Dipotso tse di Tswang go Babadi
Ke eng fa Jesu a ne a re mosokologi wa Bafarasai o ne a le “ñwana oa molete oa molelō eo o bileñ o gaisa . . . sebedi” wa Bafarasai?
Go bonala gore Baditšhaba ba ba neng ba sokologela mo lekokong la Batarasai la bodumedi jwa Sejuda ba ne ba bonwa molato thata. Bangwe ba bone ba ka tswa ba kile ba seka ba nna le kamogelo ya Modimo pele, mme ka go nna Bafarasai, ba ile ba seka ba amogelwa gotlhelele, ruri ba tshwanetse go ya tshenyegong mo Gehenna.
Mogogoro wa Hinome o ne o le mo borwafborwa-bophirima jwa dipota tsa Jerusalema. Ka dinako dingwe o ne o dirisiwa mo kobamelong ya medimo ya disetwa le ditlhabelo tsa batho. (2 Ditihalo 28:1-3; 33:1-6; Yeremia 32:35) Ka gone e ne ya nna letelo le go latlhelwang matlakala gone, gammogo le mebele ya dirukhutlhi tse di neng di lebiwa di sa tshwanela go fitlhiwa ka tebelelo ya tsogo.—Bapisa Mathaio 5:22.
The New Bible Dictionary (e e rulagantsweng ke J. D. Douglas, 1962) e bolela gore ‘mogogoro wa Hinome o ne o le kafa ntle ga Jerusalema. kwa bana ba neng ba isetswa Moleke setlhabelo ka go fisiwa ka molelo. O ne wa nna sesupo sa boperofeti sa katlholo mme moragonyana wa nna sa kotlhao ya botelo.’ John L. McKenzie wa Mo-Jesuit. mo go Dictionary of the Bible ya gagwe (1965), o oketsa ka gore: “ka ntlha ya [lefelo leno la kobamelo la ditlhabelo tsa batho] Jeremia o ne a hutsa lefelo leo mme a bolelela-pele gore e ne e tla nna lefelo la loso le ditiro tse di maswe (Jer 7:32; 19:6 ff). Mogogoro ono o o sa buiweng, ka leina mo go Is[aia[ 66:24, jaaka lefelo leo ditopo tsa batho ba ba suleng e le diganana kgatlhanong le Yahweh ba tla swelang mo go lone . . . Leta go ntse jalo. mo dikgatisong tsa boruti jwa Sejuda, molelo o o sa khutleng kwantle ga pelaelo ke katlholo ya bosakhutleng . . . [Gehenna] ke lefelo leo mebele le meya ya batho ba ba bosole e senngwang gone, mo gongwe go dumalanang le mogopolo wa go nyelediwa (Math. 10:28).”
Fa re bala dipolelo tse di tshwanang le Mathaio 15:1-8; Yohane 8:12-19, 31-41; 9:13-34; 11:45-53, re ka tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a re Bafarasai ba ne ba tshwanetse go nyelediwa, jaaka go tshwantshediwa ke Gehenna. Ke boammaaruri bangwe ba ka nna ba sokologa mme ba amogelwa ke Modimo, mme jaaka setlhopha. ba ne ba tshwanetswe ke tshenyego ya bosakhutleng Keresete o ne a re: “A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarasai, baitimokanyi! gonne lo dikologa lewatlè le lehatshe, gore lo tlè lo ikgapele motho a le moñwe hèla oa chaba: me e re a sena go hetolwa yalo, lo mo ntshe ñwana oa molete oa molelo eo o bileñ a gaisa lona sebedi.”—Mathaio 23:15.
Go ne go le maswe jalo ka Bafarasai ba Bajuda, mme bao ba neng ba nna basokologi ba ne ba tla nna ‘bana ba molete wa molelo ba ba bileng ba gaisa Bafarasai sebedi’ jang? Basokologi bano e ne e se Baditšhaba ba ba neng ba dumalana fela le Bajuda kana bao ba neng ba sokolotswe ebile ba rupisitswe. (Luke 7:2-10; Mareko 7:24-30; Ditihō 8:26-34; 10:1, 2) Nnyaa, Jesu o ne a sa bue ka basokologi ba tumelo ya Sejuda mme o ne a bua ka basokologi ba Bofarasai jwa boitimokanyi. Seemo sa bone e ne e le se se ntseng jang?
Bangwe ba bano ba ka nna ba tswa e ne e le ba dira-dibe ba bagolo pele kana bafeteletsi ba baobamedi ba medimo ya bodimona, ka gone ba latlhegelwa ke kamogelo ya Modimo mo go masisi. Gongwe bangwe ba ne ba tshwanetswe ke Gehenna ka ntlha ya gore ka tsela nngwe ba ne ba leofetse moya wa Modimo. (Mathaio 12:32) Fa seemo sa bone fa pele ga ga Jehofa se ne se ise se tle mo maemong ao, ba ne ba tsaya kgato e e isang kwa masweng. Ba ne ba tetolwa go latela bofeteletsi jwa Bafarasai. Basokologi bano ba ne ba inwetsa mo tirelong ya boitimokanyi le dipono tse di feteletseng tse ebileng di senya boitsholo jo bontle jo bo molemo le boammaaruri tse basokologi ba bangwe ba tumelo ya Sejuda ba ka bong ba ile ba nna le tsone. Go bonala gore basokologi bano ba Bafarasai ba ne ba feteletsa thata go gaisa baruti ba bone ba ba atlhotsweng. Ka gone fa Bafarasai ba Sejuda e ne e le ‘bana ba Gehenna,’ basokologi bano ba ne ba feta moo kana, jaaka Jesu a ne a tlhalosa, ba ne ba feta moo sebedi.
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 31]
(Go bona mokwalo o o feletseng,leba kgatiso)
MAP OF FIRST-CENTURY JERUSALEM
TEMPLE AREA
VALLEY OF HINNOM (GEHENNA)
[Setshwantsho]
Bontlhanngwe jwa mogogoro wa Hinome gompieno
[Motswedi wa Tshedimosetso]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.