?
4 Lefa go ntse jalo, bontsi ga bo kgotsofadiwe ke dipaakanyetso tsa ga Jehofa. Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba sa kgotsofala. Ba ne ba nna mo tshingwaneng ya paradaise—lefelo le lentle le le neng le kgatlha matlho a bone, dithunya tse di nkgang monate tseo di neng di nkgisa phefo e ba neng ba e hema, dijo tse di monate tse di neng di ba rokotsa mathe, meopelo ya dinonyane e e neng e utlwala e itumedisa mo ditsebeng tsa bone. Mo godimo ga moo, ba ne ba na le tiro e e kgatlhisang ya go tlhokomela tshingwana ya bone, gammogo le lesego la go tlatsa lefatshe ka bana ba ba itekanetseng. Mme ba ne ba le bogagapa Seo Modimo a neng a se neetse se ne se sa lekana. Ba ne ba batla mo go oketsegileng. Ba ne ba batla go itirela diphetso tsa se se molemo le se se bosula. Jalo ba ne ba dira jalo, mme phetso ya ntlha fela e ba neng ba e dira e ne ya ba latlha, ya felela ka tatlhegelo ya sengwe le sengwe, sa bone le sa bana ba bone.—Genesise 3:1-7, 16-19.
5. Jehofa o ne a segofatsa Baisemele ka eng, mme ba ne ba ikutlwa jang?
5 Baiseraele ba ne ba etsa sekao sa bone se se bosula. Modimo o ne wa ba golola kwa botshwarweng jwa Egepeto, wa ba dira morafe, wa ba neela Molao o o itekanetseng, wa ba goga mo maetong a bone mo nageng, wa ba neela diaparo tse di neng di sa onale, mme ka kgakgamatso wa ba fepa ka mana a a neng a fologa kwa legodimong le metsi a a neng a phunyega mo thabeng. Mme ba ne ba sa kgotsofalela dipaakanyetso tsa ga Jehofa. (1 Bakorintha 10:1-5) Jaaka ba ne ba ntse ba tsamaya ba raletse naga, ba ne ba ngongorega nako le nako.—Ekesodo 13:21, 22; Dipalō 11:1-6; Duteronome 29:5.
6. Ke tsela efe e e neng ya lere tshenyego mo Baiseraeleng jaaka morafe?
6 Ba ne ba nna ba ngongorega le morago ga ba sena go bewa mo Lefatsheng la Tsholofetso—lefatshe la mmu o o ungwang, leo le neng le na le metsi a mantsi “ye le elañ mashi le dinotshe.” Ka ba ne ba santse ba sa leboge, ba santse ba sa kgotsofalela dipaakanyetso tsa ga Jehofa, ba ne ba tlogela kobamelo ya gagwe, ba retologela kwa kobamelong ya medimo ya disetwa ya go tlhakanela dikobo, ba isetsa bana ba bone Moleke ditlhabelo, mme ba itlisetsa tshenyego jaaka morafe. Morago ga ba sena go gololwa kwa botshwarweng jwa Babelona, ba ne ba latela dingwao tsa batho tse di neng di tlhokisa Lefoko la Modimo mosola. Ba ne ba felela ba bolaile Mesia wa bone yo o solofeditsweng ebong Keresete Jesu.—Duteronome 6:3; 8:7-9; Baatlhodi 10:6; 1 Dikgosi 14:22-24; 2 Dikgosi 21:1-16; Isaia 24:1-6; Mathaio 15:3-9; 27:17-26.
7. Baruti ba La-Bodumedi ba segompieno ba tsweletse jang ka tsela e e tshwanang le ya baperesiti ba ba sa ikanyegeng ba motlha wa ga Malaki?
7 Go fitlha mo motlheng ono setho ka kakaretso se tsweletse ka go rata dithuto tsa kobamelo ya maaka. Baruti ba nyatsa leina la ga Jehofa, mo ba bileng ba sa le dirise. Ba mo tlontlolola ka dithuto tse eseng tsa dikwalo tse di tshwanang le Tharo-Nngwe, go sa sweng ga moya, tlhokofatso ya bosakhutleng mo diheleng tsa molelo. Dithuto tsa bone ga di a kgotlelwa fela ka maaka a a tswang kwa Babelona wa bogologolo le Egepeto mme gape, gantsi, di sentswe ke go gana ga bone setlhabelo sa ga Keresete le go amogela thuto-tlhagelelo Ba amoga Jehofa pako e e mo tshwanetseng, fela jaaka go ne ga dira baperesite mo motlheng wa ga Malaki.—Malaki 1:6-8; 3:7-9.
8. (a) Baperesiti ba motlha wa ga Malaki le baeteledipele ba bodumedi ba segompieno ba ganne taletso efe? (b) Ke bomang ba ba neng ba arabela taletsong eo, mme ka phelelo efe?
8 Kwa morago koo Baiseraele ba ne ba kgothalediwa go intlafatsa le go boela kwa go Jehofa. “Boèlañ mo go nna me ke tla boèla kwa go lona,” Jehofa o ne a rialo. O ne a boa gape a ba laletsa jaana: “Lo tlo lo ntekè ka gōna, go bua Yehofa oa mashomōshomō, lo bōnè bo ga nketla ke lo bulèla dikgōrō tsa legodimo ke lo goromeletsa lesegō ye go se ketlañ go na le bonnō yo bo lekanyeñ go le baea.” (Malaki 3:7, 10) Go ne ga boa fela masalela a morafe wa Bajuda; gompieno, masalela a a ikanyegang a Iseraela wa semoya ba dule mo ditumelong tsa maaka tsa lefatshe leno. Bone, gammogo le boidiidi jo bogolo jo bo oketsegang jwa baobamedi ba bangwe ba seka-dinku, ba baka Jehofa jaaka Basupi ba gagwe. (Yohane 10:16) Jehofa o bolokile tsholofetso ya gagwe go bone mme o ba ‘buletse dikgoro tsa legodimo, le go ba goromeletsa lesego le go se kitlang go nna le bonno jo bo lekaneng go le baya’—moletlo o o tshwanetseng wa dijo tsa semoya!—Isaia 25:6.
Dijo tse Dintsi tsa Semoya
9. Gompieno go na le dipaakanyetso dife tsa semoya, ka tsela efe, mme ka phelelo efe?
9 “Motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yo Jesu a neng a mmolelela-pele mo motlheng wa rona o tshwaregile ka go baakanyetsa ka dijo tse dintsi tsa semoya. (Mathaio 24:45) Ngwaga o o fetileng fela, mo mafatsheng a a 208 le ditlhaketlhake tsa lewatle le ka dipuo tse 200, Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang didikadike tse tharo ba ne ba tsamaisa dipaakanyetso tseno tsa semoya ka maeto a ntlo le ntlo le ka go gasiwa ga makgolo a didikadike tsa dibuka, dimakasine, le Dibibela. Ba le bantsi ba ne ba di itseela dijo tseno tsa semoya mme ba di kgotsofalela: Go ne ga kolobediwa ba basha ba feta 225 000 mo ngwageng e le nngwefela!
10. Go na le dipaakanyetso dife tsa go utlwa kgakololo ya ga Paulo ya go phuthega mmogo?
10 Gape dipaakanyetso tsa semoya tsa ga Jehofa di bonetse ka tsela ya dikopano tsa kgaolo, dikopano tsa potologo, le dipokano tse tlhano tsa beke le beke tse di tshwarwang ka metlha mo diphuthegong tse di ka nnang 52 000 tsa Basupi ba ga Jehofa—botlhe ba utlwa kgakololo ya ga Paulo e e mo go Bahebera 10:25 ‘ya go sa bakeleng go phuthega mmogo.’
11. Ke eng se se bontshang tsela e e eletsegang ya go bakaanngwa ga dijo tsa semoya?
11 Fa mosadi a laleletsa baeng dijo, ga a apeye serwe sa nama ka metsi fela a bo a se baya mo sejelong. O dirisa dinatetsho le disouso go tsenya menate e e rokotsang mathe le mekgabiso e e kgatlhang fa e bonwa. Ponalo ya yone fela le lonko di lekane go rokotsa mathe le go a eledisa. Ke ka tsela eo dipaakanyetso tsa semoya tsa ga Jehofa di baakantsweng ka teng—eseng ka tsela e e sa utlwaleng, ya dikitso-kitso, mme e leng ka tsela e e monate e e itumedisang mogopolo le go ama pelo. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go latela sekao seo. “A tsèbè ga e leke mahoko, hèla yaka magalapa a tla a utlwe diyō?”—Yobe 12:11.
12. Re na le dikao dife tsa go baakanngwa ga dijo tsa semoya ka tsela e e fokotsang mathe?
12 Buka ya Theocratic Ministry School Guidebook mo thutong ya yone ya ntlha e gatelela go dirisiwa ga mafoko a a monate. Solomone gaa a ka a dirisa mafoko a a siameng fela mme gape o ne a dirisa le a a monate. (Moreri 12:10) Pesalema 45:2 e ne ya bolelela-pele jaana ka Mesia, ebong Jesu Keresete: “Bopelochweu bo tshecwe mo dipuonameñ tsa gago.” Go ne ga supega go ntse jalo. Bareetsi ba gagwe ba ne ba gakgamalela “mahoko a a monate a a cwañ mo molomoñ oa gagwè.” Ba ne ba nna ba mo sala morago go mo utlwa, ba tla go sa le gale kwa tempeleng go tla go mo utlwa, ba mo reetsa ka boitumelo, ba gakgamadiwa ke tsela ya gagwe ya go ruta. Basimegi ba ba neng ba romilwe go ya go mo tshwara ba ne ba bolela jaana: “Ga go e se go ko go bue motho opè yaka èna.” (Luke 4:22; 19:48; 21:38; Mareko 12:37; Mathaio 7:28; Yohane 7:46) Buka ya Guidebook e diretswe go re thusa go bua mafoko a a monate a boammaaruri A o e dirisa ka botlalo?
13. Baefesia 5:16-17 e gatelela ‘go sola lobaka molemo’ go le kana kang mme ke ka ntlhayang fa seno se gatelelwa?
13 Baefesia 5:15-17 e re gakolola ka go re: “Lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, e señ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale; Ka go shwèla [nako] molemō, ka metlha e, e boshula. Ke gōna se nneñ boeleele, me lo tlhaloganye go rata ga Morèna, go re, ke eñ.” Fano lefoko la Segerika le le ranotsweng “nako” ga le reye nako e e itsiweng ka kakaretso fela mme le supa nako e e beilweng, lobaka lwa nako lwa boikaelelo jo bo rileng. Lediri la Segerika le le ranotsweng “go shwèla” le dirisiwa ka tsela e e atologileng, mme “mo ditemaneng tseno go kane go raya ‘go dirisa thata’; ke gore, go dirisa sebaka sengwe le sengwe se se leng teng.”a A o dirisa nako nngwe le nngwe mo thulaganyong ya gago go itlhalefisa ka go arola mo dipaakanyetsong tsa semoya tsa ga Jehofa? O tshwanetse. Rotlhe re tshwanetse. Ka ntlhayang? “Ka metlha e, e boshula.”
Go Tswa Sekakeng sa Semoya go ya Paradaiseng ya Semoya
14. Ke temana efe ya Bibela e e len sekao sa karolo efe a Bibela ya rona ya puo ya Seesemane ya New World Translation Reference Bible?
14 Tlamelo e e tlhomologileng thata ya semoya ke Bibela ya rona ya New World Translation of the Holy Scriptures—With References, e e golotsweng ka 1984. E na le dikarolo di le dintsi tse di dirang gore go kgonwe go dirisiwa ‘lobaka lo lo swelwang molemo’ go oketsa kitso ya rona.b Sekai se sengwe ke go lebisa dikwalong tse dingwe ga yone. Tsaya Pesalema 1:3, e e buang ka boemo jwa motho yo o tlhatlhanyang mo molaong wa Modimo motshegare le bosigo. Temana eo e balega jaana: “O tla nna yaka setlhare se se tlhomilweñ mo dinokaneñ tsa metse, se se uñwañ louñō loa shōna mo motlheñ oa shōna, se lekakaba ya shōna, le yeōna, le se keñ le shwaba; me leha e le eñ se o se dihañ se tla segōhala.” Go na le mo gontsi, mo gontsi tota, mo temaneng eno go na le se mmadi yo o balang ka bonako a bo a feta a se bonang.
15. Go tsoga dipotso dife kaga setlhare sa Pesalema 1:3, mme Isaia 44:4 e neela tshedimosetso efe?
15 Tswee-tswee elatlhoko: Setlhare se jetswe. Ke mang yo o neng a se jala? Ke dinokana tsa metsi, tse dintsi. A setlhare se le sengwefela se tlhoga mo thoko ga dinokana di le mmalwa tsa metsi? Nnyaa. Jalo batlisisa. Go tewa eng ka setlhare seno? Ditemana tse go lebisiwang go tsone di re bula mogopolo. Ke Isaia 44:4,; 61:3 le Yeremia 17:8. Isaia 44:4 e bolela gore batho ba gagwe ba tla nna jaaka ditlhare mo “meeloñ ea metse.” Meelo e mentsi ya metsi? Kana, ee! Dinokana tsa metsi ke meelo e e nosetsang ditlhare tsa maungo!
16. Isaia 61:3 le Yeremia 17:8 di neela tlhaloso efe gape?
16 Isaia 61:3 e bitsa dingwe tsa ditlhare tseno “ditlhare tsa tshiamō, tse di tlhomilweñ ke Yehofa, gore a galalediwè.” Jehofa ke ene yo o di jalang le go di nosetsa, mme ke ene yo o galalediwang ke maungo a a tlhogang mo ditlhareng tseno! Yeremia 17:8 e tshwantsha motho yo o tlhatlhanyang mo molaong wa Modimo motshegare le bosigo le “setlhare se se tlhomilweñ ha metsiñ, se se namañ mecwe ha nokeñ, se se se ketlañ se boiha mogañ mogote o tlañ, me lekakaba ya shōna le tla nna letalana hèla; me ga se ketla se re ñwaga oa leuba sepè, leha e le go khutla mo go uñweñ.” Lekakaba la sone ga le ke le swaba; sengwe le sengwe se le se dirang se a atlega!
17. Jaanong go sedimoga eng malebana le Pesalema 1:3, mme rona re na le karolo efe mo go
17 Jaanong matlho a rona a a buduloga! Pesalema 1:3 e neela tshedimosetso e ntle. Bao ba tlhatlhanyang mo molaong wa ga Jehofa motshegare le bosigo ba tshwana le ditlhare tseo di jadilweng ke motswedi o o sekeng o kgala. Ga ba sa tlhole ba le karolo ya diphuthego tsa selefatshe tse di kgakgabetseng semoyeng mme jaanong ba kopanela le phuthego ya Modimo eo e sielwang metsi a a lapolosang a boammaaruri ka botlalo. Ruri, ba mo paradaiseng ya semoya, ba lapolosiwa semoyeng, mme ba ungwa maungo a semoya a a bakang Jehofa. Mme a ko o akanye fela! Modimo o dirisa Basupi ba gagwe go ntsha batho mo diphuthegong tsa selefatshe tse di kgakgabetseng, tsa komelelo, go tla paradaiseng eno e e lapolosang, e e nosediwang sentle ya semoya.
18. Bangwe ba ikutlwa jang fa ba bona ba bangwe ba le ditswerere thata mo go rereng, mme ke ka ntlhayang fa ba ka ne ba tlhaela?
18 Go kgona tiro eno ka botlalo, re tshwanetse go laola megopolo ya rona le dipelo e le gore re tle re kgone go dirisa dipaakanyetso tsotlhe tsa semoya tsa ga Jehofa. Bangwe ba utlwa ba bangwe ba tlhalosa ditemana tsa Bibela mme ba re: “Ekete ke ka bo ke itse Bibela jaaka ene!” Mme fa bano ba ne ba itaya gore ba ithute Bibela, le bone ba ka oketsa kitso ya bone ya Bibela. Bangwe ba utlwa ba bangwe ba rerela batho mme ba re: “Ekete ke ka bo ke kgona go rerela batho jaaka ene!” Mme fa ba itaya go arola ka metlha mo tirelong ya tshimo, ba dirisa buka ya Go Fetolana ka Dikwalo, le bone ba ka nna Basupi ba ba ditswerere thata. Bangwe ba utlwa ba bangwe ba neela dipolelo tsa Bibela mme ba re: “Ekete ke ka bo ke kgona go neela dipolelo jaaka ene.” Mme, gape, fa bano ba ne ba ka itaya gore ba baakanyetse dikabelo tsa bone tsa dipuo sentle, ba bala dithuto tsa buka ya Theocratic Ministry School Guidebook, le bone ba ka tswelelapele mo kgonong ya bone ya go bua.
19. Sekopololo sa go godisa dikgono tsa go rera ke sefe?
19 Jaanong, go eletsa ke selo se sentle, mme go eletsa kwantle ga go dira sepe ga go dire tiro ka bogone. Ke tiro e e dirang gore keletso e diragale. Itaye gore o swele sebaka molemo, mme o dire tiro e e dirang gore keletso e diragale. Fa o sa dirise mmele wa gago, o tla tsofala. Fa o sa dirise kgono ya gago, e tla nyelela. Fa o sa dirise mogopolo wa gago, kgono ya gago ya go akanya e tla nyelela. Fa o sa dirise kitso, o tla latlhegelwa ke seo o nang naso. Mo ntlheng nngwe le nngwe, molao ke, “Se dirise eseng jalo se tla go latlhegela.” ‘Maikutlo a thapisega ka go nna a dirisiwa.’ Gape “tlhalemaleye e tla gu tlhodumèla, tlhaloganyō e tla gu boloka.”—Bahebera 5:14; Diane 2:11.
20. Ka go dirisa dipaakanyetso tsa semoya tsaga Jehofa, re tla kgona go tila eng, mme re tla amogela eng?
20 Jalo dirisa ditlamelo tsa semoya tsa ga Jehofa. Itumele le batho ba gagwe ba ba kgotsofetseng. Tila leuba le le boleletsweng pele ke Amose ka go re: “Bōnañ metlha eè tla, go bua Morèna Modimo, ke tla cosa leuba mo lehatshiñ, e señ leuba ya diyō, leha e le lenyōra ya metse, ha e se leuba ya go utlwa lehoko ya ga Yehofa.” (Amose 8:11) Tlhakanela le bao be jang le go itumela, eseng bao ba ganang dijo mme ba tlhabiwe ke ditlhong: “Go bua Yehofa Modimo yana, a re, Bōnañ, batlhanka ba me ba tla ya, me lona lo tla bolawa ke tlala: bōnañ, batlhanka ba me ba tla nwa, me lona lo tla nyōrwa: bōnañ, batlhanka ba me ba tla itumèla, me lona lo tla tlhaywa ke ditlhoñ.”—Isaia 65:13.
[Dintlha tsa kwa tlase]
a Bona The New International Dictionary of New Testament Theology, Bolumo 1, tsebe 268, ka Colin Brown.
b Lo ka tswa lo ise lo nne nayo ka puo ya lona mme kwantle ga pelaelo o tla kgatlhwa ke go dirisa ga yone sekai se se fa godimo.
A O A Gakologelwa?
◻ Morafe wa lseraele o ne wa bontsha go sa kgotsofalele dipaakanyetso tsa ga Jehofa jang?
◻ Malaki 3:10 e diragaditswe jang mo Basuping ba ga Jehofa?
◻ Ke eng se se kaiwang ka botlalo ke Pesalema 1:3?
◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go dirisa dilo tse di ithutilweng mo dipaakanyetsong tsa semoya tsa ga Jehofa?
yone?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Bao ba tlhatlhanyang mo molaong wa ga Jehofa ba tsh ana lo ditlhare tse di jadilweng ko motswedi wa metsi o o se eng o kgala